Jump to content

Kabo Rankgwe

Go tswa ko Wikipedia
Kabo Rankgwe
Personal information
Birth nameKabo David Rankgwe
NationalityBotswana
Born25 Phalane 2003(dingwaga 22)
Sport
SportAthletics
Event(s)Sprint

Kabo David Rankgwe (o tshotswe ka kgwedi ya phalane e le masome a mabedi le botlhano ka ngwaga wa dikete tse pedi le boraro (2003) ke motabogi go tswa Botswana. O ne a gapa sekgele sa boronse mo kgaisanong ya 4 x 400 metres mo dikgaisanong tsa Lefatshe Lotlhe tsa Di-athlete tsa 2025 .[1]

Ke leloko la mophato wa Lefika Athletics .[2]Ka kgwedi ya Seetebosigo ka ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le bone (2024), o ne a taboga 45.74 mo dimetareng di le makgolo a mane (400) fa mophato wa Botswana Athletics (BAA) o ne o tshwere Motseletsele wa Di-athletes wa Taletso kwa Lebaleng la Bosetšhaba kwa gaborone.[3] Ka kgwedi ya Mopitlo ka ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le botlhano (2025), o ne a taboga metsotso e le 45.64 mo lebelong la dimitara di le makgolo a mane (400) kwa Pretoria, kwa Aforika Borwa.[4]

O ne a tlhophiwa go gaisana le Botswana mo metshamekong ya dikgaisanong tsa Lefatshe Lotlhe tsa Di-athlete tsa 2025 kwa China ka kgwedi ya Motsheganong ka ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le botlhano (2025.)[5]O ne a taboga legato la boraro la makgaolakgang a neela moagi ka ene yo o nang le maitemogelo go feta Leungo Scotch mme a aga mo legatong la ntlha le le nonofileng go tswa go Lee Eppie fa setlhopha sa banna sa Botswana sa dimitara di le 4 x 400 se ne se tsaya maemo a boraro ka nako ya 2:58.27 go gapa dikgele tsa boronse.[6][7][8]

  1. "Kabo Rankgwe". World Athletics. Retrieved 24-09-2025.
  2. Kolantsho, Calistus (April 5, 2024). "Athletes in rush as deadline looms". mmegi.bw. Retrieved 24-09- 2025.
  3. "PBs registered as athletes attempt qualifications". mmegi.bw. 11 June 2024. Retrieved 24-09-2025.
  4. "AGN Track & Field League 4 ( U16, U18, U20 & Seniors)". World Athletics. 1 March 2025. Retrieved 24-09-2025.
  5. "Step Up And Be Stars". thevoicebw.com. 9 May 2025. Retrieved 24-09-2025.
  6. "USA, Spain and South Africa claim 4x400m titles in Guangzhou". World Athletics. 11 May 2025. Retrieved 24-09-2025.
  7. "World Athletics Relays". World Athletics. 11 May 2025. Retrieved24-09-2025.
  8. Islam, Tajamul (May 11, 2025). "Left Stranded by Letsile Tebogo and Co, Botswana Prove Critics Wrong With Strong Comeback at World Relays". Retrieved 24-09-2025.