Jump to content

Joyciline Jepkosgei

Go tswa ko Wikipedia

Joyciline Jepkosgei (o tshotswe ka kgwedi ya Sedimonthole e le boferabobedi (8) ka ngwag wa 1993)[1] ke motshameki wa motshameko wa go taboga sekgala se seleele wa mosadi go tswa kwa Kenya yo o gaisanang mo sekgaleng sa dimetara di le 10 000 go ya go marathone. Ke motho yo a kileng a tshwara rekoto ya lefatshe ya half marathon mo dikgaisanong tse di nang le banna le basadi ka nako ya gagwe ya metsotso e le 64:51, mme gape ke motho yo a kileng a tshwara rekoto ya lefatshe mo dikilomitara di le 10 ka metsotso e le 29:43.[2] O ne a gapa sekgele sa boronse sa 10,000 m kwa African Championships in Athletics ka ngwaga wa 2016. Jepkosgei o ne a taboga rekoto ya lefatshe ya halofo ya marathone ya 1:04:52 kwa Prague Half Marathon ka kgwedi ya Moranang ka ngwaga wa 2017, a nna mosadi wa ntlha go roba metsotso e le 65.[3] O ne gape a roba direkoto tsa IAAF tsa 10 km, 15 km le 20 km mo tseleng, a roba palogotlhe ya direkoto di le nne tsa lefatshe mo kgaisanong e le nngwe. O ne a nna mo-Kenya wa ntlha go roba direkoto tsa lefatshe di le thataro mo dikgweding di le thataro.[4]

Jepkosgei o ne a tlhagelela jaaka motabogi wa maemo a porofeshenale kwa Nairobi Half Marathon wa ngwaga wa 2015, kwa a fentseng mo maemong a botlhano ka nako ya metsotso e le 1:14:06.[5]O ne a phimola rekoto ya gagwe ya 1:09:09 metsotso kwa First Lady's Half Marathon ya ngwaga o o latelang kwa motsemoshate wa Kenya, a nna wa bobedi morago ga Valentine Kipketer.[6]O ne a tokafatsa ka metsotswana e le mebedi go feta fa a ne a fenya Karlovy Vary Half Marathon,[7] e e neng ya mo tsenya mo gare ga batsamai ba le masome a mararo le botlhano (35) ba ba kwa godimo ka ngwaga oo.[8]

E ne e le leloko la Kenya Defence Forces, o ne a nna mofenyi gabedi mo dikgaisanyong tsa bone tsa metshameko ka ngwaga wa 2016 mo metshamekong ya dimetara di le 5000 le dimetara di le 10 000. O ne a tsaya maemo a boraro mo metshamekong ya 10,000 m kwa Kenya Athletics Championships [5]mme a tlhophiwa go tsenela metshameko wa ngwaga wa 2016 African Championships in Athletics. O ne a tsaya metlele wa boronse ka nako ya gagwe e e gaisang ya metsotso e le 31:28.28.[9]Jepkosgei o feditse ngwaga wa gagwe wa katlego ka go nna mofenyi wa bobedi kwa Prague Grand Prix le go fenya kwa Marseille-Cassis Classique Internationale.[10]

O ne a tsenela kgaisano ya gagwe ya ntlha ya maemo a a kwa godimo ya halofo ya marathone kwa tshimologong ya ngwaga wa 2017 mme a tsaya metsotso e ka nna meraro go tswa mo maemong a gagwe a a kwa godimo, a kgabaganya molelwane ka metsotso e le 66:08 go tsaya maemo a boraro kwa RAK Half Marathon. Seno se ne sa dira gore a nne motabogi wa bosupa yo o lobelo go gaisa botlhe ka nako eo. Mofenyi, Peres Jepchirchir, o ne a roba rekoto ya lefatshe mme Jepkosgei o ne a taboga ka lobelo lo lo kwa godimo go gaisa botlhe mo maemong a gagwe, fela jaaka Mary Keitany yo o neng a le mo maemong a bobedi. Jepchirchir le Keitany ba ne ba gapa dikgele tsa lefatshe mo sekgaleng sa halofo ya marathone, ka jalo ba tlhoma Jepkosgei mo gare ga ba ba gaisang lefatshe.[11]Kgwedi le sephatlo morago ga moo o ne a boela kwa sekgaleng seo mme a itshupa e le motho yo o lobelo go gaisa botlhe, a fenya Prague Half Marathon. Mo lobelong loo o ne a roba direkoto di le nnè tsa lefatshe mo tseleng, a rekota 30:05 ka 10K, 45:37 ka 15K le 61:25 ka 20K.

Ka kgwedi ya Lwetse ka ngwaga wa 2017, ka thuso ya monna wa pacer, o ne a tokafatsa rekoto ya gagwe ya lefatshe ya 10K go ya go 29:43,[12]fela kwa pele ga Fancy Chemutai (30:06), le Violah Jepchumba (30:25), kwa Prague Grand Prix, ka go dira jalo a nna mosadi wa ntlha go taboga sekgala se se kwa tlase ga metsotso e le masome a mararo (30).

Ka kgwedi ya Ngwanatsele ngwaga wa 2019, Jepkosgei o ne a fenya New York City Marathon ka nako ya gagwe ya ntlha ya semmuso mo sekgaleng seo ka nako ya 2:22:38, e leng nako ya bobedi e e bofefo mo kgaisanong ya basadi.[13]

Ka ngwaga wa 2020, o ne a gaisana mo kgaisanong ya basadi ya halofo ya marathone kwa 2020 World Athletics Half Marathon Championships e e neng e tshwaretswe kwa Gdynia, Poland.[14]

Jepkosgei o ne a fenya London Marathon ya 2021 morago ga go etelela pele dikilometara di le masome a mabedi le bobedi (22) mo lobelong mme a nna motabogi wa bosupa wa lebelo le le kwa godimo wa mosadi mo hisetoring ka nako ya 2:17:43.[15]

Mo ngwageng o o latelang, monna yono wa dingwaga di le masome a mabedi le boferabobedi (28) o ne a tla mo maemong a bosupa kwa Lebelong la Marathone la Boston ka kgwedi ya Moranang ka ngwaga wa 2022 ka nako ya 2:24:43. Kwa London Marathon wa ngwaga wa 2022 ka kgwedi ya Phalane, Jepkosgei o ne a nna wa bobedi morago ga Yalemzerf Yehualaw, ka nako ya 2:18:07 mme a fosa rekoto ya gagwe ka metsotswana e le 24.[16]

Botshelo jwa gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Jepkosgei o ne a katisiwa ke monna wa gagwe, Nicholas Koech, go fitlha ka ngwaga wa 2019 mme o na le morwa, Brandon, yo o tshotsweng ka ngwaga wa 2011.[17]

  1. "Joyciline JEPKOSGEI – Athlete Profile". World Athletics. Retrieved 1 January 2021
  2. Mulkeen, Jon (1 April 2017). "Jepkosgei breaks four world records at Prague Half Marathon". World Athletics. Retrieved 1 April 2017
  3. "Inside look: Joyciline Jepkosgei's training ahead of half marathon world record finish". Sports Illustrated. 5 April 2017. Retrieved 5 April 2017
  4. Kelsall, Christopher (14 February 2019). "World record holder Joyciline Jepkosgei runs marathon debut in Hamburg". Athletics Illustrated. Retrieved 14 February 2019.
  5. 1 2 Joyciline Chepkosgei. Association of Road Racing Statisticians. Retrieved on 1 April 2017
  6. Ayodi, Ayumba (7 March 2016). Kimitei and Kipketer clinch First Lady Half Marathon top honours. The Nation. Retrieved on 2017-04-01
  7. Ramsak, Bob (21 May 2016). Records fall despite difficult conditions in Karlovy Vary. IAAF. Retrieved on 2017-04-01.
  8. senior outdoor 2016 Half Marathon women. IAAF. Retrieved on 1 April 2017.
  9. Botton, Wesley (25 June 2016). Aprot takes African 10,000m title. IAAF. Retrieved on 2017-04-01
  10. Kiplagat and Jepkosgei prevail in Marseille Cassis 20km. IAAF (30 October 2016)). Retrieved on 2017-04-01
  11. Botton, Wesley (25 June 2016). Aprot takes African 10,000m title. IAAF. Retrieved on 2017-04-01
  12. [permanent dead link]
  13. Crouse, Lindsay (3 November 2019). "Kenyan Runners Dominate in N.Y.C. Marathon". The New York Times. Retrieved 4 November 2019
  14. "Women's Half Marathon" (PDF). 2020 World Athletics Half Marathon Championships. Archived (PDF) from the original on 17 October 2020. Retrieved 17 October 2020
  15. "London Marathon 2021: Jepkosgei and Lemma win London Marathon titles in rapid times". BBC Sport. 3 October 2021. Retrieved 3 October 2021
  16. Henderson, Jason (2 October 2022). "Yalemzerf Yehualaw makes a name for herself in London". AW. Retrieved 2 October 2022.
  17. Amimo, Neville (4 October 2021). "Who is Joyciline Jepkosgei". TeamKenya.co.ke. Retrieved 4 October 2021