Jonker Afrikaner
| Jonker Afrikaner | |
|---|---|
| Kgosi ya morafe wa Orlam | |
| Reign | 1823 - 1861 |
| Predecessor | Christian Afrikaner |
| Tsalo | 1785, Tlhakole a le malatsi a mararo Go bapa le kolone ya Dutch kwa Kapa |
| Leso | 1861 Okahandja |
Jonker Afrikaner (o o tshotsweng ka Tlhakole a le malatsi a mararo ngwaga wa 1785 a tlhokafala ka Phatwe a le lesome le borobabobedi ngwaga wa 1861) e ne e le kgosi ya bone ya morafe wa Orlam wa South West Africa, a tlhatlhama rraagwe ebong Jager Afrikaner ka ngwaga wa 1823. Morago ga go nna kgosi, o ne a tlogela bonno jwa ga rraagwe kwa Blydeverwacht le bomonnawe ba basimane ba le bararo le balatedi ba le makgolo mararo ba fudugela kwa lefelong le gompieno le bidiwang Namibia. Go tswa ka ngwaga wa 1825 go ya pele, ene le khansele ya gagwe ba ne ba nna le seabe se segolo sa polotiki kwa Damaraland le Namaland, ba e dira lefatshe.[1]
Ka dingwaga tsa 1840, o ne a tlhama lefelo la bonno kwa Windhoek kwa a neng a aga kereke ya batho ba le makgolo matlhano go tsena makgolo a marataro kwa kgaolong e gompieno e bidiwang Klein Windhoek. O itsege gape ka ditirelo tsa go aga ditsela kwa legareng le borwa jwa Namibia, bogolo jang e e kwa borwa ya Auas Mountains le Norhern bay go stwa Windhoek go ya Walvis Bay.[1]
Morongwa Hugo Hahn o akanyeditse ka 1852 fa lefatshe le Jonker Afrikaner a nenga le laola le na le merafe ya Oorlam e ka nna sekete le makgolo a matlhano, BaHerero ba ka nna dikete tse pedi ba Damara ba ka nna dikete tse pedi.[2]
E ne e le rraagwe Christian Afrikaner o o mo tlhatlhameng go nna kgosi ya morafe wa Orlam ka 1861, le Jan Jonker Afrikaner o o tlhatlhamileng Christian ka 1863.[1]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 3 Dierks, Klaus. "Biographies of Namibian Personalities, A". Retrieved 03 October 2025.
- ↑ Vedder, Heinrich (1997). Das alte Südwestafrika. Südwestafrikas Geschichte bis zum Tode Mahareros 1890 [The old South-West Africa. South-West Africa's history until Maharero's death 1890] (in German) (7th ed.). Windhoek: Namibia Scientific Society. p. 386. ISBN 0-949995-33-9.