Jump to content

Kamala Harris

Go tswa ko Wikipedia

Kamala Devi Harris (/ KAH-mə-lə DAY-vee;[1] yo o tshotsweng ka Phalane a le masome mabedi, 1964) ke lepolotiki le mmueledi wa Amerika yo o neng a dira jaaka mothusa tautona wa bo masome a mane le boferabongwe wa United States go tloga ka 2021 go ema ka 2025 ka fa tlase ga ga tautona Joe Binden. Ke mothusa tautona wa ntlha wa mosadi, wa ntlha wa Moaforika wa Amerika, le wa ntlha wa Moasia wa Amerika wa U.S., le modiredimogolo wa maemo a a kwa godimo wa mosadi le wa Moasia wa Amerika mo ditsong tsa U.S. Harris o ne a emela California kwa senateng ya U.S. go tloga ka 2017 go ya go 2021 mme e ne e le mmueledikakaretso wa California go tloga ka 2011 go ya go 2017. E le leloko la Lekoko la Democratic, e ne e le motlhophiwa wa lekoko mo ditlhophong tsa botautona tsa 2024.

Harris o tsholetswe kwa Oakland, kwa California, mme o ne a aloga kwa Yunibesithing ya Howard le kwa Yunibesithing ya California, kwa Kholetsheng ya Molao ya Hastings. O ne a simolola tiro ya gagwe ya molao kwa ofising ya mmueledi wa kgaolo ya Alameda County. Harris o ne a thapiwa kwa Ofising ya Mmueledi wa Kgaolo ya San Francisco mme moragonyana a thapiwa kwa ofising ya mmueledi wa toropo ya San Francisco. O ne a tlhophiwa go nna mmueledi wa kgaolo ya San Francisco ka 2003 le mmueledi-kakaretso wa California ka 2010, mme a tlhophiwa gape go nna mmueledi-kakaretso ka 2014.

Harris e ne e le senator yo mmotlana wa U.S. go tswa kwa California go tloga ka 2017 go fitlha ka 2021 morago ga go fenya ditlhopho tsa Senate tsa 2016. E ne e le mosadi wa bobedi wa Montsho le senator wa ntlha wa Asia Borwa wa Amerika wa U.S. Jaaka senator, Harris o ne a buelela melao e e gagametseng ya taolo ya ditlhobolo, Molao wa DREAM, go dira gore cannabis e nne semolao ke puso ya bofederale, le diphetogo mo tlhokomelong ya boitekanelo le lekgetho. O ne a itsege mo lefatsheng lotlhe fa a ntse a botsa badiredi ba puso ya ntlha ya ga Trump dipotso tse di tseneletseng ka nako ya ditheetso tsa Senate, go akaretsa le motlhophiwa wa bobedi wa ga Tautona Donald Trump wa Kgotlatshekelokgolo ya U.S., Brett Kavanaugh.

Harris o ne a batla go tlhophiwa go nna tautona wa Democratic wa 2020 ka 2019, mme a ikgogela morago mo lebelong pele ga ditlhopho tsa ntlha. Biden o ne a mo tlhopha go nna molekane wa gagwe wa go taboga; thekete ya bone e fentse tautona le mothusatautona ba ba mo maemong, Trump le Mike Pence, mo ditlhophong tsa botautona tsa 2020. Fa mothusatautona wa gagwe a ne a simolola, Harris o ne a okametse Senate ya U.S. e e neng e kgaogane ka go lekana. O ne a latlhela dibtlhopho di le masome mararo le boraro tse di kgaoganyang, go feta mothusatautona ope yo mongwe, go akaretsa le ditlhopho tsa go fetisa Molao wa Leano la Phalotso la Amerika wa 2021 le Molao wa Phokotso ya Koketsego ya ditlhwatlhwa.

Ka Phukwi 2024, morago ga gore Biden a gogele morago bontlhopheng jwa gagwe mo ditlhophong tsa botautona tsa 2024, Harris o ne a simolola letsholo la gagwe la botautona ka tshegetso ya gagwe. Moragonyana o ne a nna motlhophiwa mme a tlhopha mmusi wa Minnesota Tim Walz go nna molekane wa gagwe wa go taboga. O ne a feleletsa a latlhegetswe ke ditlhopho kgatlhanong le batlhophiwa ba Rephaboliki, tautona wa pele Trump le senator wa Ohio JD Vance.

Botshelo jwa pele

[fetola | Fetola Motswedi]

Botshelo jwa pele le thuto

[fetola | Fetola Motswedi]
Legae la ga Harris la bongwana kwa 1227 Bancroft Way kwa Berkeley, Phatwe 2020

Kamala Devi Harris[2] o tsholetswe kwa Oakland, kwa California,[3] ka Phalane a le masome mabedi, 1964.[4] Mmaagwe, Shyamala Gopalan (1938–2009), e ne e le moithutatshelo wa Mo-Tamil yo o neng a goroga kwa United States go tswa kwa India ka 1958 go tla go ikwadisa kwa sekolong sa dialogane sa thutotshelo ya ditlhagala kwa Yunibesithing ya California, kwa Berkeley. Go ne ga latela tiro ya gagwe ya patlisiso ya dingwaga di feta masome mane, e mo go yone tiro ya gagwe ya go dira tsjika tsa go amogela progesterone e neng ya dira gore go nne le kgatelopele mo patlisisong ya kankere ya mabele.[5] Rraagwe Kamala, Donald J. Harris (1938–),[6] ke Moaforika-Jamaica yo o neng a fudugela kwa Amerika ka 1961 mme gape a ikwadisa kwa UC Berkeley, a dira tiro e e kgethegileng ya itsholelo ya tlhabololo. Moithuti wa ntlha wa Montsho go newa tiro kwa lephateng la itsholelo la Yunibesithi ya Stanford, o na le maemo a emeritus koo.[7] Batsadi ba ga Kamala ba ne ba kopana ka 1962 mme ba nyalana ka 1963.[8]

Lelwapa la ga Harris le ne la nna kwa Berkeley go fitlha ba fuduga ka 1966, mo e ka nnang ka letsatsi la matsalo la bobedi la ga Kamala. Ba lelwapa la ga Harris ba ne ba nna dingwaga di le mmalwa kwa ditoropong tsa kholetshe kwa Bophirimagare kwa batsadi ba gagwe ba neng ba na le maemo a go ruta kgotsa a patlisiso:[9] Urbana, Illinois (kwa morwadiarraagwe Maya a tsholetsweng teng ka 1966); Evanston, kwa Illinois; le Madison, Wisconsin.[10][11][9][12] Ka 1970, lenyalo le ne le tlhotlhorega, mme Shyamala o ne a boela kwa Berkeley le barwadie ba babedi;[13][14][9] bobedi jo bo ne jwa kgaogana fa Kamala a le dingwaga tse supa.[8] Ka 1972, Donald Harris o ne a amogela tiro kwa Yunibesithing ya Stanford; Kamala le Maya ba ne ba fetsa mafelobeke kwa ntlong ya ga rraabone kwa Palo Alto mme ba nna kwa ntlong ya ga mmaabone kwa Berkeley mo gare ga beke.[15] Shyamala e ne e le tsala le batlhalefi le balweladitshwanelo ba Maaforika-Amerika kwa Oakland le Berkeley.[12] Ka 1976, o ne a amogela tiro ya patlisiso kwa Sekolong sa Kalafi sa Yunibesithi ya McGill, mme a fudugela le barwadie kwa Montreal, kwa Quebec.[16][17] Kamala o alogile kwa Sekolong se Segolo sa Westmount kwa Setlhaketlhakeng sa Montreal ka 1981.[18]

Kamala Harris o ne a tsena Kholetshe ya Vanier kwa Montreal ka 1981–1982;[19] morago ga moo o ne a tsena Yunibesithi ya Howard, e leng yunibesithi e e kileng ya bo e le ya batho bantsho kwa Washington, D.C.[20][21] Kwa Howard, o ne a nna leloko la Alpha Kappa Alpha, nngwe ya ditlhopha tsa "Divine Nine" tse di neng di le tsa batho bantsho mo ditsong.[22] O ne a aloga ka 1986 ka digerata ya Maranyane a sepolotiki le itsholelo.[23][24] Harris o ne a tsena Yunibesithi ya California, Kholetšhe ya Molao ya Hastings kwa San Francisco,[25] kwa a neng a dira jaaka tautona wa kgaolo ya yone ya Mokgatlho wa Baithuti ba Molao ba Bantsho.[26] O ne a aloga ka Ngaka ya Molao ka 1989.[27]

Tiro ya pele

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka 1990, Harris o ne a thapiwa jaaka motlatsa mmueledi wa kgaolo kwa Alameda County, California, kwa a neng a tlhalosiwa jaaka "mosekisi yo o nang le bokgoni mo tseleng ya go tlhatloga".[28] Ka 1994, Sebui sa Kokoano ya California Willie Brown, yo ka nako eo a neng a ratana le Harris, o ne a mo tlhoma mo Bogoging jwaUnemployment Insurance Appeals ya puso mme moragonyana mo Khuduthamageng ya Thuso ya Kalafi ya California.[28] Ka Tlhakole 1998, mmueledi wa kgaolo ya San Francisco Terence Hallinan o ne a thapa Harris go nna mothusa mmueledi wa kgaolo.[29] Fa a le koo, o ne a nna mookamedi wa Career Criminal Division, a okametse babueledi ba bangwe ba le batlhano, koo a neng a sekisa dikgetsi tsa polao, go thuba, go utswa le go tlhasela motho ka tlhakanelodikobo—segolobogolo dikgetsi tsa ba ba ipoeletsang. Ka Phatwe 2000, Harris o ne a tsaya tiro kwa Holong ya Toropo ya San Francisco, a direla mmueledi wa toropo Louise Renne.[30] Harris o ne a tsamaisa Lephata la Ditirelo tsa Lelwapa le Bana, a emela dikgetsi tsa go sotlaka bana le go ba tlhokomologa. Renne o ne a ema Harris nokeng ka nako ya letsholo la gagwe la D.A.[31]

Mmueledi wa kgaolo ya San Fransisco (2002–2011)

[fetola | Fetola Motswedi]
Harris le Sebui sa isago sa Ntlo Nancy Pelosi ka Mopitlo 2004

Ka 2002, Harris o ne a emela go nna mmueledi wa kgaolo ya San Francisco,[32] a tsamaisa letsholo la "maatla"[33][34] mme a ipharologanya le Hallinan ka go tlhasela tiro ya gagwe.[35] Harris o fentse ditlhopho ka 56% ya ditalama, a nna motho wa ntlha wa mmala yo o tlhophilweng go nna mmueledi wa kgaolo ya San Francisco.[36] O ne a tsenela ditlhopho tsa paka ya bobedi ka 2007 a sa ganediwe.[37]

Mo dikgweding tsa ntlha tse thataro tsa go nna mo setilong, Harris o ne a fedisa dikgetsi di le masome mabedi le bosupa mo go tse masome a supa le bone tsa polao tse di neng di saletse kwa morago.[38] Gape o ne a kgaratlhela gore basekisiwa ba bokebekwa ba ba amegang mo ditlolomolaong tse di amanang le ditlhobolo ba emele tsheko kwa ntle ga kgolegelo e e kwa godimo, a bolela gore go emela tsheko kwantle ga madi a a kwa tlase mo ditsong e kgothaletsa batho ba ba tswang kwa ntle go dira bokebekwa kwa San Francisco. Badiredi ba SFPD ba ne ba akgola Harris ka go gagamatsa diphatlha tse basekisiwa ba neng ba di dirisa mo nakong e e fetileng.[39] Ka nako ya letsholo la gagwe, Harris o ne a ikana gore ga a kitla a batla katlholo ya loso,[40] mme o ne a tshegetsa seo mo dikgetseng tsa modiredi wa Lephata la Sepodisi la San Francisco, Isaac Espinoza, yo o neng a thuntshiwa le go bolawa ka 2004,[41][42] le ya ga Edwin Ramos, yo o neng a le leloko la segopa se se seng ka fa molaong le go nna leloko la segopa sa dinokwane le MS-13 ba ba neng ba latofadiwa ka polao ya monna le barwa ba gagwe ba babedi ka 2009.[43][44]

Harris le Tautona Barack Obama mo Ofising ya Oval, Ngwanaatsele 2009

Harris o ne a tlhama Setlhopha sa Ditlolomolao tsa Letlhoo, e e neng e lebile ditlolomolao tsa letlhoo kgatlhanong le bana le banana ba LGBT kwa dikolong,[45] mme a tshegetsa A.B. 1160, Molao wa Bosiamisi jwa Batswasetlhabelo wa Gwen Araujo.[46] Jaaka mmueledi wa kgaolo, o ne a tlhama setlhopha sa bosenyi jwa tikologo ka 2005.[47] Harris o tlhagisitse tshegetso ya molao wa toropo ya San Francisco ya tshireletso ya go se botse ka ga maemo a bofaladi mo thulaganyong ya dipatlisiso tsa bosenyi.[48] Ka 2004, o ne a tlhama Lephata la Reentry kwa San Francisco.[49] Mo dingwageng di le thataro, batho ba le makgolo mabedi ba ba alogileng mo thulaganyong eo ba ne ba na le seelo sa go boela gape mo melatong se se kwa tlase ga 10%, fa se bapisiwa le 53% ya basenyi ba diritibatsi ba California ba ba neng ba boela kwa kgolegelong mo dingwageng di le pedi morago ga go gololwa.[50][51][52]

Ka 2006, jaaka karolo ya letsholo la go fokotsa seelo sa dipolao tsa toropo, Harris o ne a etelela pele maiteko a toropo yotlhe a go lwantsha go sa tle sekolong ga banana ba ba mo kotsing ba sekolo se se potlana kwa San Francisco.[53] Ka 2008, a bolela gore go sa tle sekolong ka nako e telele ke kgang ya pabalesego ya setshaba le go supa gore bontsi jwa magolegwa a kgolegelo le batswasetlhabelo ba polao ke ba ba tlogetseng sekolo kgotsa ba ba tlwaetseng go sa tle sekolong,[54] o ne a ntsha dinopolo kgatlhanong le batsadi ba le barataro ba bana ba bone ba neng ba sa tsene sekolo bonnye malatsi a le 50, lekgetlho la ntlha San Franciscos e sekisa bagolo ka ntata ya go itaola ga bana.[55] Ofisi ya ga Harris e ne ya feleletsa e sekisitse batsadi ba le supa mo dingwageng di le tharo, mme ga go ope yo o neng a tsenngwa mo kgolegelong.[56] Ka Moranang 2009, baithuti ba sekolo se se potlana ba le sekete le makgolo a mararo le masome a mararo ba ne ba tlwaetse go tlogela sekolo kgotsa ba sa tle sekolo, e leng kwa tlase ka 23% go tswa go ba le sekete le makgolo a supa le masome a mararo ka 2008, le go tswa go ba le dikete tse pedi, makgolo a matlhano le lesome le bosupa ka 2007 le ba le dikete tse pedi, makgolo a ferabobedi le masome a matlhamo le borataro ka 2006.[56]

  1. Harris, Kamala [@KamalaHarris] (May 24, 2016). "People pronounce my name many different ways. Let #KidsForKamala show you how it's done" (Tweet). Retrieved April 28, 2025 – via Twitter.
  2. Harris was originally named Kamala Iyer Harris by her parents, who two weeks later filed an affidavit by which her middle name was changed to Devi.
  3. Kim, Catherin; Stanton, Zack (August 11, 2020). "55 Things You Need to Know About Kamala Harris". Politico. Archived from the original on August 22, 2020. E nopotswe Phukwi a ferabobedi ka 2025.
  4. United States Congress. "Kamala Harris (id: H001075)". Biographical Directory of the United States Congress. E nopotswe Phukwi a ferabobedi ka 2025.
  5. "In Memoriam: Dr. Shyamala G. Harris". Breast Cancer Action. June 21, 2009. Archived from the original on January 23, 2019. E nopotswe Phukwi a ferabobedi ka 2025.
  6. Harris, Kamala (2019). The Truths We Hold: An American Journey. Penguin Publishing Group. pp. 320, 330. ISBN 978-0-525-56072-2. Archived from the original on March 3, 2024. Retrieved April 17, 2023. my paternal grandfather, Oscar Joseph ... my paternal grandmother, Beryl
  7. Barry, Ellen (November 7, 2020). "Kamala Harris's Father, a Footnote in Her Speeches, Is a Prominent Economist". The New York Times. ISSN 0362-4331. Archived from the original on July 22, 2024.
  8. 1 2 Barry, Ellen (September 13, 2020). "How Kamala Harris's Immigrant Parents Found a Home, and Each Other, in a Black Study Group". The New York Times. ISSN 0362-4331. Archived from the original on August 27, 2024.
  9. 1 2 3 Dinkelspiel, Frances (March 8, 2021). "Update: Change in Berkeley law not needed to landmark the childhood home of Kamala Harris". Berkeleyside. Archived from the original on August 19, 2022. Retrieved August 19, 2022. E nopotswe Phukwi a ferabongwe ka 2025.
  10. The schools were University of Illinois, Urbana-Champaign; Northwestern University, Evanston; and University of Wisconsin, Madison.
  11. Kacich, Tom (August 2, 2019). "Tom's #Mailbag, Aug. 2, 2019". The News-Gazette. Archived from the original on August 25, 2022. E nopotswe Phukwi a ferabongwe ka 2025.
  12. 1 2 Goodyear, Dana (July 15, 2019). "Kamala Harris Makes Her Case". The New Yorker. Archived from the original on November 18, 2021. Retrieved August 19, 2022. Growing up, Harris was surrounded by African-American intellectuals and activists. One of her mother's closest friends was Mary Lewis, who helped found the field of black studies, at San Francisco State.
  13. Horwitz, Sari (February 27, 2012). "Justice Dept. lawyer Tony West to take over as acting associate attorney general". The Washington Post. Archived from the original on July 8, 2019. E nopotswe Phukwi a ferabongwe ka 2025.
  14. Martinez, Michael (October 23, 2010). "A 'Female Obama' seeks California attorney general post". CNN. Archived from the original on November 16, 2016.
  15. Russell, George Fabe. "Where did Kamala Harris grow up? A timeline". USA Today. Archived from the original on August 26, 2024. E nopotswe Phukwi a ferabongwe ka 2025.
  16. Whiting, Sam (May 14, 2009). "Kamala Harris grew up idolizing lawyers". San Francisco Chronicle. Archived from the original on March 1, 2020. E nopotswe Phukwi a ferabongwe ka 2025.
  17. "When your best friend from high school winds up in the White House". JGH News. November 2020. Archived from the original on April 28, 2024. E nopotswe Phukwi a ferabongwe ka 2025.
  18. Dale, Daniel (December 29, 2018). "U.S. Sen. Kamala Harris' classmates from her Canadian high school cheer her potential run for president". Toronto Star. Archived from the original on September 14, 2019. E nopotswe Phukwi a ferabongwe ka 2025.
  19. Cohen, Mike (January 20, 2021). "Kamala Harris now remembered for her Vanier roots". The Suburban Newspaper. Archived from the original on March 4, 2021. E nopotswe Phukwi a ferabongwe ka 2025.
  20. Givhan, Robin (September 16, 2019). "Kamala Harris grew up in a mostly white world. She then went to a black university in a black city". The Washington Post. Archived from the original on June 10, 2021. E nopotswe Phukwi a ferabongwe ka 2025.
  21. Montgomery, Mimi (August 17, 2020). "Kamala Harris Is No DC Newcomer. What Has Her Life Looked Like Here So Far?". Washingtonian. Archived from the original on October 2, 2023. E nopotswe Phukwi a ferabongwe ka 2025.
  22. Weissman, Sara (July 30, 2024). "Black Sororities, Fraternities 'Organizing Like Never Before'". Inside Higher Education. Archived from the original on August 27, 2024. E nopotswe Phukwi a ferabongwe ka 2025.
  23. Holmes, Tamara. "Raising Up Kamala". Howard Magazine. Archived from the original on May 20, 2024. E nopotswe Phukwi a ferabongwe ka 2025.
  24. Rosalsky, Greg (6 October 2020). "Where Kamala Harris Studied Economics". NPR. Archived from the original on October 7, 2024. E nopotswe Phukwi a ferabongwe ka 2025.
  25. "LEOP: Opening Doors for Students of Promise". UC Hastings Magazine. August 14, 2018. Archived from the original on September 25, 2020. E nopotswe Phukwi a ferabongwe ka 2025.
  26. "UC Hastings Congratulates Kamala Harris '89: California's next U.S. Senator". UC Hastings Law. San Francisco. November 9, 2016. Archived from the original on January 9, 2021. E nopotswe Phukwi a ferabongwe ka 2025.
  27. "Kamala Harris '89 Wins Race for California Attorney General". UC Hastings News Room. November 24, 2010. Archived from the original on November 30, 2010. E nopotswe Phukwi a ferabongwe ka 2025.
  28. 1 2 Morain, Dan (November 29, 1994). "2 More Brown Associates Get Well-Paid Posts: Government: The Speaker appoints his frequent companion and a longtime friend to state boards as his hold on his own powerful position wanes". Los Angeles Times. Archived from the original on June 17, 2020. E nopotswe Phukwi a le lesome le bobedi ka 2025.
  29. "DA Names New Head of Career Crime Unit". The San Francisco Examiner. February 3, 1998. Archived from the original on April 22, 2020.
  30. Lynch, Pat. "Women's Radio: This DA Makes a Difference For Women". Womensradio.com. Archived from the original on December 19, 2010. E nopotswe Phukwi a le lesome le bobedi ka 2025.
  31. Byrne, Peter (September 24, 2003). "Kamala's Karma". San Francisco Weekly. Archived from the original on February 13, 2020. E nopotswe Phukwi a le lesome le bobedi ka 2025.
  32. Kruse, Michael (August 9, 2019). "How San Francisco's Wealthiest Families Launched Kamala Harris". Politico. Archived from the original on November 28, 2019. E nopotswe Phukwi a le lesome le bobedi ka 2025.
  33. Hampton, Adriel (July 28, 2003). "Harris stumps in the Sunset". The San Francisco Examiner.
  34. Dineen, J.K.; Hampton, Adriel (December 9, 2003). "Clinton Tops List of Celebrity Supporters". The San Francisco Examiner. p. 1. Archived from the original on October 7, 2024. Retrieved October 7, 2024 – via Newspapers.com.
  35. Bulwa, Demian (December 6, 2003). "Harris puts D.A. on trial / Performance, not philosophy, an issue". San Francisco Chronicle. Archived from the original on January 28, 2021. E nopotswe Phukwi a le lesome le bobedi ka 2025.
  36. Zernike, Kate (February 11, 2019). "'Progressive Prosecutor': Can Kamala Harris Square the Circle?". The New York Times. Archived from the original on February 11, 2019.
  37. Knight, Heather (November 7, 2007). "Kamala Harris celebrates unopposed bid for district attorney". San Francisco Chronicle. Archived from the original on January 11, 2014.
  38. Soltau, Alison (July 21, 2004). "New DA claims higher success rate vs. violent felons". San Francisco Examiner. p. 4. Archived from the original on October 6, 2024. E nopotswe ka Phukwi a le lesome le bobedi ka 2025.
  39. Van Derbeken, Jaxon (March 20, 2006). "Trials and tribulations of Kamala Harris, D.A. / 2 years into term, prosecutor, police have their differences". San Francisco Chronicle. Archived from the original on March 5, 2019. E nopotswe Phukwi a le lesome le bobedi ka 2025.
  40. VanDerbeken, Jaxson (January 9, 2004). "New D.A. promises to be 'smart on crime' / Harris speaks well of Hallinan, will continue some of his policies". San Francisco Chronicle. Archived from the original on October 17, 2020. E nopotswe ka Phukwi a le lesome le bobedi ka 2025.
  41. Matier, Phillip; Ross, Andrew (April 21, 2004). "Feinstein's surprise call for death penalty puts D.A. on spot". San Francisco Chronicle. Archived from the original on April 25, 2020. E nopotswe Phukwi a le lesome le bobedi ka 2025.
  42. Matier, Phillip; Ross, Andrew (May 5, 2004). "Sen. Boxer joins throng calling for death in killing of cop". San Francisco Chronicle. Archived from the original on February 18, 2021. E nopotswe Phukwi a le lesome le bobedi ka 2025.
  43. Van Derbeken, Jaxon (September 11, 2009). "Edwin Ramos won't face death penalty". San Francisco Chronicle. Archived from the original on June 8, 2020. E nopotswe Phukwi a le lesome le bobedi ka 2025.
  44. Knight, Heather; Lagos, Marisa (September 16, 2009). "Newsom backs Harris' decision". San Francisco Chronicle. Archived from the original on November 3, 2012. E nopotswe Phukwi a le lesome le bobedi ka 2025.
  45. "Marriage Equality". Kamalaharris.org. Archived from the original on November 25, 2010. E nopotswe Phukwi a le lesome le bobedi ka 2025.
  46. "Gwen Araujo Justice for Victims Act". California Legislative Information. September 28, 2006. Archived from the original on June 23, 2015. E nopotswe Phukwi a le lesome le bobedi ka 2025.
  47. Johnson, Jason B. (June 1, 2005). "D.A. creates environmental unit: 3-staff team takes on crime mostly affecting the poor". San Francisco Chronicle. Archived from the original on April 22, 2020. E nopotswe Phukwi a le lesome le bobedi ka 2025.
  48. McKinley, Jesse (November 12, 2006). "Immigrant Protection Rules Draw Fire". The New York Times. ISSN 0362-4331. Archived from the original on June 25, 2012. E nopotswe Phukwi a le lesome le bobedi ka 2025.
  49. Ho, Vivian (January 21, 2019). "'Nobody works harder': insiders recall Kamala Harris's meteoric rise". The Guardian. Archived from the original on September 10, 2020. E nopotswe Phukwi a le lesome le bobedi ka 2025.
  50. Knezevich, Alison (May 14, 2015). "Mosby: New program gives nonviolent offenders a second chance". The Baltimore Sun. Archived from the original on October 5, 2020. E nopotswe Phukwi a le lesome le bobedi ka 2025.
  51. "Preventing Future Crime and Preserving Judicial Resources Through Non-Traditional Prosecution" (PDF). Philadelphia District Attorney's Office. September 2016. Archived (PDF) from the original on November 7, 2020. E nopotswe Phukwi a le lesome le bobedi ka 2025.
  52. Whitney, Keith (April 11, 2018). "Jail to jobs, Mayor Bottoms announces new reentry program". WGCL-TV. Archived from the original on June 8, 2020. E nopotswe Phukwi a le lesome le bobedi ka 2025.
  53. Knight, Heather (October 19, 2004). "City opens campaign to cut truancy by thousands of students". San Francisco Chronicle. Archived from the original on October 6, 2020. E nopotswe Phukwi a le lesome le bobedi ka 2025.
  54. Knight, Heather (September 14, 2006). "City trying to get worst truants to school. Help for students, criminal prosecution part of crackdown". San Francisco Chronicle. Archived from the original on August 20, 2020. E nopotswe Phukwi a le lesome le bobedi ka 2025.
  55. Asimov, Nanette (June 11, 2008). "Citations go to parents of truant kids". San Francisco Chronicle. Archived from the original on August 12, 2020. E nopotswe Phukwi a le lesome le bobedi ka 2025.
  56. 1 2 "Fighting truancy yields big dividends". San Francisco Chronicle. June 14, 2009. Archived from the original on June 8, 2020. E nopotswe Phukwi a le lesome le bobedi ka 2025.