Jump to content

José Gaos

Go tswa ko Wikipedia

José Gaos (26 Sedimonthole 1900, Gijón, Spain - 10 Seetebosigo 1969, Mexico City) e ne e le rafilosofi wa kwa Spain yo o neng a bona botshabelo jwa sepolotiki kwa Mexico ka nako ya Ntwa ya Selegae ya kwa Spain mme a nna mongwe wa borafilosofi ba ba botlhokwa ba kwa Mexico ba lekgolo la bo 20 la dingwaga. E ne e le leloko la Sekolo sa Madrid[1]

Botshelo jwa gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Gaos o goletse kwa Valencia le Oviedo kwa Spain e le ngwana yo mogolo mo baneng ba le robongwe, go akaretsa le motshameki wa difilimi e bong Lola Gaos le baboki e bong Alejandro le Vicente Gaos. Gaos o ne a fetsa nako e ntsi ya bongwana jwa gagwe kwa legaeng la rremogolo le mmèmogolo wa gagwe kwa Asturias. Fa a le dingwaga di le 15, o ne a fudugela kwa Valencia go ya go nna le ba lelapa la gaabo. Mo go one ngwaga oo, o ne a simolola go ithuta filosofi ka buka ya hisitori ya filosofi e e kwadilweng ke Jaime Balmes. Go kwala ga ga Balmes ka hisetori ya filosofi e e tseneletseng go ne ga tlhotlheletsa tiro ya ga Gaos ya moragonyana. Gaos o ne a tsena kwa sekolo se se golwane ya Valencia, mme morago a fetisediwa kwa sekolo se se golwane sa Madrid, koo a neng a bona dikirii ya bachelor le doctorate.

Thutopatlisiso ya gagwe ya bongaka e ne e bua ka bothata jwa thutotlhaloganyo. Morago ga sekolo se se golwane, Gaos o ne a nna porofesa wa filosofi kwa León, kwa Yunibesithing ya Zaragoza mme morago ga 1933, kwa Yunibesithing ya Madrid. Ka 1938,[2] ka nako ya Spanish Civil War (1936 - 1939), o ne a kobiwa ka ntlha ya go rata ga gagwe dipuso tsa repaboliki le bososhiale. O ne a fudugela kwa Mexico mme a ruta e le porofesa kwa National Autonomous University of Mexico/UNAM. O ne a tlhotlhelediwa ke neo-scholasticism, neo-Kantianism le phenomenology ya ga Edmund Husserl, mo godimo ga batlhalefi ba Majeremane jaaka Martin Heidegger le Nicolai Hartmann mme, pele ga tsotlhe, ke morutabana wa gagwe, motlhalefi wa Spain José Ortega y Gasset. Gaos e ne e le morutwa wa ga Ortega jaaka mongwe wa batlhalefi ba le bantsi ba ba neng ba bopa Sekolo sa Madrid. Barutisi ba bangwe ba ga Gaos ba ne ba akaretsa borafilosofi Manuel García Morente le Xavier Zubiri.

Gaos gape e ne e le moranodi yo o atlegileng wa filosofi ya Sejeremane, a thusa mo diporojekeng tsa thanolo tsa Sekolo sa Madrid tse di neng di tlhomilwe ke Ortega. Gaos o ne a ranolela dibuka tsa batlhalefi ba ba jaaka: Martin Heidegger (phetolelo ya ntlha ya Se-Spain ya Being and Time), John Dewey, Søren Kierkegaard, G. W. F. Hegel, Max Scheler, Immanuel Kant, Johann Gottlieb Fichte le Edmund Husserl

  1. A. Pablo Iannone, Dictionary of World Philosophy, Routledge, 2013, p. 328: "Madrid School"
  2. Pio Colonello (1997): The Philosophy of José Gaos, Amsterdam/Atlanta: Rodopi, p. 17.