Jump to content

Jomo Kenyatta

Go tswa ko Wikipedia
Jomo Kenyatta
Kenyatta ka ngwaga wa 1966
Wa ntlha Tautona wa lefatshe la Kenya
In office
Morule a le lesome le bobedi ngwaga wa 1964  Phatwe a le masome mabedi le bobedi ngwaga wa 1978
Vice PresidentJaramogi Oginga Odinga
Pele Ga GagweQueen Elizabeth wa bobedi go tswa ka 1963 go tsena 1964
Morago Ga GagweDaniel arap Moi
MonarchElizabeth wa bobedi
Morago Ga GagweRaila Odinga
modulasetilo wa kenyan African union (KANU)
Pele Ga GagweJames Gichuru
Morago Ga GagweDaniel arap Moi
Ka Ga Ena
O tsetsweMamau wa Muigai
pele ga 1897
Ngenda
Mosetshaba wakenyan
MokgatlhoKenya African National Union (KANU)
Mo/BakapeloGrace Wahu ba nyalane ka 1919, Edna Clarke ba nyalane ka 1942, Grace Wanjiku ba nyalane ka 1950
Banaba robabobedi ba akaretsa Margaret Kenyatta o o tshotsweng ka 1928, Uhuru Kenyatta, Nyokabi Kenyatta le Muhoho Kenyatta
Tshaeno

Jomo Kenyatta (o o tshotsweng ka ngwaga wa 1897 a tlhokafala ka wa 1978, kgwedi ya Phatwe e le masome mabedi le bobedi) e ne e le molweladitshwanelo o o kgatlhanong le bokolone, ebile e le lepolotiki le le neng le eteletse pele lefatshe la Kenya, gape e le tonakgolo wa lone go tswa ka ngwaga wa 1963 go tsena ka wa 1964, a nna tautona wa lone wa ntlha ka ngwaga wa 1964 go fitlhelela a tlhakafala ka ngwaga wa 1978. O nnile le seabe se setona mo phetogong ya lefatshe la Kenya go tswa mo bokoloneng jwa bogosi jwa Britain go nna lefatshe le le ipusang. Mo mogopolong e ne e le motho o o dumelang mo go ikemeleng ga Aforika, o ne a etelela pele phathi ya sepolotiki ya Kenya African National Union (KANU) go tswa ka ngwaga wa 1961 go fitlhelela a tlhokafala.

Kenyatta o tshotswe ke balemi barui kwa Kiambu kwa British East Africa. O dirile dithuto tsa gagwe kwa sekolong sa borongwa, o berekile ditiro tse di farologaneng pele ga a tsaya karolo mo go tsa polotiki ka mokgatlho wa Kikuyu central Association. Ka ngwaga wa 1929, o ne a tsaya loeto go ya London go buelela dikgang tsa lefatshe la Kikuyu. Ka dingwaga tsa 1930, o ne a ya sekolong kwa sekolong se segolwane sa ithutelo ditiro sa Communist University of the Toilers of the East kwa London, le sekolo sa itsholelo sa London. Ka ngwaga wa 1938, o ne a gatisa buka ya thuto ya botshelo jwa Kikuyu pele ga a bereka e le modiri wa tshimo kwa Sussex ka nako ya ntwa ya bobedi ya mafatshe. A tlhotlhelediwa ke tsala ya gagwe George Padmore, o ne a amogela dikakanyo tsa go nna kgatlhanong le bokolone le Aforika o o tshwaraganeng, a rulaganya le ba bangwe bokopano jwa Aforika o o kopaneng jwa ngwgaa wa 1945 kwa Manchester. O ne a boela kwa Kenya ka ngwaga wa 1946 a nna mogokgo wa sekolo. Ka ngwaga wa 1947, o ne a tlhophiwa go nna tautona wa lekgotla la polotiki la Kenya African Union, le a neng a buelela kgololesego go tswa mo molaong wa bokolone wa Britain, a kgatlha kemo nokeng ya beng gae mme a bona letlhoo go tswa mo bathong basweu ba ba thibeletseng koo. Ka ngwaga wa 1952, o ne a nna mongwe wa batho ba le barataro ba Kapenguria ba ba neng ba tshwarwa ba lebisiwa molato wa go etelela pele botsuolodi jwa Mau Mau. Le ntswa a ne a buelela go sa nne molato ga gagwe, mo go neng go dumalanwa ke baitseanape ba ditso o ne a lebisiwa molato. O ne a nna mo kgolegelong kwa Lokitaung go fitlha ka ngwaga wa 1959 mme morago a tshabisediwa kwa Lodwar go fitlhelela ka ngwaga wa 1961.

Fa a gololwa, Kenyatta o ne a nna tautona wa KANU a isa phati eo kwa phenyong mo diltlhophong tsa ngwaga wa 1963. Fa a le tona, o ne a okamela phetogo ya kolone ya Kenya go ya go nna lefatshe le le ikemetseng, le a neng a nna tautona wa lone ka ngwaga wa 1964. A eletsa lefatshe la phathi e nngwefela, o ne a neela dithata tsa gagwe tsa kgaolo puso ya legare, a fokotsa go sa dumalane le puso, a bo a iletsa ba bakgatlhanong le bone ba kenya People's Union ba ga Oginga Odinga go phadisana mno ditlhophong. O ne a rotloetsa go agisana ga batho ba merafe ya mo gae le ba Europe ba ba palo potlana, le ntswa botsalano jwa gagwe le batho ba India ba kwa Kenya bo ne bo sa iketla, sesole sa kwa Kenya se ne sa gogagogana le batho ba Somalia kwa kgaolong e e kwa bokone botlhaba ka nako ya ntwa ya Shifta. Puso ya gagwe e ne ya lwela melao ya itsholelo ya go nna le ditsa gago ga batho le go dira itsholelo ya se Aforika, a itsa batho ba e seng beng gae go laola mehama ya boremelelo. Thuto le botsogo di ne tsa atolosiwa, fa go aba lefatshe le le dirisang madi a United Kingdom go ne go tlhopha batho ba KANU go bo go gakatsa dikgotlhang tsa semorafe. Ka fa tlase ga puso ya ga Kenyatta, lefatshe la Kenya le ne la kopana le lekgotla la African Unity le mafatshe a selekane, ba dumalana ka molao o o emang nokeng bophirima le go nna kgatlhanong le bosetšhaba ka nako ya ntwa ya United States le Soviet Union. Kenyatta o ne a tlhokafala a le mo ofising, a tlhatlhamiwa ke Daniel arap Moi. Ngwana wa ga Kenyatta wa mosimane Uhuru le ene o ne a nna tautona morago.

Kenyatta e ne e le motho o o manganga. Pele ga boipuso jwa Kenya, botsi jwa batho basweu ba ba neng ba nna koo ba ne ba mmitsa motsosa ntwa le motho o o sa kgotsafaleng motlhofo, le ntswa go kgabaganya Aforika a ne a tlotliwa e le motho o kgatlhanong le kgatelelo ya bokolone. Ka nako ya botautona jwa gagwe, o ne a neelwa maemo a tlotla a Mzee le a rraagwe lefatshe, a bona kemo nokeng ya batho bantsho le palo potlana ya batho basweu ka molaetsa wa gagwe wa kagisano. Molao wa gagwe o ne o kgalwa o supiwa e le bobusa nosi, ebile a tseela batho ba Kikuyu kwa godimo ga merafe e mengwe, le go anamisa go golela pele ga tshenyetso setšhaba.

Botshelo jwa pele

[fetola | Fetola Motswedi]

Fa a santse a le mmotlana

[fetola | Fetola Motswedi]
Ntlo ya setso ya Kikuyu, e Kenyatta a ka tswang a nnile mo go yone kwa Ngenda

E le leloko la batho ba Kikuyu, Kenyatta o ne a tshotswe ka leina la Kamau kwa motsaneng wa Ngenda.[1] Go ne go sa bewe ditokomane tsa matsalo ka nako eo mo bathong ba Kikuyu, ka jalo matsalo a ga Kenyatta ga a itsiwe. [2]Mokwadi wa matshelo a batho Jules Archer, o ne a re o akanyetsa a kwa a tshotswe ka ngwaga wa 1980 kgotsa 1981,[3] le ntswa patlisiso e e tseneletseng ya ga Jeremy Murray-Brown e supa fa a ka tswa a tshotswe ka ngwaga wa 1897 kgotsa 1898.[4] Rraagwe kenyatta o ne a bidiwa Muigai, mmaagwe e le Wambui.[1] Ba ne ba nna kwa lolwapeng lo lo gaufi le noka ya Thiririka, kwa ba neng ab lema dijalo ba ruile dinku le dipodi.[1] Muigai o ne a na le khumo e e lekaneng go nyala basadi ba le bantsi, mongwe le mongwe wa bone a nna mo ntlong ya gagwe.[5]

Kenyatta o godisitswe ka ngwao ya Kikuyu le tumelo, o rutilwe ditiro tsa go disa dihutshane tsa lolwapa.[6] Fa a le dingwaga di le lesome, o ne a phungwa ditsebe go supa fa a godile.[7] Wambui o ne a nna le ngwana o mongwe wa mosimane, ebong Kongo,[8] mo nakong e khutshwane pele ga Muigai a tlhokafala. A tshegeditse ngwao ya Kikuyu, Wambui o ne a nyalwa ke monnawe monna wa gagwe ebong Ngengi. Kenyatta o ne a tsaya leina la Kamau wa Ngengi.[9] Wambui o ne a tsholela monna wa gagwe o mošha ngwana wa mosimane, o le ene ba mmiditseng Muigai. [8]Ngengi o ne a sa rate basimane ba bararo ba a ba sotla, Wambui a tsaya tshwetso ya go tsaya ngwana wa gagwe o monnye go nna le batsadi ba gagwe kwa bokone. O tlhokafaletse koo, Kenyatta o a neng a rata Muigai thata o ne a tsaya loeto go tsaya monnawe.[8] kenyatta o ne a ya go nna le rragwemogolo, Kongo wa Magana, a mo thusa mo tirong ya gagwe ya go nna ngaka ya setso.[10]

Ka Ngwanatsele ngwaga wa 1909, Kenyatta o ne a tswa kwa lwapeng a ya go ikwadisa e le moithuti kwa sekolong sa borongwa sa kereke ya Scotland kwa Thogoto.[11] Barongwa ba ne ba tlhoafaletse baKeresete ba ba neng ba dumela gore go tsisa SeKeresete kwa bathong ba mo gae kwa botlhaba jwa Aforika ke bontlha bongwe jwa thomo ya Britain ya go tlhabolola. Fa a le koo, Kenyatta o ne a nna kwa sekolong se se nang le boroko, kwa a neng a ithuta dipolelo tsa baebele, a rutiwa le go bala le go kwala ka puo ya English. O ne a dira ditiro tsa borongwa di akaretsa go tlhatswa dijana le go tlhagola ditshingwana. Morago monnawe ebong Kongo le ene o ne a tla kwa sekolong seo. Baithuti fa ba nna koo lobaka, ba ne ba tlelwa ke go ila ka fa barongwa ba Britain ba neng ba ba tshwara ka teng.

Tswelelopele ya dithuto ta ga Kenyatta e ne e le ntle thata, ka Phukwi ngwaga wa 1912, o ne a nna mothusi wa mmetli wa kwa sekolong seo. Ngwaga one oo, o ne a supa fa a itlamile mo SeKereseteng a simolola go dira katekesima. Ka ngwaga wa 1913, o ne a dira tirelo ya go kgaola letlalo la bonna; barongwa ba ne ba sa dumalane le tiro e, mme go ne go le botlhokwa mo ngwaong ya Kikuyu, ka Kenyatta jaanong o ne a bonwa e le mogolo.[12] Fa a kopiwa go tlhopha leina la SeKeresete le a tlaa le dirisang morago ga kolobetso, o ne a itlhophela maina a John le Peter jaaka barutwa ba ga Jeso. Barongwa ba ne ba mo pateletsa go tlhopha le le lengwefela, a tlhopha Johnstone, letlapa le le tlhophilweng go supa Peter. O ne a kolobediwa ka leina la Johnstone Kamau ka Phatwe ngwaga wa 1914. Morago ga kolobetso, Kenyatta o ne a fuduga kwa matlong a borongwa a ya go nna le ditsala tsa gagwe. Ka a ne a feditse thutu ya gagwe ya bobetli, Kenyatta o ne a kopa gore thomo e mo letle a nne moithuti wa go aga ka matlapa, mme ba gana. O ne a kopa gore borongwa bo mmuelele gore a batle tiro, mme moronmgwa o motona o ne agana ka go ne go na le kakanyetso ya go tlhoka boammaruri.

Nairobi: 1914 - 1922

[fetola | Fetola Motswedi]

Kenyatta o ne a fudugela kwa Thika, kwa a bereketseng feme ya bo injineere ya ba Briton John Cook. Mo maemong a, o ne a fiwa tiro ya go latela madi a kompone kwa bankeng ya Nairobi. Kenyatta o ne atlogela tiro fa a lwala thata; o ne a fola a le kwa ntlung ya tsala ya gagwe kwa borongweng jwa Tumutumu. Ka nako eo, bogosi jwa Britain bo ne bo le mo ntweng ya ntlha ya lefatshe, sesole sa Britain se ne se thapile batho ba Kikuyu ba le bantsi. Mongwe wa ba ba neg ba se tsenelela ke Kongo, o a neng a nyelela ka nako ya kgotlhang; ba lolwapa lwa gagwe ga ba ise ke ba itse gore o feletse kae. Kenyatta o ne a seka a tsenelela sesole, jaaka batho ba bangwe ba Kikuyu o ne a fuduga a ya go nna le batho ba morafe wa Maasai, ba ba neng ba ganne go lwela batho ba Britain. Kenyatta o ne a nna le lolwapa lwa ga mmangwaneagwe o a neng a nyetswe ke kgosi ya Maasai, a sala morago ngwao ya Maasai,a apara diaparo tsa bone di akaretsa lebante la sebaga le le itsiweng jaaka Kinyata mo puong ya Kikuyu. Ka nako nngwe, o ne a ipitsa Kinyata kgotsa Kenyatta jaaka seaparo sa gagwe.

Ka ngwaga wa 1917, kenyatta o ne a fudugela kwa Narok, kwa a neng a tsaya karolo mo go iseng diruiwa kwa Nairobi, pele ga a fudugela Nairobi go ya go bereka mo lebentleleng le le rekisang didirisiwa tsa temo. Mo maitseboeng o ne a tsenelela dithuto kwa sekolong sa borongwa. Morago ga dikgwedi o ne a boela kwa Thika pele ga a ka thapiwa go agela borongwa matlo. O nnile kwa Dagoretti ka nakwana, kwa a neng a nna mogakaganyi wa kgosi ya koo, Kioi ka ngwaga wa 1919 o ne a thusa Kioi go isa kgang ya ga Kioi ya lefatshe kwa kgotlatshekelong. A eletsa go nna le mosadi, kenyatta o ne a ratana le Grace Wahu, o a nenga tsene sekolo kwa CMS kwa Kabete; pele o ne a fudugela kwa lolwapeng lwa bo Kenyatta, mme morago a ya kwa Dagoretti le Kenyatta fa Ngengi a mo koba. ka kgwedi ya Ngwanatsele e le masome mabedi ngwaga wa 1920, o ne a tshola ngwana wa mosimane wa ga Kenyatta, Peter Muigui. Ka Phalane ngwaga wa 1920, Kenyatta o ne abidiwa fa pele ga Thogota Kirk a seegelwa fa thoko mo go jeng selalelo; tsheegelo fa thoko e e ne e le go tsibogela go nwa bojalwa ga gagwe le botsalano jwa gagwe le Wahu jo o neng bo dirwa kwa ntle ga lonyalo. kereke e ne ya gatelela gore lonyalo lwa setso sa Kikuyu lo tlaa bo lo sa lekana, o tshwanetse go nyala ka SeKeresete; se se ne sa diragala ka ngwanatsele a robabobedi ngwaga wa 1922. Kenyatta pele o ne a ganne go emisa go nwa, mme ka Phukwi ngwaga wa 1923 o ne a emisa bojalwa semmuso a letlelelwa go boela mo selalelong.

Ka kgwedi ya Moranang ngwaga wa 1922, Kenyatta o ne a simolola go bereka e le mokwaledi wa lebentlele gape a bala mithara wa ga Cook o a nenga thapilwe go nna wa metsi ke khansele ya Nairobe. O ne a amogela madi a a ka nang ka diponto di le lesome le bobedi kgotsa lesome, a lekana le diponto di le makgolo a robabobedi, masome a marataro le bobedi ka ngwaga wa 2023) ka kgwedi, e le madi a a kwa godimo thata mo mothong wa Aforika, mo go neng ga mo thusa go ikemela. kenyatta o ne a nna go bapa le Kilimano kwa Nairobi, le ntwa a ne a aga ntlo e nngwe kwa Dagoretti; o ne are ntlo e ke lebentlele la kinyata ka a ne a e dirisa go baya didirisiwa tsa lefelo leo. O ne a na le madi a a lekaneng mo a neng a kgona go adima bakwaledi ba diofisi ba Europe madi, ebile a kgona go ipelela botshelo jwa kwa Nairobi, jo bo nneg bo akaretsa go ya go lebelela ditshwantsho tsa motshikhinyego, kgwele ya dinao le go reka diaparo tsa kwa Britain.

Lekgotla la Kikuyu Central Association: go tswa ka 1922 go tsena 1929

[fetola | Fetola Motswedi]

Maikutlo a go nna kgatlhanong le bogosi a ne a ile kwa godimo mo bathong ba mo gae le ba lotso lwa India kwa Kenya morago ga ntwa ya boipuso le tharabolo ya Russia ya kgwedi ya Phalane. Bontsi jwa ma Aforika a a tlholegileng mo Aforika a ne a sa rate go nna a tshotse dipampitshana tsa sesupo ka dinako tsotlhe, ba idiwa go lema setlhare ka kofi, le go dule makgetho ba sena baemedi ba sepolotiki. Diphuduso tsa sepolotiki di ne di diragala kwa Kikuyuland - lefelo le le neng le nniwa thata ke batho ba Kikuyu morago ga ntwa ya ntlha ya mafatshe, gareng ga tsone ya bo e le matsholo a ga Harry Thuku le lekgotla la botlhaba jwa Aforika, kwa phelelong ga nna le kganyaolo ua puso ya batho ba ba neng ba gwanta ba le masome mabedi le motso ka kgwedi ya Mopitlo ngwaga wa 1922. Kenyatta o ne a sa tsaya karolo mo ditiragalong tse, gongwe a direla gore a seka a kganela go thapiwa gagwe.

Kgatlhego ya ga Kenyatta mo polotiking, e ne e tswa mo botsalanong jwa gagwe le James Beauttah, nothing wa maemo mo lekgotleng la Kikuyu Central Association (KCA). Beauttah o ne tsamaya le Kenyatta kwa bokopanong jwa sepolotiki kwa Pumwani, le ntswa se se ne sa baka go tsaya karoll gope ka nako eo. Ka ngwaga wa 1925 kgotsa 1926 a simologa, Beauttah o ne a fudugela kwa Uganda, mme a tswelela a ntse. buisana le Kenyatta. Fa lekgotla la KCA le kwalela Beauttah le mo kopa go ya London go ba emela, o ne a gana, mme a ba akantsha gore Kenyatta o a neng a itse puo ya sekgoa, o ka tsamaya mo boemong jwa gagwe. Kenyatta o ne a dumalana, gongwe ka tumalano ya gore lekgotla le tla mo duela madi a a kanang ka a neng a a duelwa kwa tirong ya gagwe ya Pele. Ka jalo o ne a nna mokwaledi wa setlhopha seo.

Go na le kgonagalo ya gore KCA e ne ya rekela Kenyatta sekuta, se a neng a se dirisa go tsamaya mo Kikuyuland le mafelo a a mabapi a a neng a nniwa ke batho ba Meru le Embu, a thusa go bula diofisi tse dingwe tsa KCA. Ka Tlhakole ngwaga wa 1928, o ne a nna mongwe wa phathi ya KCA ba ba neng ba etela ntlo ya puso kwa Nairobi go ntsha bosupi fa pele ga komiti ya Hilton Young, e ka nako e neng e akanya ka go kopanya mafatshe a Kenya, Uganda le Tanganyika. Ka Seetebosigo, o ne a nna bontlha jwa setlhopha sa KCA se se neng sa ema mo Pele ga komiti e e tlhophilweng ya khansele ya Kenya go bua ka matshwenyego a go simololwa ga batho ba ba etelelang Pele dikgang tsa lefatshe. Ba itsisitswe ke molaodi wa Britain kwa Kenya, Edward Griggs,  batho ba ba eteletseng Pele dikgang tsa mafatshe ba tlaa tshwarelela merafe yotlhe mafatshe a a mo dipolokelong tsa beng gae. KCA le lekgotla la Kikuyu botlhe ba ne ba le kgatlhanong le kgang eo, ka ba ne ba tshwara lefatshe la Kikuyu jaaka ekete ke la batho botlhe, go na le go lemoga gore ke la beng ba lone ka bongwe ka bongwe. Ka Tlhakole gape, ngwana wa gagwe wa mosetsana Wambui Margaret o ne a belegwa. Ka nako e o ne a dirisa leina la Kenyatta thata, ka le ne le supa bo Aforika go na le Johnstone.

Ka Motsheganong ngwaga wa 1928, KCA e ne ya simolola pampiri ya dikgang ya puo ya Kikuyu ya Muigwithania (lefoko le le ranolwang gote moagisanyi kgots mokopanyi), e mo go yone go neng go gatisiwa dikgang, ditsebe le dithero. Maikaelelo a yone e ne e le go thusa go agisanya batho ba Kikuyu le go kgobokanyetsa KCA madi. Kenyatta o ne a kwadilwe e le morulaganyi wa kgatiso eo, le ntswa Murray Brown a ne a supa fa e ne e se ene o o eteletseng pele le gore ditiro tsa gagwe di ne di felela mo go ranoleleng kwa puong ya Kikuyu. Kenyatta ka a ne a itse gore Thuku o tshabiseditswe bolweladitshwanelo jwa gagwe, o ne a bolotsa letsholo a le kelotlhoko, mo pampiring ya Muigwithania o ne a supa kemo nokeng ya dikereke, balaodi ba dikgaolo le dikgosi. O ne a galaletsa le bogosi jwa Britain, a supa fa: "selo sa ntlha ka bogosi ke gore batho botlhe ba busiwa ka tekatekano, sa bobedi ke gore ga gona ope o o tshwarang jaaka lekgoba, mongwe le mongwe o gololesegile go dira se a se ratang a sa kganelwe ke ope." Se se ne sa seka sa kganela Grigg go kwalela babusi ba Lontone a kopa tetla ya go emisa pampiri e.

Kwa moseja

[fetola | Fetola Motswedi]

Lontone: go tswa ka 1929 go tsena 1931

[fetola | Fetola Motswedi]

Morago ga KCA e sena go kgobokanya madi, ka Tlhakole 1929 Kenyatta o ne a tsamaya ka sekepe go tswa Mombasa go ya Britain. Tsamaiso ya ga Grigg e ne e sa kgone go emisa loeto lwa ga Kenyatta, mme ba ne ba kopa ofisi ya bokolone ya London gore ba seka ba mo kopantsha. Pele o ne a nna kwa matlong a lekgotla la baithuti ba bophirima jwa Aforika kwa bophirima jwa Lontone, kwa a neng a kopaba le Ladipo Solanke. O ne a tloga a ya go nna le mosadi o a neng a gweba ka mmele; golo mo le go tshameka ka madi ga ga Kenyatta go ne ga tshwenya mokgatlho wa borongwa jwa Kereke. O a neng a mo file boroko o ne a gapa dithoto tsa gagwe ka a ne a sa duela sekoloto. Kwa toropong, Kenyatta o ne a kopana le W. McGregor Ross kwa mokgatlhong wa Royal Empire, Ross a mmolelela ka gore o ka dirisana jang le ofisi ya bokolone. Kenyatta o ne a nna tsala le lolwapa lwa ga Ross, a tsamaya le bone go ya meletlong ya botsalano kwa Hampstead. O ne a ikopanya le batho ba ba kgatlhanong le bokolone kwa Britain, ba akaretsa lekgotla la League Against Imperialism, Fenner Brockway le Kingsley Martin. Grigg o ne a le kwa London ka nako eo, mme le ntswa a ne a le kgatlhanong le loeto lwa ga Kenyatta, o ne a dumalana go kopana le ene kwa diofisikgolo tsa Rhodes Trust ka Moranang. Kwa bokopanong Kenyatta o ne a bua ka kgang ya lefatshe le go tshabisiwa ga ga Thuku, bobedi boo bo utlwana. Le ntswa go ne go ntse jalo, morago ga bokopano Grigg o ne a laela Special Branch go tlhokomela Kenyatta.

Kenyatta o ne a ikopanya le batho ba ba botsang dipotso tse di thata ba ba kgatlhanong le phathi ya Labour ba akaretsa ba ba buelelang bosetshaba. Ka paka ya selemo ya ngwaga wa 1929, o ne a tswa kwa London a ya Moscow a feta ka Berlin pele ga a boela London ka Phalane. Kenyatta o ne a tlhotlhediwa thata ka nako ya gagwe a le mo Soviet Union. Kwa England, o ne a kwala ditsebe di le tharo ka seemo sa kwa Kenya, a kwalela pampiri ya bosetshaba ya Great Britain, Daily Worker le ya Sunday Worker. Mo go tsone, go kgala puso ya Britain go ne go gaketse go gaisa mo pampiring ya Migwithania. Go amana le basetshaba mo go ne go tshwenya baema nokeng ba ga Kenyatta. Ka Firikgong, Kenyatta o ne a kopana le Drummond Shiels, mokwaledi wa mafatshe a dikolone kwa palamenteng. Kenyatta o ne a bolelela Shiels gore ga a na kamano epe le basetshaba ebile ga a itse sepe ka gore pampiri ya dikgang e e gatisang dipampiri tseo ke ya mofuta mang. Shiels o ne a gakolola Kenyatta go boela gar go ga go rotloetsa seabe sa Kikuyu mo tsamaisong ya molao motheo le go kgalemela tirisodikgoka. Morago ga dikgwedi di le lesome le borobabobedi kwa Europe, Kenyatta o nea feletswe ke madi. Mokgatlho o o kgatlhanong le bokgoba o ne wa mo adima madi a go duela dikoloto le go bola Kenya. Le ntswa Kenyatta a ne a akotse botshelo kwa London ebile a tshaba gore fa a boela gae o tla tshwarwa, o ne a pagama sekepe go boela Mombasa kwa Lwetse ngwaga wa 1930. Fa a boa, maemo a gagwe a ne a le kwa godimo ka a ne a ntse lobaka kwa London.

Fa a ne a seo, go kgaolwa dirwe ga basadi e ne e le setlhogo se go ngangiwang ka sone mo Kikuyu. Dikereke tsa protestant, di engwe nokeng ke dingaka tsa Europe le babusi ba dikolone, ba ne ba dumalana le go emisiwa ga tirelo e ya ngwao, mme KCA yone e ne e dumala e supa fa kemiso ya yond e tla senya ka fa setshaba sa Kikuyu se agilweng ka teng. Tshakgalo mo matlhakoreng o o mabedi e ne e ile magoletsa, dikereke di le dintsi di koba maloko a KCA mo dikerekeng, go dumelwa gore dipolao tsa Firikgong tsa 1930 tsa morongwa wa America Hulda Stumpf ke ka ntlha ya kgang e. Jaaka mokwaledi wa KCA, Kenyatta o ne a kopana le baemedi ba dikereke. O ne a bua gore le fa a dumalana le go emisiwa ka fa molaong ga tiragalo e, go emisiwa ga yone semmuso go itsa kgatelo pele,  a bua gore dikereke di tshwanetse go itebaganya le go emisa tiragalo e ka go ruta batho ka ditlamorago tsa yone mo botsogong jwa basadi. Bokopano bo ne jwa fela go sa dumalanwa, John Arthur, tlhogo ya kereke ya Scotland kwa Kenya morago o ne a koba Kenyatta mo kerekeng ka mabaka a go tlhoka boammaruri ka nako ya ngangisano. Ka ngwaga wa 1931, Kenyatta o ne a ntsha ngwana wa gagwe wa mosimane mo sekolong sa Thogota a mo tsenya sekolo se se tlhomamisitsweng ke KCA se se ikemetseng.

Go boela Europe: 1931 go tsena 1933

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka kgwedi ya Motsheganong ngwaga wa 1931, Kenyatta le Parmenas Githendu Mockerie ba ne ba tsamaya ka sekepe go ya Britain, ba ikaelela go emela KCA kwa komiting e e tshwaraganeng ya palamente e buisana ka bokamoso jwa botlhaba jwa Aforika. Kenyatta o ne a seka a boela Kenya dingwaga di le lesome le botlhano. Kwa Britain, o ne a fetsa selemo a tsena sekolo sa Independend Labour Party le diphuthego tsa Fabian. Ka Seetebosigo o ne a etela Geneva, kwa Switzerland go tsenelela bokopano jwa bolokang bana jwa bana ba Aforika. Ka Ngwanatsele, o ne a kopana le moeteledipele wa wa boipuso wa India Mohandas Gandhifa a le kwa London. Kgwedi yone eo, o ne a ikwadisa kwa sekolong se segolwane sa Woodbrooke Quaker College kwa Birmingham, kwa a tseneng teng go fitlhelela ka dikgakololo ngwaga wa 1932, a aloga ka setlankana sa go kwala ka puo ya sekgoa .

Kwa Britain, Kenyatta o ne a dira George Padmore, o e neng e le motho montsho wa Carribean tsala, o nea berekela Soviet Union. Fa nako e ntse e tsamaya o ne a nna mothusi wa gagwe. Ka ngwaga wa 1932 o ya fifing, o ne a tsamaya le Padmore Kwa Germany. Pele ga ngwaga o fela, bobedi bo ba ne ba ya Moscow kwa Kenyatta a neng a tsena sekolo teng kwa Communist University of the Toilers of the East. Koo o ne a rutiwa dipalo, mebepe, maranyane a didirisiwa tsa tlholego le itsholelo ya sepolotiki ga mmogo le dithuto tsa molao wa ga Marx le Lenin. Ma Aforika a le mantsi le maloko a mafatshe a a mo Afoeika ba ne ba kgatlhegela motheo o ka o ne o ruta ebile o o fa batho tshono ya go ithuta mo lefelong le ba neng ba tshwarwa ka tlotlo, go sena tlhaolele ya lotso le mmala e e neng e le teng kwa US le bogosi jwa Britain.  Kenyatta o ne a ngongoregela dijo, boroko, le tiriso ya puo ya sekgoa e e neng e le kwa tlase. Ga go na bosupi jwa gore o ne a tsena mo phathing ya Soviet Union, mongwe wa baithuti ka ene morago o ne a mo supa e le motho o a neng a tsibogela sengwe le sengwe. Kenyatta o ne a etela Siberia, gongwe e le bontlha jwa loeto lwa semmuso.

Go tlhaga ga puso ya Germany ya Nazi go ne ga fetola ditirisanommogo tsa sepolotiki kwa Europe; Soviet Union e ne ya gwetlha go berekisana mmogo semmuso ga France le Czechoslovakia ka jalo ya fokotsa kemo nokeng ya yone mo letsholong kgatlhanong le molao wa bokolone wa Britain le France mo Aforika.  Ka jalo Comintern e ne ya phatlalatsa komiti ya kgwebo ya mafatshe ya babereki ba mmala o montsho, e Padmore le Kenyatta ba neng ba berekisana le yone. Padmore o ne a ithola marapo mo phathing ya Soviet ka jalo a senngwa leina mo metsweding ya dikgang ya Soviet. Padmore le Kenyatta ba ne ba tswa mo Soviet Union, Kenyatta a boela London ka Phatwe ngwaga wa 1933. Babusi ba  Britain ba ne ba belaela nako ya ga Kenyatta kwa Soviet Union, ba belaela fa a ne e le wa molao wa Marx le Lenin, ya re a boa kwa tirelong ya MI5 ya matlhale ba bala melaetsa ya gagwe ka bokukuntshwane.

Kenyatta o ne a tswelela a kwala ditsebe, a gakologelwa thotloetso ya ga Padmore. Ka dingwaga tsa 1931 le 1937 o ne a kwala ditsebe di le mmalwa tsa pampiri ya Negro Worker a nna mongwe wa batsamaisi ba pampiri eo ka ngwaga wa 1933. O ne a kwala tsebe e nngwe ka Ngwanatsele ngwaga wa 1933 ya pampiri ya Labour Monthly, ka Motsheganong ngwaga wa 1934 a gatisa lokwalo mo pampiring ya Manchester Guardian.O ne a kwala le tsebe ka ga Kenya a kwalela pampiri ya Negro, e le polelo e e fetotsweng ke Nancy Cunard ya gatisiwa ka ngwaga wa 1934. Mo ditsebeng tse, o ne a gaketse go gaisa jaaka a kile a nna mo ditsong, a gwetlha go ipusa mo Kenya. Ka go dira jalo, o ne a le nosi mo mapolotiking a Kenya. Batho ba tshwana le Thuku le Jesse Kariuki ba ne ba le mololo mo go tse ba neng ba di kopa. Maikutlo a go dumalana le boipuso a a neng a a supa kwa Britain a ka bo a ne a seka a letlelelwa kwa Kenya.

Sekolo se segolwane sa ithutelo ditiro sa University College of Londo le London School of Economics: go tswa ka 1933 go tsena 1939

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka dingwaga tsa 1935 go tsena 1937, Kenyatta o ne a bereka e le moitseanape wa dipuo mo lephateng la Phonetics kwa Univeristy College London (UCL); dikgatiso tsa gagwe tsa puo ya Kikuyu di ne tsa thusa kgatiso ya ga Lilias Armstrong ya The Phonetic and Tonal Structure of Kikuyu. Buka e, e ne e gatisitswe ka leina la ga Armstrong, le ntswa Kenyatta a ne a supa fa a ne a tshwanetse go ka bo a kwadilwe e le mongwe wa bakwadi. O ne a ikwadisa kwa UCL e le moithuti, a ithuta dithuto tsa Sekgoa ka Firikgong go tsena Phukwi ngwaga wa 1935, a dira ya medumo ya puo go tswa ka Phalabe ngwaga wa 1935 go tsena Seetebosigo ngwaga wa 1936. A thusiwa ke thuso ya madi go tswa kwa International African Institute, o ne a dira dithuto tsa ditso tsa batho kwa London School of Economics (LSE). Kenyatta o ne a tlhaela dithuto tse gantsi di neng di batliwa go dira dithuto tse, mme Malinowski o ne a eletsa go ema nokeng go tsaya karolo ga batho ba mo gae mo dipatlisisong tsa ditso tsa batho. Mo go Kenyatta go aloga go ne go oketsa maemo a gagwe mo bathong ba Kenya ebile go supa tekatekano ya botlhale jwa gagwe le batho basweu ba Europa mo Kenya. Fa a dira dithuto tsa gagwe, Kenyatta le Malinowski ba ne ba nna ditsala tse di ntshanang se se mo inong. Ba a neng a dira dithuto le bone ba akaretsa baitseanape ba ditso Audrey Richards, Lucy Mair, le Elspeth Huxley. Mongwe wa baithuti ka ene ba bangwe e ne e le Prince Peter wa kwa Greece le Denmark, o a neng a laletsa Kenyatta go nna le ene le mmaagwe, Princess Marie Bonaparte, kwa Paris ka paka ya dikgakololo ya ngwaga wa 1936.

Kenyatta o ne a boela kwa a neng a nna teng kwa 95 Cambridge Street, mme o ne a seka a duela ntlo e a neng a nna mo go yone sebaka sa ngwaga, a kolota madi a a ka nnang kana ka diponto di le lekgolo. Se se ne sa shakgatsa Ross sa bo sa baka kgaogano ya botsala jwa bone. O ne a ya go firisa ntlo ya matlhatlhaganyane kwa toropong ya Camden le tsala ya gagwe Dinah Stick, o a neng a kopane le ene kwa mogwantong kwa Trafalgar Square. Kenyatta o ne a itisa kwa ntlong ya baithuti kwa Russell Square, e a neng a e tseneletse ka paka ya dikgakologo ya ngwaga wa 1934, a itsalanya le ma Aforika ba mo toropong. Go dira madi, o ne a bereka e le mongwe wa batlaleletsi ba ba makgolo a mabedi le masome a matlhano mo setshwantshong sa motshikhinyego sa Sanders of the river, se se diretsweng kwa Shepperton Studion ka letlhafula ngwaga wa 1934. Ma Aforika a mangwe kwa London a ne a mo kgalela go dira jalo, bare setshwantsho seo se nyatsa batho bantsho.  Go tlhagelela mo setshwantshong go ne go mo letla gape go kopana le go itsalanya le motho montsho wa America Paul Robertson.

Ka ngwaga wa 1935, lefatshe la Italy le ne la tlhasela la Ethiopia (Abyssinia), se sa shakgatsa Kenyatta le ma Aforika a mangwe kwa London; o ne a nna mokwaledi wa tlotla wa lekgotla la International African Friends of Abyssinia, setlhopha se se tlhamilweng ke Padmore le CLR James. Fa mmusaesi wa Ethiopia Haile Selassie a tshabela kwa London, Kenyatta o ne a mo amogela kwa Waterloo station. Setlhopha se se ne sa gola go nna lekgotla la tshwaragano ya ma Aforika la International African Service Bureau (IASB), le Kenyatta a neng a nna mothusa modulasetilo. Kenyatta o ne a simolola go fa dithuto tse di kgatlhanong le bokolone kwa Britain, a ruta ditlhopha di tshwana le IASB, Workers Educational Association, Indian National Congress of Great Britain le League of Coloured Peoples. Ka Phalane ngwaga wa 1938, o ne buisa Manchester Fabian Society kwa a neng a tlhalosa molao wa Britain wa bokolone e le go batla go laola, a tshwantshanya go tshwarwa ga batho beng gae kwa botlhaba jwa Aforika le ka f Ba Juta ba neng ba tshwarwa ka teng kwa Germany. Fa ba tsibogela ditiragalo tse, ofisi ya bokolone ya Britain e ne ya bula gape faele ya gagwe, le ntswa ba ne ba seka ba bona bosupi bope jwa gore o ne a na le seabe mo go sepe se se neng se ka dira gore a tshwarwe.

Kenyatta o ne a kwala ka setšhaba sa Kikuyu a kwalela setlhopha sa baithuti ba ga Malinowski a di gatisa ka setlhogo sa Facing Mount Kenya ka ngwaga wa 1938.E na le matseno a a kwadilweng ke Malinowski, buna e e ne e supa kgatlhego ya ga Kenyatta ya go dirisa mokwalo jaaka sebetsa kgatlhanong le bokolone. Mo go yone, Kenyatta o ne a botsolosa ka kakanyo ya ditso go ya ka batho ba Europe ba supa setshwantsho sa Aforika o o galalelang ka go gatelela tsamaiso, molao le go ikemela ga setshaba sa Kikuyu. O ne a rotloetsa kakanyo ya gore setshaba sa Kikuyu se ne se na le tshwaragano le go itlotla mo go botoka go paisa sepe se se neng se tla ka batho ba Europe mo bokoloneng. Mo bukeng e, Kenyatta o ne a papamatsa tumelo ya gagwe ya gore ditshwanelo tsa motho di tshwanetse go kokobediwa go baya kwa Pele dikgatlhego tsa setlhopha.  Buka e e ne ya supa phetogo maikutlo ka go kgaolwa dirwe ga basadi, fa a ne a kile a bo a le kgatlhanong le gone, jaanong o ne a dumalana le tiragalo e, a lebela tlase diphatsa tse e nang le tsone mo botsogong kwa basadi.

Pati ya bula e ne e na le setshwantsho sa ga Kenyatta a apere kapari ya setso, a apere baki ya letlalo mo legetleng le lengwe a tshotse segai. Buka e, e gatisitswe ka leina la Jomo Kenyatta, lantlha a dira jalo, lefoko Jomo le ne le tshwana thata le lefoko la Kikuyu le le tlhalosang go ntshiwa ga thipa mo e nnang teng. Buka ya Facing Mount Kenya e ne ya seka ya rekisa sentle, e rekisitse dibuka di le makgolo a matlhano, lesome le bosupa fela, mme e ne e amogelesegile sentle; ntle le mo bathong ba Kenyaba basweu, ba kakanyo ya bone ka go nna batho ba ba sa tlhabologang ga batho ba Kikuyu, ebile ba tlhoka go diriwa kolone, go neng go tlhaselwa. Murray Brown morago o ne a tlhalosa fa se e le togamaano.  Ga go na motho o mongwe wa Aforika o a kileng a nna le kemedi e e ntseng jalo ya ngwao. Bodil Folke Frederiksen, moithuti wa dithuto tsa tlhabologo, o ne are ke padi ya thuto e e itsegeng thata ebile e na le  thotloetso e ntsi ya Aforika ya nako ya yone, fa moithuti ka ene Simon Gikandi ene a re ke nngwe ya dipadi tse di supang go dirwa ga ngwao mo Aforika wa bokolone.

Ntwa ya bobedi ya mafatshe: 1939 go tsena 1945

[fetola | Fetola Motswedi]

"Mo ntweng ya bofelo, batho ba me ba le dikete di le makgolo a mararo ba lole mo ntweng ya Britain go ntsha batho ba Germany mo botlhaba jwa Aforika, ba ke dikete di le masome a marataro ba latlhegetswe ke botshelo. Mo ntweng e, palo e ntsi ya batho e ntse e lwa go emisa go busiwa mo Aforika ebile e bakile dintwa tse dithata kgatlhanong le batho ba Italy. Fa re bonwa re nonofileng go ka tsaya ditlhbolo tsa rona ra lwa le banna ba basweu re na le tshwanelo ya bua re sa okeoke ka go tsamaisiwa ga lefatshe la rona le go rutiwa.

Morago ga lefatshe la United Kingdom le tsena mo ntweng ya bobedi ka Lwetse 1939, Kenyatta le Stock ba ne ba fudugela kwa motseng wa Sussex kwa Storrington. Kenyatta o ne a sala koo ka nako ya ntwa, a firisitse ntlo ya matlhatlaganyane le lefatshe le lenyennyane go lema merogo le go rua dikoko. O ne a itshetlela mo botshelong jwa legae jwa Sussex, a etela bara ya motse o o thata, kwa a neng a fiwa leina la motshameko la Jumbo. Ka Phatwe ngwaga wa 1940, o ne a bereka tiro kwa tshimong e le mmereki wa temothuo, se se mo letla go thapiwa mo sesoleng, pele ga a ya go bereka kwa ntlong ya peelo ya ditamati kwa Lindtfield. O ne a leka go nna bontlha jwa   mophato o o sireletsang legae fa sesole se ile ntweng, mme ba mo gana. Ka Motsheganong ngwaga wa 1942, a le lesome le motso, o ne a nyala mosadi wa lekgoa, Edna Grace Clarke, kwa ofising ya molaodi ya Chanctonbury. Ka Phatwe ngwaga wa 1943, ngwana wa bone wa mosimane, Peter Magana o ne a tsholwa.

Basekaseki ba bo ramatlhale ba ne ba tswelela ba beile Kenyatta leitlho, ba etse tlhoko gore o ne a seo mo go tsa sepolotiki ka ngwaga wa 1939 go tsena 1944. Kwa Sussex, o ne a kwalela United Society for Christian Literature mokwalo, o mo go one a neng a kopela morafe wa gagwe kgololesego. O ne a simolola, le fa a ne a seka a fetsa buka ka ga botshelo jwa gagwe. O ne a tswelela ka go fa dithuto mo lefatsheng,  le mo ditlhopheng tsa masole a kwa botlhaba jwa Aforika a a kwa Britain. O ne a tenwa ke sebaka se se fa gare ga gagwe le Kenya, a bolelela Edna gore o ikutlwa ekare lesole le kgaogane le mophato wa lone. Fa a ne a seo, baeteledipele ba Kenya ba ne ba kganela KCA ka ngwaga wa 1940.

Kenyatta le maloko a mangwe a IASB a ne a simolola go rulaganya bokopano jwa go kopana ga Aforika jwa botlhano jo bo neng bo tshwaretswe kwa Manchester ka Phalane ngwaga wa 1945. Ba ne ba thusiwa ke Kwame Nkrumah wa kwa Gold Coast (Ghana) o a neng a goroga kwa Britain ngwaga o simologa. Kenyatta o ne a bua kwa bokopanong joo, le ntswa a ne a seka a nna le seabe sepe mo dipuisanong. Ngangisano e e neng ya nna teng e ne e itebagantse le gore a ma Aforika a tshwanetse go tswelela a lwela kgololesego kgotsa a tshwanetse go batla go thankgola babusi ba Europa. Bokopano bo ne jwa fela ka mafoko a a buang gore fa batsaya karolo ba eletsa phetogo ya kagiso ya go ipusa ga Aforika, ma Aforika a ka felela a ikopela go pateletsa maiteko a go fitlhelela kgololesego. Kenyatta o ne a ema nokeng tharabolo e, le ntswa a ne a etse tlhoko go feta batsaya karolo ba bangwe ebile a sa itlame go dirisa dikgoka. O ne a kwaka bukana ya IASB: Lefatshe la kgotlhang, e a neng a dira dipitso tsa sepolotiki tsa boipuso ka tlhaloso ya ditso tswa Aforika wa pele ga bokolone.

Go boela Kenya

[fetola | Fetola Motswedi]

Botautona jwa Kenya African Union: go tswa ka 1946 go tsena 1952

[fetola | Fetola Motswedi]

Kenyatta o ne a amogela kopo ya go boela kwa Kenya ka Lwetse ngwaga wa 1946 morago ga phenyo ya Britain ka nako ntwa ya bobedi ya mafatshe, a tsamaya ka sekepe kgwedi eo. O ne a tsaya tshwetso ya go sa boe le Edna - o a neng a solofetse ngwana wa bobedi wa gagwe, a itse gore fa ba ka tsamaya le ene kwa Kenya matshelo a bone a tlaa nna thata ka ntlha ya melao ya bokolone ya lotso le mmala. Fa a goroga kwa Mombasa, Kenyatta o ne a dumedisiwa ke mosadi wa gagwe wa ntlha, Grace Wahu le bana ba bone. O ne a aga ntlo kwa Gatundu gaufi le kwa a tsholetsweng teng, a simolola go lema le go rua mo lefelong la gagwe. Kenyatta o ne a kopana le molaodi o mosha wa Kenya, Philip Eun Mitchell, ka Mopitlo ngwaga wa 1947 a amogela tiro mo khuduthamageng ya dikgang tsa lefatshe, a nna mo maemong a o dingwaga di le pedi. O ne a kopana le Mbiyu Koinange go buisana ka bokamoso jwa sekolo sa borutabana sa Koinange Independent Teachers College kwa Githungui, Koinange a that Kenyatta go nna mothusa mogokgo. Ka Motsheganong ngwaga wa 1947, Koinange o ne a fudugela kwa England. a tlogela Kenyatta a le mo taolong ya sekolo. Mo boeteleding pele jwa ga Kenyatta, madi a mangwe a ne a kgobokanyediwa kago ya sekolo, palo ya basimane ba ba se tsenang ya tlhatloga go tswa kwa makgolong a mabedi le masome a matlhano go ya kwa makgolong a robabongwe. Se ne se farafarilwe ke mathata gape, a akaretsa kwelo tlase ya maemo le go gwanta ga barutabana ka go tlhoka go duelwa. Ka bonya ka bonya palo ya baithuti e ne ya wela tlase. Kenyatta o ne a aga botsalano le rraagwe Koinange, kgosikgolo, o a neng a neela Kenyatta mongwe wa barwadie go mo dira mosadi wa boraro. Ba ne ba nna le ngwana o mongwe, mme a tlhokafala fa a tsholwa. Ka ngwaga wa 1951, o ne a nyala mosadi wa bone Ngina, o e neng e le mongwe wa baithuti ba basadi ba ba neng ba se palo ntsi kwa sekolong sa gagwe, o ne a belega ngwana wa mosetsana.

Ka Phalane ngwaga wa 1951, Kenyatta o ne a tlhopha mebala ya folaga ya KAU: botala jwa tlhaga bo emetse lefatshe, bontsho bo emetse mmala wa batho, le bohibidu bo emetse madi a kgololesego. Ka Phatwe ngwaga wa 1944, Kenya African Union (KAU) e ne ya tlhamiwa, ka nako eo e ne e le one fela motswedi wa sepolotiki wa beng gae ba Aforika mo dikoloneng. Ka bokopano jwa yone jwa ngwaga le ngwaga ka Seetebosigo ngwaga wa 1947, James Gichuru tautona wa KAU o ne a ithola marapo, Kenyatta o ne  a tlhophiwa go mo emelela. Kenyatta o ne a simolola go phutha boidiidi jwa batho gongwe le gongwe kwa a yang teng kwa Kikuyuland, pampiri ya Kikuyu e mo tlhalosa e le mmoloki, mogolwane le mogaka wa lobelo lwa rona. Le fa go ntse jalo o ne a itse gore go bona kgololesego, KAU e tlhoka kemo nokeng ya merafe e mengwe le dingwao tse dingwe. Se se ne sa diriwa thata ke gore merafe ya Maasai le Luo e ne e sa rate Kikuyu e mo supa e le mmueledi wa go gatelela ga Kikuyu. O ne a buelela go nna le kemedi ya merafe yotlhe mo KAU, a bo a netefatsa gore dikgang tsa phathi di tshwarwa ka puo ya Swahili, puo ya batho ba Kenya.

Go bona kemo nokeng ya batho ba India ba kwa Kenya, o ne a ikopanya le Jawaharlal Nehru, tona wa ntlha wa Indian Republic. Phetolo ya ga Nehru e ne e le ya kemo nokeng, a romela molaetsa kwa bathong ba palo potlana ba India a ba gakolola gore ke baeng ba batho ba Aforika. Botsalano le batho basweu bo ne bo sa ema sentle, mo bathong basweu ba Kenya, Kenyatta e ne e le mmaba wa bone, motho o o gwetlhang ba bangwe a amana le Soviet Union o o nnileng le sebete sa go nyala mosadi o mosweu. Le bone ba be ba gwetlha go gololesega ga Kenya mo pusong ya Britain,mme ba batla molao wa go nna kwa tlase ga batho basweu le kamano le dipuso tsa batho basweu ba ba seng bantsi tsa Aforika Borwa, Northern Rhodesia le Southern Rhodesia; ba ne ba bona phathi e e tlhophilweng mo bosheng ya Labour ka leitlho le le ntšhotšho.Lekgotla la batlhophi ba basweu le ne la baya pele leano la Kenya le le neng le akantsha go nna ga batho basweu ba le bantsi kwa kenya, go tsisa Tanganyika mo bogosing le go mo tsenya mo bogosing jwa Britain jwa botlhaba jwa Aforika. Ka Moranang ngwaga wa 1950, Kenyatta o ne a le teng kwa bokopanong jwa KAU le East African Indian National Congress, kwa bobedi boo, bo supileng fa bo le kgatlhanong le leano la Kenya.[13]


  1. 1 2 3 Murray-Brown, Jeremy (1974) [1972]. Kenyatta. New York City: Fontana. ISBN 978-0006334538.
  2. Murray-Brown, Jeremy (1974) [1972]. Kenyatta. New York City: Fontana. ISBN 978-0006334538.
  3. Archer, Jules (1969). African Firebrand: Kenyatta of Kenya. New York: Simon and Schuster. ISBN 978-0671320621.
  4. Assensoh, A. B. (1998). African Political Leadership: Jomo Kenyatta, Kwame Nkrumah, and Julius K. Nyerere. Malabar, Florida: Krieger Publishing Company. ISBN 978-0894649110.
  5. Archer 1969, pp. 11, 14–15.
  6. Archer 1969, pp. 13–14, 16; Murray-Brown 1974, pp. 35–36.
  7. Archer 1969, p. 17.
  8. 1 2 3 Murray-Brown 1974, p. 35.
  9. Archer 1969, p. 11; Murray-Brown 1974, p. 42; Arnold 1974, p. 15.
  10. Archer 1969, p. 18; Murray-Brown 1974, p. 38.
  11. Murray-Brown 1974, pp. 40, 43.
  12. Murray-Brown 1974, pp. 50–51; Assensoh 1998, p. 39.
  13. Murray-Brown, Jeremy (1974) [1972]. Kenyatta. New York City: Fontana. ISBN 978-0006334538.