Kajuru Castle

Kajuru Castle ke ntlo ya manobonobo e e agilweng magareng ga dingwaga tsa 1981 le 1989, kwa Kajuru (Ajure) motsana mo borwa jwa Kaduna State, Nigeria. E ne ya agiwa ke moagi wa kwa Jeremane kwa Nigeria, a nna kwa Kaduna ka nako eo. Kago ya phemelo e bokgakala jwa dikilometara di le 45 go tswa kwa Kaduna mo setlhoeng sa thaba mo motseng wa Kajuru (Ajure), kwa Kaduna State. E agilwe ka leje la granite le le bokima jwa metara o le mongwe ka mokgwa wa go aga wa bogologolo wa kwa Roma, mme e kgabisitswe ka ditora, bobolokelo jwa dibetsa le kgolegelo.
Kago ya phemelo ke ya poraefete, mme e kgona go tshola baeng ba le 150.[ 3]
Popego ya kago
[fetola | Fetola Motswedi]Kago ya phemelo gantsi e tlhalosiwa jaaka mofuta wa Seaforika wa Kago ya phemelo ya Bavaria ka mokgwa wa go tsosolosa wa Romanesque wa lekgolo la bo 19 la dingwaga. E na le holo e e agilweng ka mokgwa wa segosi, e na le dikgolegelo le ditora tse di nang le mabota a a ageletsweng. Kago ya phemelo gape e na le holo e kgolo ya 'knights' le bonno jwa beng ba matlo (masters) le diphaposi tse dingwe di le mmalwa mo matlhatlaganyaneng a yone a mararo. 4]
Ditiragalo
[fetola | Fetola Motswedi]Ka 19 Moranang 2019, dirukhutlhi tse di sa itsiweng tse di neng di tshotse dibetsa tse di bokete di ne tsa thuba mo kagong ya phemelo, [1] tsa bolaya batho ba le babedi, moitseanape wa tlhaeletsano wa kwa Boritane [2] le mothusi wa kwa Nigeria wa khampani ya NGO ya Mercy Corps. [3] Dirukhutlhi tse di sa itsiweng gape di ne tsa tsaya ba bangwe ba le bararo.[ 8]
Moragonyana, batshwarwa ba ne ba gololwa morago ga gore mapodisi a Nigeria a tsereganye. 9][10]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi][1] Hotels.ng. "Kajuru Castle". Kajuru Castle | Hotel in Kaduna | Hotels.ng. Retrieved 2017-04-15.
[2] Wale-Ojo, Lanre (Sep 20, 2017). "Kajuru Castle: Nigeria's Hidden Haven In Kaduna". Tribune. Tribune. Retrieved 1 March 2019.
[3] "All you need to know about planning a day trip to Kajuru castle". Pulse NG. Pulse. Retrieved 1 March 2019.
[4] Johnson, Elizabeth Ofosuah. "The Beautiful Kajuru Castle in Nigeria Promises a Taste of 19th-Century Royalty". Face2FaceAfrica. Face2FaceAfrica. Retrieved 1 March 2019. [5] "Terror attack on Kajuru Castle". Punch Newspapers. 2019-07-30. Retrieved 2021-06-26. [6]"British aid worker killed by gunmen at a holiday resort in Nigeria". CNN. Cable News Network. Retrieved 22 April 2019.
[7]"What we know about Mathew Oguche, Nigerian killed in Kaduna attack". BBC News UK. British Broadcasting Corporation. Retrieved 22 April 2019.
[8]"British Woman Killed by Gunmen at Nigerian Holiday Resort". BBC News UK. British Broadcasting Corporation. Retrieved 22 April 2019.
[9]"Why Nigeria Needs To Reclaim Kajuru Castle". Independent Newspaper Nigeria. Retrieved 2021-06-26.
[10] "Three people kidnapped in Kajuru castle freed – Police | Premium Times Nigeria". 2019-05-01. Retrieved 2021-06-26.