Jump to content

Julie Kilian

Go tswa ko Wikipedia
Julie Kilian
Leloko la Kokoano Bosetšhaba ya Aforika Borwa.
In office
6 Motsheganong 2009  7 Motsheganong 2019
ConstituencyGauteng
Ka Ga Ena
Mosetshaba waMoaforika borwa
MokgatlhoAfrican National Congress (2014–le gompieno)
Dikamano tse dingwe
tsa sepolotiki
Congress of the People (2008–14)
New National Party
Mo/BakapeloJohan Kilian (o tlhokafetse)
Tiromopolotiki

Juliana Danielle "Julie" Kilian ke mopolotiki wa Aforika Borwa. O dirile jaaka Leloko la Kokoano Bosetšhaba ya Aforika Borwa mo makokong a mabedi a sepolotiki go tloga ka 2009 go fitlha ka 2019. O ne a emela Khonkerese ya Batho go tloga ka 2009 go fitlha ka 2014 le Khonkerese ya Bosetšhaba ya Aforika fa gare ga 2014 le 2019. Kilian e ne e le leloko le legolo la New National Party.

Botshelo le tiro

[fetola | Fetola Motswedi]

Kilian o tsholetswe mo Aforika Borwa. O ne a nyala Johan Kilian.[1]

Ka 1974, Kilian o ne a nna Mookamedi wa Puisano wa Lefapha la Tshedimosetso. Ene le monna wa gagwe ka bobedi e ne e le maloko a magolo a New National Party. E ne e le moeteledipele wa porofense wya lekoko kwa Gauteng fa ene a ne a emetse NNP kwa Lekgotleng la Peomolao la Porofense ya Gauteng mme a dira jaaka modulasetulo wa komiti ya thuto ya lekgotla la peomolao.

Ka 2008, Kilian le monna wa gagwe ba ne ba nna leloko la Khonkerese ya Batho. O ne a tlhophiwa kwa Kokoanong Bosetšhaba jaaka mongwe wa baemedi ba ntlha ba lekoko.[2] E ne e le leloko la komiti ya photefolio ya ditlhaeletsano.[3]

Pele ga ditlhophokakaretso tsa Aforika Borwa tsa 2014, Kilian o ne a rola tiro mo COPE mme a nna leloko la Khonkerese ya Bosetšhaba ya Aforika. E ne e le mongwe wa mapalamente a le mantsi a a neng a tlogela COPE ka ntlha ya dintwa tsa mo gare. Leina la gagwe le ne la bewa mo palong lya ditlhopho la ANC mme a boela kwa Palamenteng morago ga ditlhopho. [4]Monna wa gagwe o tlhokafetse ka 2015.[1]

Ka 2018, Kilian o ne a nyatsa AfriForum. A re setlhopha sa go buelela ga se "buele mo boemong jwa me le ba bangwe ba ba buang puo ya Seaforikanse".[5]

Kilian o ne a tswa mo Palamenteng pele ga ditlhophokakaretso tsa 2019, ka a ne a sa kwadisiwa jaaka ntlhopheng.

  1. 1 2 Evans, Jenni (5 October 2015). "Former NNP Gauteng leader dies". News24. Retrieved 22-11-25
  2. "COPE keenly watching results". IOL. 23 April 2009. Retrieved 22-11-25
  3. "Cope: statement by Julie Kilian, Congress of the People spokesperson, on the new SABC Bill (03/11/2009)". Polity. Retrieved 22-11-25
  4. "Why former Cope MP Kilian leapt to the ANC". Mail & Guardian. 12 March 2014. Retrieved 22-11-25
  5. Gerber, Jan (17 May 2018). "'Radical right' AfriForum doesn't speak for progressive Afrikaans speakers – ANC MP Juli Kilian". News24. Retrieved 22-11-25