Kago ya Palamente, Windhoek
Kago ya Palamente, Windhoek, e e itsegeng gale ka leina la Tintenpalast (lefoko la se Jeremane la Ntlo ya segosi), ke manno a palamente ya bobedi (khansele le palamente). E kwa toropokgolo ya Namibia Windhoek.
Tintenpalast, e e kwa bokone jwa tsela ya Robert Mugabe, e tshwantshitswe ke motshwantsha matlo wa mo Jeremane Gottlieb Redecker, ya agiwa ke kompone ya Sander & Kock gareng ga dingwaga tsa 1912 le 1913 a dirisa didirisiwa tsa mo gae e le kago ya puso ya Jeremane, e e neng e laola Namibia ka nako eo.[1] Tiro ya go aga e ne e dirisa batho ba ba pateleditsweng go bereka ke BaHerero le Ba Nama ba ka go falola polao ya batho ba merafe ya Herero le Nama ba ba neng ba beilwe kwa dikampeng tsa botshabelo tsa batho bantsi.[2][3]
Kago e butswe ka Moranang a le lesome le bobedi ngwaga wa 1913.[1] E ne ya bidiwa Tintenpalast kgotsa ntlo ya bogosi ya inke ka go dirisiwa pena thata.[4] Fa lefatshe la Namibia le nna le kgololesego ka ngwaga wa 1990, Tintenpalast e ne ya nna bodulo jwa palamente.[1]
Ka ntlha ya phetogo mo molaomotheong wa ngwaga wa 2014, palo ya mapalamente e ne ya oketsega thata. Ka jalo go ne ga kopiwa gore go agiwe kago ya palamente e kgolwane, ka mapalemente a le mantsi le babereki ba bangwe ba sa kgone go lekana Tintenpalast.[5] Moses Ndjarakana o supa fa popego ya kago e e sa tshwanela go nna ntlo ya batho, le gore seemo sa gone jaana ga se a siama ebile ga se kgatlhise ka se na le seabe mo tsamaisong e e sa ntsheng maduo.[1]
Tintenpalast e dikaganyeditswe ke tshimo ya Palamente, e e ratiwang thata ke banni ba Windhoek.[4]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 3 4 Ndjarakana, Moses (19 March 2014). "In defence of the Parliament (National Assembly) Building". Windhoek Observer. Retrieved 03 October 2025.
- ↑ Katjavivi, Jane (2010). Undisciplined Heart. African Books Collective. p. 69. ISBN 9781920397043. Retrieved 03 October 2025
- ↑ The Colonising Camera: Photographs in the Making of Namibian History. Juta and Company Ltd. 1998. p. 119. ISBN 9781919713229. Retrieved 03 October 2025.
- 1 2 "Namibia Tourist Attractions and Sightseeing". World Guides. Retrieved 03 October 2025.
- ↑ Muraranganda, Elvis (18 May 2016). "NA spends N$4.3 million on offices for MPs". New Era. Retrieved 03 October 2025.