Joseph Gotthardt
Joseph Gotthardt (o o tshotsweng ka Morule a le lesome le borataro ngwaga wa 1880, a tlhokafala ka Phatwe a le malatsi a mararo ngwaga wa 1963) e ne e le morongwa wa kereke ya Katoliki, morago a nna moruti kwa South West Africa (kwa e leng Namibia gompieno). Ke ene wa ntlha go tlhoma bodiredi kwa kgaolong ya Kavango le kwa Ovamboland, a nna morutimogolo wa ntlha kwa Windhoek.
Botshelo jwa a le mmotlana le thomo ya borongwa
[fetola | Fetola Motswedi]Gotthardt o tsholetswe kwa Thalheim kwa Westerwald. O tsene kereke ya Oblate kwa kgaolong ya Limburg kwa Netherlands go tswa ka 1900 go tsena 1905, a aloga e le moruti.[1] O berekile e le motlhatlhelela dithuto o mmotlana morago ga go bewa matsogo go fitlhelela ka 1907, morago a romelwa kwa Grootfontein kwa German South West Africa.[2]
Morago ga nakwana a sena go goroga kwa Namibia o ne a etelela pele maeto a borataro le bosupa a borongwa go ya kgaolong ya Kavango - e le thomo e e thata ka moeteledipele wa beng gae, Kgosi Nyangana wa morafe wa VaGciriku a ne a le kgatlhanong le thotloetso ya batho ba Yuropa, bogolo jang barongwa. Maeto a pele a matlhano a bodiredi go ya Kavango a ne a retetse, mme loeto lwa bosupa lwa baka go tlhamiwa ga lefelo la borongwa kwa Nyangana ka 1910 le kwa Andara ka 1913.[1]
Goddardt o ne tlhoma lefelo le lengwe la bodiredi kwa Ovamboland, e le lefelo lantlha ka 1924.
Pereko kwa kerekeng
[fetola | Fetola Motswedi]Gotthardt o ne a tlhomiwa moeteledipele wa kereke kwa Cimbebasia ka 1921, a tlhatlhama Eugenio Klaeyle o a neng a ithotse marapo. Morago fa borongwa bo ntse bo gola o ne a tlhomowa moruti kwa Hunfeld kwa Germany ka 1924, a nna moeteledipele wa kereke ya Roma kwa South West Africa.[2]
Ka 1923, o ne a gatisa pampiri e e amogetsweng ke batho ka bontsi ya The Awakening of Africa le ditiro tsa kereke ya Roma, e mo go yone a neng a supa marara a bokolone le borongwa, e le nngwe ya dintlha tsa ntlha go kgala bokolone kwa Namibia.[2]
Morago ga go bereka dingwaga di le masome mabedi le botlhano mo maemong a boruti, Mopapa Pius XII o ne mo tlhoma morutimogolo ka 1951.[2] Morago ga dingwaga di feta masome a matlhano a dira e le moruti, Gotthardt o ne a ithola marapo a le dingwaga di le masome a robabobedi ka Motsheganong 1961. O tlhokafetse kwa Swakopmund ka Phatwe a le malatsi a mararo ngwaga wa 1963.[1]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 3 Shiremo, Shampapi (22 July 2011). "Bishop Joseph Gotthardt: A determined missionary along the Kavango River (1880-1963)". New Era. Archived from the original on 9 May 2012.
- 1 2 3 4 Buys, Gerhard; Nambala, Shekutaamba (November 2003). "Gotthardt, Joseph". History of the Church in Namibia, an Introduction - 1805-1990. Gamsberg Macmillan (via Dictionary of African Christian Biography). Archived from the original on 31 August 2011. Retrieved 22 October 2025