Jump to content

Joseph Legwaila

Go tswa ko Wikipedia

Joseph Manson John Legwaila (yo o tshotsweng ka kgwedi ya Tlhakole e tlhola malatsi ale mabedi la ngwaga wa 1937) ke modipolomate le mopolotiki wa Botswana. Legwaila o ne a ithuta dipolotiki, hisitori le dikamano tsa boditšhabatšhaba kwa Yunibesithing ya Alberta kwa Canada mme a ruta koo ka

Joseph Manson John Legwaila
Botswana Diplomat
In office
12 November 2014  5 November 2019
Ka Ga Ena
O tsetswe (1937-02-02) 2 February 1937 (age 89)
Botswana
MokgatlhoBDP

lobakanyana. E ne e le Mothusa-Tautona wa Kokoano Kakaretso ya Ditšhabakopano ka dithulaganyo di le tharo ka kakaretso mo dingwageng tsa (1981, 1987 le 1991). O ne a emetse Botswana mo Lekgotleng la Tshireletsoo okametse kgwedi e le nngwe ka ngwaga wa 1995, e le Tautona. O tsweletse pele go tshwara ditiro di le mmalwa tsa bodipolomate tsa Botswana kwa Amerika. Gareng ga tseno e ne e le moemedi wa Cuba mo dingwageng tsa (1981-2001) le Moemedi Kakaretso kwa Jamaica mo dingwageng tsa (1982-2001). O ne a bereka mo dithomong di le mmalwa tsa UN mo Afrika. Legwaila o kile a etela pele Thomo ya Ditšhabakopano kwa Ethiopia le Eritrea (UNMEE) fa e sale ka kgwedi ya Lwetse e tlhola malatsi ale masome a mabedi le boferabongwe ka ngwaga wa 2000 e le moemedi yo o rileng wa Mokwaledikakaretso kwa Eritrea le Ethiopia. Legwaila o nyetse ebile o na le bana ba bararo.[1]

Tiro ya United Nations

[fetola | Fetola Motswedi]

Legwaila o ne a direla mo maemong a le mmalwa a a kwa godimo mo teng ga Ditšhabakopano. E ne e le Motlatsamoporesidente wa Kokoanokakaretso ya Ditšhabakopano ka dikopano di le tharo: 1981, 1987 le 1991.[2] O emetse Botswana mo Lekgotleng la Tshireletso la Ditšhabakopano mme a nna Moporesidente wa lone kgwedi e le nngwe ka 1995.[3]

Gape o ne a etelela pele dithomelo tse dintsi tsa UN mo Aforika, go akaretsa le go etelela pele Thomo ya Ditšhabakopano kwa Ethiopia le Eritrea (UNMEE) go tloga ka la bo 29 Lwetse 2000, jaaka moemedi yo o kgethegileng wa Mokwaledikakaretso.

Tirelo ya bodipolomate

[fetola | Fetola Motswedi]

Legwaila o ne a direla Botswana ditiro di le mmalwa tsa bodipolomate kwa dinageng tsa Amerika. O ne a dira jaaka Moemedi kwa Cuba go tloga ka 1981 go ya go 2001 mme ka nako e le nngwe a nna Moemedi-Kakaretso kwa Jamaica ka nako e e tshwanang.

Tiro ya sepolotiki

[fetola | Fetola Motswedi]

Legwaila o amana le lekoko la Botswana (BDP) mme o nnile le ditiro tsa sepolotiki mo teng ga letlhomeso la bosetšhaba.

Tse di kwa ntle

[fetola | Fetola Motswedi]
  1. Morton, Fred; Ramsay, Jeff; Mgadla, Part Themba (2008). Historical Dictionary of Botswana (4th ed.). Scarecrow Press. p. 200. ISBN 978-0-8108-5467-3. Retrieved 2 October 2025.
  2. "UN General Assembly Past Vice-Presidents". Retrieved 2 October 2025.
  3. "UN Security Council Presidents". Retrieved 2 October 2025.