Kåre Becker
|
| |||
| Motshameki wa kgwele ya dinao | |||
|---|---|---|---|
| Leina | Mufulira Zambia | ||
| Letsatsi la tsalo | Firikgong a le masome mabedi le bosupa ngwaga wa 1978 | ||
| Bolele | 1.82 m (6 ft 0 in) | ||
| Maemo | Kwa pele | ||
Kare Becker (o o tshotsweng ka Firikgong a le masome mabedi le bosupa 1978) ke motshameka kgwele ya dinao wa pele wa Zambia, o a neng a tshameka kwa pele.[1]
Tsa Pereko
[fetola | Fetola Motswedi]A tsholetswe kwa Zambia ke rraagwe o o tswang kwa Malawi ke mmaagwe a tswa kwa Zimbabwe, Becker o ne a fudugela kwa Netherlands a le dingwaga di le tlhano morago ga go nna kwa Ireland le Norway.[2]
Ka 2000, Becker o ne a adimiwa setlhopha sa Heracles Almelo mo legatong la bobedi la phadisabo ya Dutch. Kwa bofelelong jwa setlha sa ntlha sa 2000,fa a bodiwa gore o batla go amogela bokae mo dipuisanong tsa konteraka e ntsha, o ne a kopa go ikakanya ka nakwana. Morago ga malatsi a mabedi, pampiri ya dikgang ya mo gae e ne ya bega gore go ntshafadiwa ga konteraka go emisitswe ka ntlha ya go batla madi a a kwa godimo thata.[2]
Ka 2001, Becker o ne a baya monwana setlha sa bobedi kwa PEC Zwolle. Le fa go ntse jalo, ka setlha seo, mookamedi Paul Krabbe o ne a emisediwa ka Peter Boeve, o a neng a sa mo tseye sentle, ebile a mo neela kamoro ya go fetola dilwana e e pharologano.[2] Ka jalo o ne a tlogela ka 2001 go tsena 02.
Ka 2004 go tsena 05, Becker o ne a baya monwana konteraka le setlhopha sa Nordhorn kwa setlheng sa bone sa Germany, mme o ne a seka a tshameka sentle ka a ne a nyaditse kgwele ya dinao ga Germany.[2]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Kåre Becker at WorldFootball.net
- 1 2 3 4 Kåre Becker en zal terug naar het profvoetbal docplayer.nl (Archived)