Joyce Chepkirui
Joyce Chepkirui (o tshotswe ka kgwedi ya Phatwe e le masome a mabedi ,ngwaga wa 1988) ke motshameki wa marathone wa kwa Kenya yo o gaisanang mo metshamekong ya go taboga mo tseleng. O ne a itshupa e le motabogi wa halofo ya marathone, a fenya dikgaisano kwa Granollers, Bogotá le Gothenburg. O ne a dira nako ya 1:06:19 go fenya Prague Half Marathon ka ngwaga wa 2014. Gape o tsenela dikgaisano tsa 10K mo tseleng mme rekoto ya gagwe ya metsotso e le 30:38 e mo dira mosadi wa botlhano yo o bonako go gaisa botlhe.
Chepkirui o simolotse go gaisana mo kgaisanong ya go taboga mo lefathseng ka ngwaga wa 2012 mme a fenya sereto sa Kenya le sa Afrika. O ne gape a tsenela dikgaisano tsa 1500 metres mme a gapa sekgele sa selefera kwa All-Africa Games ka 2011.
Tiro
[fetola | Fetola Motswedi]Chepkirui o goletse kwa kgaolong ya Buret kwa porofenseng ya Rift Valley ya Kenya. [1]
O ne a tlhagelela la ntlha mo kgaisanong ya boditšhabatšhaba ka 2007 kwa African Junior Athletics Championships, kwa a neng a fitlha mo maemong a botlhano mo metshamekong ya 1500 metres. [2]O ne a simolola go taboga halofo ya marathone kwa Benidorm ka kgwedi ya Ngwanatsele wa ngwaga oo mme a feleletsa e le mofenyi wa bobedi. [3]O ne a leka go taboga sekgala sa dimetara di le 3000 ka 2008, mme o ne a kgona go tshwara maemo a botlhano fela kwa dikgaisanong tsa bosetšhaba tsa bašwa.[4] Mo ngwageng o o latelang o ne a simolola go tsenela dikgaisano tsa go taboga mo tseleng. O ne a ya kwa Spain mme a nna mo maemong a ntlha a le matlhano mo mabelong a le mmalwa, a gatelelwa ke phenyo ya gagwe kwa Almodóvar del Río ka nako ya diura di le 1:11:47.[3][5]Kwa bokhutlong jwa ngwaga o ne a nna wa bone mo kgaisanong ya 15K kwa Kenya's Baringo Half Marathon. [6]
2010
[fetola | Fetola Motswedi]Chepkirui o ne a itshupa e le motabogi wa maemo a a kwa godimo wa halofo ya marathone ka ngwaga wa 2010. O ne a fenya metseletsele ya dikgaisano tsa kwa Spain, a gapa dietsele kwa Alicante, Torrevieja, Albacete, San Sebastián le Logroño. O ne a tokafatsa rekoto ya gagwe go nna 1:09:51 mo lobelong lwa San Sebastián mme gape a fenya Barcelona le Granollers Half Marathons. [7][8]O ne a tlhophiwa go emela Kenya kwa 2010 IAAF World Half Marathon Championships mme o ne a taboga nako e e gaisang ya 1:09:30 go tsaya maemo a botlhano le go thusa Kenya go fenya mo setlhopheng. [9] O ne a tswala setlha ka go fenya gape kwa Spain, a fenya kwa Córdoba mme a tlhoma rekoto e nngwe ya 1:09:25 ya diura kwa Valencia Half Marathon.[10] O feditse ngwaga ka go fenya mo kgaisanong ya 15K Baringo kwa Kenya.[1]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 Macharia, David (7 November 2010). "Kipkorir surprises to take victory at Baringo Half-Marathon". IAAF. Retrieved 1 May 2016.
- ↑ 2007 African Junior Athletics Championships Archived 31 October 2013 at the Wayback Machine. World Junior Athletics History. Retrieved on 3 April 2012.
- 1 2 Joyce Chepkirui. Tilastopaja. Retrieved 3 April 2012.
- ↑ 3000 Metres Steeplechase junior 2008. IAAF. Retrieved 3 April 2012.
- ↑ Women's Half Marathon 2009. IAAF. Retrieved 3 April 2012.
- ↑ Macharia, David (20 December 2009). "Teenager Ndiema surprises with Baringo Half Marathon victory". IAAF. Retrieved 1 May 2016.
- ↑ "2010 IAAF World Half Marathon Championships – Athlete Biographies" (PDF). IAAF. Retrieved 3 April 2012.
- ↑ "Palmarés La Mitja". Granollers Half Marathon. Archived from the original on 22 August 2020. Retrieved 22 August 2020.
- ↑ 2010 IAAF World Half Marathon Championships – Women's Team Results Archived 29 June 2011 at the Wayback Machine. IAAF. Retrieved on 3 April 2012.
- ↑ Joyce Chepkirui Archived 31 January 2012 at the Wayback Machine. Posso Sports. Retrieved 3 April 2012.