Joselyn Dumas
Joselyn Dumas (O tshotswe ka kgwedi ya Phatwe e le masome a mararo le bongwe, ngwaga wa 1980) [1] ke motsamaise wa mananeo a Setshwantsho sa motshikinyego le modiragatsi wa Ghana . [2] Ka ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le bone (2014), o ne a tshameka mo motshamekong wa A Northern Affair, e leng karolo e e neng ya dira gore a bone Seetsele sa Motshameko wa Ghana le go tlhophiwa go nna Modiragatsi yo o Gaisang wa Seetsele sa African Movei Academy . [3]
Joselyn Dumas | |
|---|---|
Dumas at the 2014 Africa Magic Viewers Choice Awards | |
| Tsalo | Joselyn Canfor Dumas 31 August 1980 Ghana |
| Tiro |
|
| Dingwaga tsa a le mo tirong | 2009–present |
| Maranyane | www |
Botshelo jwa pele le thuto
[fetola | Fetola Motswedi]Dumas o tsholetswe kwa Ghana mme o feditse bontsi jwa nako ya gagwe ya bongwana kwa Accra . O dirile dithuto tsa gagwe tse dipotana kwa Sekolong sa Morning Star mme a tswelela kwa Sekolong se Segolo sa Basetsana sa Archbishop Porter, koo a neng a tlhophiwa go nna moeteledipele wa tsa itlosobodutu teng . [4] Dumas o ne a tsweledisa dithuto tsa gagwe kwa United States, kwa a neng a bona dikirii ya tsamaiso molao teng . [5]
O ne a bereka e le mothusi wa semolao pele ga a fudugela kwa Ghana go ya go dira tiro ya gagwe ya go nna motho yo o tumileng mo Setshwantshong sa Motshikinyego. [6]
Tiro ya bobegakgang
[fetola | Fetola Motswedi]Setshwantsho sa Motshikinyego
[fetola | Fetola Motswedi]Dumas o ne a tlhagelela mo Setshwantshomg sa Motshikinyego e le motshwari wa thulaganyo ya Charter House’s Rhythm, e leng maitiso a itlosobodutu, koo a neng a botsolotsa batho ba le bantsi ba ba tumileng teng. [1] O ne a thapiwa ke ViaSat 1 go nna motshwari wa lenaneo la bone la ntlha la dipuisano, The One Show, [7] le le neng la gasiwa go tloga ka ngwaga wa dikete tse pedi le lesome ( 2010) go ya kwa ngwageng wa dikete tse pedi le lesome le bone (2014). E ne e le motshwari wa thulaganyo ya dipuisano tsa Setshwantsho sa motshikinyego ya At Home le Joselyn Dumas, e e neng ya gasiwa go ralala Afrika le dikarolo tsa Yuropa. [8]
Dumas ke mothei le Mokhuduthamaga wa Virgo Sun Company Limited, e leng lekalana la tlhagiso le le tlhagisitseng motshameko wa, Love or Something Like That, Lorato, e e neng ya tshegediwa ke UNAIDS . [9] O ne a tlhagisa V Republic, e leng motseletsele wa Setshwantsho sa motshikinyego o o neng wa tlhagisiwa ke Sparrow Productions, mme e ne ya tlhagisiwa ke Virgo Sun. [9]
Filimi
[fetola | Fetola Motswedi]Tiragatso ya ga Dumas mo The Perfect Pictures e ne ya dira gore a nne le dikarolo tse dingwe tsa difilimi. [10] Dingwaga di le pedi moragonyana, o ne a tlhagelela mo motseletseleng wa difilimi tsa ga Shirley Frimpong-Manso tsa Adam's Apples . [11] Go tshameka ga gagwe e le Jennifer Adams mo filiming ya Adams Apples go dirile gore a tlhophiwe go nna Modiragatsi yo o Gaisang Botlhe mo Seabeng sa Moeteledipele, mmogo le modiragatsi wa Hollywood Kimberly Elise, kwa Dietsele tsa Difilimi tsa Ghana tsa 2011 . [12] Fa e sa le Dumas a simolola go diragatsa kwa Ghana, o ile a tlhagelela mo difiliming le mo motseletseleng wa Setshwantsho sa motshikinyego e tshwana le Love or Something Like That , A Sting in a Tale, The Perfect Picture, A Northern Affair le Lekki Wives. [4] O tshamekile mmogo le badiragatsi ba bangwe ba Aforika, go akaretsa le John Dumelo, Majid Michel le O. C. Ukeje . [10]
Dumas o ne a tshwara Dietsele tsa Golden Movie 2018 ga mmogo le Ayo Makun , tse di neng di tshwaretswe kwa Hoteleng ya Movenpick Ambassador kwa Accra ka kgwedi ya Seetebosigo e tlgola gabedi, ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le borobabobedi (2018). [13]
Mmino
[fetola | Fetola Motswedi]Dumas o ne a tlhagelela jaaka monyadiwa mo setshwantshong sa mmino wa pina ya ga Lynxxx ya "Fine Lady" e e neng e na le Wizkid . [14]
Go thusa batho ka se ba se tlhokang le ditiro tse dingwe
[fetola | Fetola Motswedi]Dumas o ne a tlhoma Mokgatlho wa ga Joselyn Canfor-Dumas (JCDF) go ema nokeng bana ba ba tlhokileng lesego mo sechabeng kwa Ghana. [4] [9] JCDF e dirile tiro e e neng e itebagantse le bolwetse jwa autism . [15] [16]
Dumas o ne a nna motlhagisi wa kgaisano ya Mmabontle wa Malaika Ghana go simolola ka ngwaga wa dikete tse pedi le borobabobedi ( 2008) go ya kwa go dikete tse pedi le lesome (2010) . [17] [18] O kile a nna moemedi wa kgwebo ya Range Rover Evoque Ghana le Jobberman Ghana, e leng kompone e e bapatsang ditiro. [19] [20] [21] [22] Ka ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le botlhano (2025), Dumas le motho yo o tumileng mo bobegakgannyeng Nathan Kwabena Anokye Adisi ba ne ba bidiwa baemedi ba letshwao la kgwebo la GoldBod Jewellery e e leng kompone e e tlaleletsang ya khuduthamaga ya Gold ya Ghana. [23]
Difilimi
[fetola | Fetola Motswedi]| Ngwaga | Setlhogo | Seabe | mofuta wa motshameko |
|---|---|---|---|
| 2011 | Adams Apples | Jennifer Adams | Drama |
| 2012 | Peep | Detective | |
| 2014 | A Northern Affair[24] | Esaba | Romantic film |
| Lekki Wives (season 2)[24] | Aisha | ||
| Love or Something Like That | Dr. Kwaaley Mettle | Drama | |
| V Republic | Mansa | TV series | |
| 2015 | Silver Rain[25][26][27] | Adjoa | Drama |
| Cartel the Genesis | Agent Naana | Action film | |
| 2016 | Shampaign | Naana Akua Quansah | TV series |
| 2017 | Potato Potahto[28][29] | Lulu | Comedy film |
| John and John | |||
| 2019 | Cold Feet | Omoye | Drama |
| Perfect Picture - Ten Years Later[30][31] | Flora Gaisie | Comedy / romance | |
| Tenants of the House | Hon. Elizabeth | ||
| 2021 | Chasing Lullaby | Comedy drama | |
| 2022 | Glamour Girls[32] | Jemma | Drama |
| Flawsome | TV series | ||
| 2023 | Madam | Lankai Morgan |
| Ngwaga | Seetsele | Karolo | Maduo |
|---|---|---|---|
| 2011 | Ghana Movie Awards (GMA) | Best Actress in a Leading Role | Othopilwe |
| 2012 | Radio and Television Personality Awards (RTP) | Best Entertainment Host of the Year | Phenyo |
| 2013 | Radio and Television Personality Awards (RTP) |
|
Othopilwe |
| 2013 | 4syte TV | Hottest Ghanaian Celebrity | Phenyo |
| 2013 | Ghana Movie Awards (GMA) | Best Supporting Actress | Phenyo |
| 2013 | City People Entertainment Awards |
|
Phenyo |
| 2014 | Africa Movie Academy Awards (AMAA) | Best Actress in a Leading Role | Othopilwe |
| 2014 | Africa Magic Viewers' Choice Awards (AMVCA) | Best Actress in a Leading Role | Othopilwe |
| 2014 | All Africa Media Networks | Outstanding Personality in Creative Entrepreneurship | Phenyo |
| 2014 | Ghana Movie Awards | Best Actress in a Lead Role | Phenyo |
| 2015 | Africa Magic Viewers' Choice Awards (AMVCA) | Best Actress in a Drama | Othopilwe |
| 2015 | GN Bank Awards | Best Actress | Phenyo |
| 2015 | Blog Ghana Awards | Best Instagram Page | Phenyo |
| 2016 | Golden Movie Awards | Best Actress, TV Series Shampaign | Phenyo |
| 2016 | Ghana Make-Up Awards | Most Glamorous Celebrity | Phenyo |
| 2016 | Shortlisted | Among Africa's Top 3 Women in Entertainment | Phenyo |
| 2018 | IARA UK | Best Actress | Phenyo |
References
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 "Joselyn Dumas Biography, Daughter, Relationships, Failures And Other Facts". BuzzGhana. 2017-11-21. Retrieved 2019-04-13.
- ↑ "Glitz top 100 inspirational women – Page 100 – Glitz Africa Magazine" (in American English). Archived from the original on 2021-05-26. Retrieved 2022-05-28.
- ↑ Gracia, Zindzy (2018-09-04). "Joselyn Dumas bio: family, career and story". Yen.com.gh. Retrieved 2019-04-13.
- 1 2 3 "Joselyn Dumas, Biography". www.ghanaweb.com (in Sekgoa). Archived from the original on 2025-08-31. Retrieved 2026-02-05.
- ↑ "Joselyn Dumas Full Biography [Celebrity Bio]". GhLinks. 2018-07-23. Archived from the original on 2020-08-09. Retrieved 2019-04-13.
- ↑ Nation, The (2017-11-24). "Why I abandoned Law for acting – GHANAIAN ACTRESS JOSELYN DUMAS" (in en-US). The Nation (Lagos, Nigeria). https://thenationonlineng.net/abandoned-law-acting-ghanaian-actress-joselyn-dumas/.
- ↑ "Dumas chosen to host The One Show on VIASAT1". Ghana Celebrities. 16 July 2010. Archived from the original on 25 May 2021. Retrieved 15 July 2014.
- ↑ "At Home with Joselyn Dumas Launched! Check out All the Photos". Ghana Celebrities. 27 July 2013. Archived from the original on 6 August 2014. Retrieved 21 August 2014.
- 1 2 3 Ezebuiro, Peace (2017-11-21). "Joselyn Dumas Biography, Daughter, Husband, Relationships And More". BuzzGhana - Famous People, Celebrity Bios, Updates and Trendy News (in American English). Retrieved 2026-02-05.
- 1 2 "Talented Joselyn Dumas joins Joy FM - MyJoyOnline" (in American English). Retrieved 2026-02-05.
- ↑ Brown, Charmaine (2021-02-24). "Ghana's finest Actress, TV Host and Producer: Joselyn Dumas - My Afrika Magazine" (in British English). Retrieved 2026-02-05.
- ↑ "Ghana Movie Awards 2011 Nomination List". Ghana Celebrities. 27 November 2011. Retrieved 21 August 2014.
- ↑ "Joselyn Dumas and A.Y Named as Host of 2018 Golden Movie Awards Africa". 26 May 2018.
- ↑ "Nigerian Rapper Lynxxx Weds Ghanaian Actress Jocelyn Dumas in the Video of his Single "Fine Lady" featuring Wizkid!". Bella Nija. 22 June 2012. Retrieved 28 August 2014.
- ↑ "Photos: Joselyn Dumas donates CCTV to Korle-Bu Children's Block". MyJoyOnline.com. Archived from the original on 2018-05-22.
- ↑ "Joselyn Dumas Foundation supports children living with autism". 11 September 2014.
- ↑ "Joselyn Dumas". ameyawdebrah.com. Retrieved 21 August 2014.
- ↑ "Meet Our Presenters". Viasat1. Archived from the original on 26 August 2014. Retrieved 21 August 2014.
- ↑ "Joselyn Dumas Branded Face of Range Rover Evoque". etvghana.com. 13 March 2012. Archived from the original on 26 August 2014. Retrieved 22 August 2014.
- ↑ "Photos+Joselyn Dumas Has Influenced Our Sales Since Making Her 'Face of Evoque'-PHC Motors". Ghana Celebrities. 14 June 2012. Archived from the original on 2 September 2014. Retrieved 22 August 2014.
- ↑ "Talented Joselyn Dumas joins Joy FM". MyJoyOnline.com. Retrieved 2021-02-03.
- ↑ "Joselyn Dumas outdoored Jobberman Ghana's Brand Ambassador". www.ghanacelebrities.com (in American English). Archived from the original on 2025-10-24. Retrieved 2026-02-05.
- ↑ "GoldBod Jewellery appoints Bola Ray and Joselyn Dumas as Brand Ambassadors". Citinewsroom. Retrieved 2025-10-28.
- 1 2 Cite error: Invalid
<ref>tag; no text was provided for refs named "myjoyonline.com2". - ↑ "Silver Rain the movie". You Tube. Silver Rain movie. Retrieved 24 September 2014.
- ↑ "WATCH: TRAILER for Juliet Asante's 'Silver Rain' movie". GhanaWeb. 16 December 2014. Retrieved 16 December 2014.
- ↑ "'Silverain' Movie gets Amsterdam premiere date". Pulse Nigeria. Chidumga Izuzu. 2 June 2015. Archived from the original on 17 November 2016. Retrieved 2 June 2015.
- ↑ "Shirley's New Movie 'Potato Potahto' Starring Joselyn Dumas, Chris Attoh, Nikki, Adjetey Annan & Others To Premiere In Ghana". E Ghana. Retrieved 14 June 2019.
- ↑ Frimpong-Manso, Shirley (15 December 2019), Potato Potahto (Comedy), O. C. Ukeje, Joselyn Dumas, Joke Silva, Kemi Lala Akindoju, retrieved 3 February 2021
- ↑ "Sparrow Production shoots 'Perfect Picture' movie again 10 years later". GhanaWeb. 9 October 2019. Retrieved 3 February 2021.
- ↑ Frimpong-Manso, Shirley (4 July 2020), The Perfect Picture - Ten Years Later (Comedy, Romance), Jackie Appiah, Naa Ashorkor Mensa-Doku, Lydia Forson, Adjetey Anang, Sparrow Pictures, retrieved 3 February 2021
- ↑ Glamour Girls (2022) - IMDb, retrieved 8 July 2022