Josephine Oboh Macleod
Kgosi Josephine Oboh-MacLeod ke mong wa lefelo la dipontsho kwa United Kingdom. Ke ene wa ntlha go tshwara pontsho ya setso sa Seaforika le Se-Celt kwa Nigeria, kwa Fela Kuti New Afrika Shrine.[1][2][3][4]
Botshelo jwa pele
[fetola | Fetola Motswedi]Oboh-MacLeod o tshotswe mo lelwapeng la ga Chief Major Humphrey Etafo Oboh. Ke kgaitsadie mogasi/leepolotiki Mabel Oboh le Peter Oboh, mmampodi wa pele wa bokete jwa heavyweight jwa WBA/ jwa Borithane. O nyalane le Norman Macleod (Piper Norman).[5]
O ne a ithuta kwa Kholetšheng ya Puso, kwa Ojo, kwa Lagos, kwa Sekolong sa Newman Prep, kwa Boston, mme a bona dithuto tsa go amogela baeng kwa Kholetšheng ya Newbury, le dithuto tsa masters tsa Tsamaiso ya Kgwebo kwa Yunibesithing ya Surrey. O ithutile botaki kwa Kholetšheng ya Botaki ya London, kwa UK; moakanyetso wa ka fa teng/tshingwana kwa Sekolong sa Botlhami sa KLC, kwa Boemelodikepeng jwa Chelsea, kwa UK; le go tsaya dinepe kwa Sekolong sa Dinepe sa Calumet le sa Jessop, kwa UK. Thuto ya go Gatisa ya Epson.[2][6][7]
Tiro ya botaki
[fetola | Fetola Motswedi]Oboh-Macleod o na le dipoloko tse di fetang dikete tse thataro a na le dingwaga tse masome a mane mo botaking. Ke mokaedi wa botaki kwa Johfrim Art and Design (mosupi wa botaki le morekisi) yo o kwa Milngavie, e e tshwarang ditiragalo tsa ditso tse di farologanyeng le go emela tiro ya bataki ba ka nna masome matlhano, ba ka nna 70% ba bone ba tswa kwa Aforika.[8][9]
Ke Moaforika wa ntlha go tlhoma lefelo la botaki la Aforika, le le bidiwang "Timbuktu", kwa UK mme ke ene fela mosadi wa montsho wa Moaforika yo o nang le lefelo la setso sa botaki kwa Scotland.[3]

Josephine e nnile karolo ya Ditshupo tsa botaki mme o na le ditiro tsa gagwe mo dikokoanyong tse di ikemetseng tsa boditšhabatšhaba jaaka Nike Art Gallery. Ke leloko la ditlhopha tsa botaki, go akaretsa le Mokgatlho wa Bataki ba Nigeria. Setlhopha sa Botaki sa Milngavie, sa Bearsden le sa Dalmuir, kwa Glasgow, kwa Scotland, kwa UK. Ke mothei/ motlhokomedi wa Jom Charity, Sekgele sa Bopelotshweu sa JOM, boto ya bopelotshweu ya Scotland e e amogetsweng. Tiro ya gagwe ya bopelotshweu le ya go thusa batho e fitlha kwa lefatsheng la gaabo kwa Nigeria, kwa a abelang batho ba ba tlhokang.[10][11][12][13][14] Ke moamogedi wa sekgele sa Dibuka tsa Direkoto tsa Nigeria.[15]
Dipolotiki
[fetola | Fetola Motswedi]Ke lepolotiki la United Kingdom le leloko la Scottish Conservative Party le leloko la Black Tories le le buelelang go akarediwa ga batho bantsho ba ba nitlameng mo maemong a setšhaba jaaka palamente go ralala UK, segolobogolo kwa Scotland.[4][16]
E ne e le mokwaledi wa Scottish Conservative Friends Of Black, Asian and Minority Ethnic (SCBAME).[17]
Oboh-Macleod o ne a gaisana mo ditlhophong tsa bokhanselara kwa Kirkintilloch Botlhaba, Bokone le Twechar ka 2022 ka fa tlase ga Scottish Conservatives and Unionist Party.[18][19]
Ke mosadi wa ntlha wa letso la Aforika go gaisana jaaka ntlhopheng wa bokhanselara wa Lekoko la Scottish Conservative and Unionist Party kwa East Dunbartonshire, kwa Scotland, kwa United Kingdom.[20]
Conservative Friends Of African Scotland
[fetola | Fetola Motswedi]Ka 2022, jaaka modulasetilo wa ntlha yo o sa tswang go Tlhomiwa wa Conservatives Friends of Africa Scotland, UK (CFOAS), mokgatlho, o o eteletsweng pele ke maloko, o o batlang go tlhabolola kamano e e nonofileng e e nang le bokao fa gare ga Conservative Party, baagi ba Aforika kwa Scotland le Aforika, o ne a saena Memorandum of understanding (MoU) fa gare ga Conservative Friends of Africa, (lekgotla le legolo) le emetswe ke modulasetilo wa Mokhanselara Michael Gbadebo, le mokgatlho o o amanang le Conservative Friends of Africa Scotland (CFofAS).[21]
Conservatives Friends of Africa Scotland e ne ya tshwara ditshupo tsa yone tsa ntlha tsa Aforika tsa ‘Out And About Africa’ ka 2023, kwa Scottish Conservatives Conference 2023 e e neng e tseneletswe ke Tonakgolo ya United Kingdom, Rishi Sunak. Maikaelelo a DITSHUPO tse e ne e le go rotloetsa go kopanngwa ga Maaforika mo merafeng ya Scotland le go tsaya karolo mo pusong ka tsela ya go lemoga go raraana ga pharologano.[22][23]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "sisters on a mission to save ailing entertainers". m.guardian.ng. 2017-05-10. Retrieved 4 Phalane 2025.
- 1 2 "chief Josephine oboh Macleod art creator connoisseur politician activist/". vanguardngr.com. 2021-05-01. Retrieved 4 Phalane 2025.
- 1 2 "how Josephine oboh macleod wields art as tool to reduce racism classism". vanguardngr.com. 2021-06-10. Retrieved 4 Phalane 2025.
- 1 2 "why-I joined politics in the UK oboh macleod". independent.ng. 2019-05-10. Retrieved 4 Phalane 2025.
- ↑ "Bridging Cultures: The Afro-Celtic Music Emergence And Impact In Nigerian Music Industry". Independent Nigeria. Retrieved 4 Phalane 2025.
- ↑ "art-creator connoisseur politician activist". newslodge.com.ng. 2017-05-10. Archived from the original on 2021-06-06. Retrieved 4 Phalane 2025.
- ↑ "Nigerian artist Oboh Macleod espouses leadership and uniqueness in latest works". independent.ng. 2020-05-10. Retrieved 4 Phalane 2025.
- ↑ "my-mission in UK is to propagate African art culture and heritage josephine oboh macleod". vanguardngr.com. 2019-03-10. Retrieved 5 Phalane 2025.
- ↑ "Africa day African art in Scotland". snackmag.co.uk. 2020-05-10. Retrieved 5 Phalane 2025.
- ↑ "Nigerian art stakeholders converge celebrate macleod". bizwatchnigeria.ng. 2017-05-10. Retrieved 5 Phalane 2025.
- ↑ "artistes group unite in mission to save fellow stars". m.guardian.ng. 2018-05-10. Retrieved 5 Phalane 2025.
- ↑ "ill gladly raise funds for the needy mabel oboh". sunnewsonline.com. 2017-05-10. Retrieved 5 Phalane 2025.
- ↑ "sisters launch saveourstars campaign". tribuneonlineng.com. 2019-05-10. Retrieved 5 Phalane 2025.
- ↑ "Nigerian reggae star yellow banton sos initiative grateful to nigerians". newsofafrica.org. 2017-05-10. Retrieved 5 Phalane 2025.
- ↑ "Celebrating Excellence and Achievements". dailytimesng.com. Retrieved 5 Phalane 2025.
- ↑ "Scottish election black activist faces prejudice". The Times. 2019-05-10. Retrieved 5 Phalane 2025.
- ↑ "breaking Nigerian josephine oboh Macleod is conservatives unionist candidate in scotland". vanguardngr.com. 2020-02-17. Retrieved 5 Phalane 2025.
- ↑ "Nigerian Lady Oboh-Macleod Gets Scottish Conservatives Unionist Party Ticket". independent.ng. 2022-02-17. Retrieved 5 Phalane 2025.
- ↑ "Preference Summary Report Ward 7". eastdunbarton.gov.uk. 2022-04-16. Retrieved 5 Phalane 2025.
- ↑ "made history as the first woman of African descent". vanguardngr.com. 2022-01-25. Retrieved 5 Phalane 2025.
- ↑ "Oboh Macleod Is Conservative Friends Of Africa Scotlands First Chairperson". vanguardngr.com. Retrieved 5 Phalane 2025.
- ↑ "SCP Holds Conference In Scotland". 2023-04-30. Retrieved 5 Phalane 2025.
- ↑ "Our exhibition at Conservatives Party's confab seminal — Oboh-MacLeod, Chairperson of CFoAfricaScotland". 2023-04-27. Retrieved 5 Phalane 2025.