Jump to content

Kaba Nialé

Go tswa ko Wikipedia

Kaba Nialé (o belegwe ka ngwaga wa 1962) ke mopolotiki wa kwa Ivory Coast yo o ntseng a direla jaaka Tona ya Togamaano le Tlhabololo le Tautona wa lekgotla la Babusi ba African Development Bank (AFDB) go tloga ka ngwaga wa 2019.[1]

Dithutego le botshelo jwa gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Nialé o tsholetswe kwa Bouko ka 1962. O ne a bona setankana sa bachelorate ya C ka 1981 le dikirii ya master mo ikonoming ka boikgethelo jwa ikonomi ya setšhaba go tswa kwa University of Abidjan-Cocody ka 1989. O ne a bona Setankana ya boenjenere go tswa kwa European Center for the Training of Economic Statisticians in developing countries (CESD) le Diploma ya Advanced Studies in International Economics and Development Economics kwa University of Paris 1- Panthéon-Sorbonne.[ 5] Ka 1993, Nialé o ne a tsenela Institute of the International Monetary Fund (IMf) mo Economic Policy Management. [ 6]


Nialé o simolotse tiro ya gagwe jaaka mmatlisisi mme ka bonako morago ga moo a nna tlhogo ya badiri go Tonakgolo go tloga ka 1991 go fitlha ka 2000 fa a ne a fudusediwa kwa Lefapheng la Ikonomi le Matlotlo jaaka Motlatsa Tona ya Badiri kwa Lefapheng la Ikonomi le Matlotlo. Go tloga ka 2003 go fitlha ka 2005, o ne a direla jaaka Mookamedi wa Setlhopha sa Tona ya Botsweretshi le Tlhokomelo ya Lefapha le le sa Rulagantsweng pele ga go tlhomiwa jaaka Mokaedi Kakaretso wa Côte d'Ivoire Tourisme go tloga ka 2005 go fitlha ka 2007. O ne a tlhophiwa go nna Tona ya Tsweletso ya Kago ya Matlo ya Côte d'Ivoire mo pusong ya Tonakgolo Guillaume Soro, a direla go tloga ka 2011 go fitlha ka 2012.

Nialé o ne a nna mosadi wa ntlha go etelela pele Lefapha la Ikonomi le Matlotlo kwa Côte d'Ivoire fa a ne a tlhophiwa ka 22 Ngwanatsele 2012 ke Tautona Alassane Ouattara mme a direla go fitlha ka Ferikgong 2016 fa a ne a romelwa gape kwa Lefapheng la Togamaano le Tlhabololo. Ka nako ya fa a ne a le Tona ya Ikonomi le Matlole, ikonomi ya Ivory Coast e ne ya fitlhelela kgolo ya ngwaga le ngwaga ya palogare ya 9% mme e ne ya tsewa jaaka nngwe ya ikonomi e e matlhagatlhaga mo Afrika ke ditheo tsa boditšhabatšhaba jaaka Moody's le Fitch.[ 3]

Dikganetsano

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka 2014, National Press Council (CNP) e ne ya itsise gore mogatisi Alafe Wakili le Traore Moussa, moporesidente wa mokgatlho wa babegadikgang wa UNJCI, ba ne ba leka go tsietsa modirimmogo gore a emise ditlhogo tsa lokwalodikgang lo lo tumileng lwa satire L'Éléphant Déchaîné, lo lo neng lo latofatsa Nialé ka go sa tsamaise dikonteraka tsa puso sentle.[ 11]

[1] "BAD : comment Nialé Kaba a sauvé la présidence Adesina – Jeune Afrique". JeuneAfrique.com (in French). 2020-10-21. Retrieved 2021-03-09.

[2] Thierry Gouegnon and Ange Aboa (March 7, 2016), Women take leading roles as Ivory Coast emerges from turmoil Reuters.

[3] "Biographie". Bienvenue sur le site Officiel de Madame Nialé KABA (in French). Retrieved 2021-03-09.

[4] Rédaction, La (2014-04-21). "Enquête judiciaire sur un scandale de corruption mêlant des journalistes et une ministre". Connectionivoirienne.net (in French). Retrieved 2021-03-09.

[5] "NialéKABA (Ministre du Plan et du développement) - Abidjan.net Qui est Qui". Abidjan.net. Archived from the original on 2020-08-15. Retrieved 2021-03-09.

[6] "Côte d'Ivoire : Kaba Nialé, une ministre au mérite – Jeune Afrique". JeuneAfrique.com (in French). 2013-02-19. Retrieved 2021-03-09.

[7] "Nialé Kaba : " Le Covid-19 va imposer une redéfinition des priorités de développement " | FratMat". www.fratmat.info. Retrieved 2021-03-09.

[8] ""Affaire tentative de corruption " : Kaba Nialé " dément les accusations du CNP "". Abidjan.net. Retrieved 2021-03-09.

[9]Board of Governors ECOWAS Bank for Investment and Development (EBID).

[10]Board of Governors Islamic Development Bank (IsDB).

[11]Joe Bavier and Ange Aboa (January 21, 2014), Ivory Coast suspends publisher, press union boss in bribery case Reuters.