Kalafi ya letshololo mo gae

Go tswa ko Wikipedia

Fela fa letshololo le simolotse ngwana, mo siele dino (e seng dino tagi)kgapetsa kgapetsa go feta jaaka gale go thibela tatlhegelo ya metsi mo mmeleng.
Dingwe tsa dino tse di tshwanetseng ke

  • Kgodu ya setampa kgotsa ya raese, moro le dijo tse dingwe tse di metsi jaaka motogo wa ting.
  • Mashi a lebele, dino tse di dirilweng ka mashi jaaka madila le yokate.
  • Metsi a a phepa le matute a maungo.
  • Motswako wa letshololo o o fiwang kwa kokelwaneng fa o le teng mo gae: Tlhakanya jaana: pakete ya ORS + lithara ya metsi a a bedileng a sena go tsidifala.

Ela tlhoko: Siela ngwana dino tse jaaka a batla.
=== Fa ngwana dijo kgapetsa kgapetsa go thibela go latlhgelwa ke mmele ===

Fa ngwana dijo[fetola | Fetola Motswedi]

  • Tse di kgobilweng gore di silege motlhofo mo maleng.
  • Tse di apeilweng mo bosheng
  • Dijo tse di siametseng ngwana yo o tshololang ke tse: motogo wa ting, motogo o o tsentsweng dikotla jaaka mafuranyana (cooking oil), botoro, kgotsa botoro ya manoko (peanut butter). Phaletshe e e nang le mafura, mashi a lebese kgotsa madila, ditapole, mae a a bidisitsweng, borotho jo bosweu, merogo, nama ya koko, ya kgomo kana tlhapi.
  • Matute a maungo kgotsa dibanana.
  • Fa ngwana dijo kgapetsa kgapetsa, garataro kgotsa go feta foo ka letsatsi.
  • Fa letshololo le eme, okeletsa ngwana dijo letsatsi le letsatsi gore a bone nonofo le dikotla tse di mo latlhegetseng fa a ne a tsholola.

Isa ngwana kwa kokelwaneng fa a supa dikai tse:[fetola | Fetola Motswedi]

  • Fa a sa nne botoka
  • Fa a tsholola kgapetsa kgapetsa
  • Fa a sa nwe kgotsa a sa je sentle
  • Fa a phaphalala legano kana a tshwarwa ke lenyora thata.
  • Fa a lebega a lapile.
  • Fa a gotetse
  • Fa matlho a wetse
  • Fa phogwana e wetse (mo maseeng)
  • Fa letlalo la gagwe le phaphaletse ebile le ema fa le tshwarwa ka go pitlaganyediwa fa gare ga menwana jaaka e kete o a notiwa

==== Ela tlhoko: ==== Dipalo tse di mo setshwantshong di tsamaelana le dingwe tsa dikai tse di kailweng fa go dimo.

Dikai tsa fa o latlhegetswe ke metsi a mmele.