Jump to content

Kamuso ka Lebele

Go tswa ko Wikipedia
Lesea le le anyisang

Go amusa ka lebele, mo go itsegeng gape jaaka go amusa, ke go fepa kgotsa go neela masea le bana ba bannye mashi a a tswang mo lebeleng la mosadi.[1] Baitseanape ba boitekanelo ba rotloetsa gore go amusa go simolole mo lobakeng lwa ura ya ntlha ya botshelo jwa lesea mme go tswelele gantsi le ka selekanyo se lesea le batlang ka sone.[2][3] Mo anya diura dingwe le dingwe di le pedi go ya go di le tharo, mme nako ya go amusa gantsi ke metsotso e le lesome go ya go e le lesome le botlhano mo lebeleng lengwe le lengwe.[4] Bana ba bagolwane ba amusiwa gantsi.[5] Bomme ba ka nna ba gama mashi gore a kgone go dirisiwa moragonyana fa go amusa go sa kgonege.[1] Go amusa go na le melemo e le mmalwa mo go mmè le mo leseeng, e mashi a masea a se nang yone.[3][6]

Dintsho tsa bana ba ba akanyediwang go nna 820 000 ba ba ka fa tlase ga dingwaga di le tlhano di ne di ka thibelwa lefatshe ka bophara ngwaga le ngwaga ka go oketsa go amusa.[7] Go anyisa go fokotsa kotsi ya megare ya ya mosele wa go hema le letshololo mo leseeng, mo mafatsheng a tlhabologang le a tlhabologileng.[2][3] Mesola e mengwe e akaretsa go fokotsa dikotsi tsa Phupelo, dialeji tsa dijo, le bolwetse jwa sukiri jwa mofuta wa 1ntlha.[3] Go amusa gape go ka tokafatsa kgolo ya tlhaloganyo le go fokotsa kotsi ya go nona fa motho a godile.[2] Bomme ba ka nna ba utlwa kgatelelo ya go amusa, mme mo mafatsheng a tlhabologileng bana ka kakaretso ba gola ka tlwaelo fa ba amusiwang ka lebotlolo ka mashi a bopi.[8]

Mesola e mme e akaretsa go latlhegelwa ke madi a mannye morago ga pelegi, go ngotlega ga popelo botoka, le go fokotsega ga kgatelelo ya maikutlo morago ga pelegi.[3] Go amusa go dia go boela ga setswalo le go kgona go tshola, selo se se bidiwang amenorrhea ya go amusa.[3] Mesola ya e ka tsayang lebaka le telele mo go mme e akaretsa go fokotsega ga kotsi ya kankere ya mabele, bolwetse jwa pelo le methapo, le ramatiki.[3][7] Go amusa gape ga go ture thata go na le mashi a masea.[9][10]

Mekgatlho ya boitekanelo, go akaretsa le Mokgatlho wa Lefatshe Lotlhe wa Boitekanelo (WHO), e rotloetsa gore ngwana a amuse fela dikgwedi di le thataro.[2][3][11] Seno se raya gore ga go na dijo tse dingwe kgotsa dino, kwantle ga gongwe bithamini D, tse di newang ka tlwaelo.[12] Morago ga go tsenngwa ga dijo fa a le dikgwedi di le thataro, dikgakololo di akaretsa go tswelela ka go amusa go fitlha a nna le ngwaga o le mongwe go ya go tse pedi kgotsa go feta.[2][3] Lefatshe ka bophara, selekanyo sa 38% ya masea a amusiwa fela mo dikgweding tsa ntlha tse thataro tsa botshelo jwa one.[2] Kwa United States ka ngwaga wa dikete tse pedi,lesome le botlhano (2015), 83% ya basadi ba simolola go amusa, fela ka dikgwedi tse thataro fela 58% e e neng e santse e amusa ka 25% e e amusa fela.[13] Maemo a kalafi a a sa letleng go amusa ga a bonwe thata.[3] Bomme ba ba nwang diritibatsi dingwe tsa boitlosobodutu le melemo ga ba a tshwanela go amusa.[14][15] Go goga motsoko le go nwa bojalwa jo bo lekanyeditsweng le/kgotsa kofi ga se mabaka a go tila go amusa.[16][17][18]

Ditshupiso

[fetola | Fetola Motswedi]
  1. 1 2 "Breastfeeding and Breast Milk: Condition Information". 19 Sedimonthole 2013. Archived from the original on 27 Phukwi 2015. Retrieved 27 Phukwi 2015.
  2. 1 2 3 4 5 6 "Infant and young child feeding Fact sheet N°342". WHO. Tlhakole 2014. Archived from the original on 8 Tlhakole 2015. Retrieved 8 Tlhakole 2015.
  3. 1 2 3 4 5 6 7 8 9 10 American Academy of Pediatrics Section on Breastfeeding. (March 2012). "Breastfeeding and the use of human milk". Pediatrics. 129 (3): e827–41. doi:10.1542/peds.2011-3552. PMID 22371471. Archived from the original on 5 August 2015.
  4. "How do I breastfeed? Skip sharing on social media links". 14 Moranang 2014. Archived from the original on 27 Phukwi 2015. Retrieved 27 Phukwi 2015.
  5. "What is weaning and how do I do it?". 19 Sedimonthole 2013. Archived from the original on 8 Phukwi 2015. Retrieved 27 Phukwi 2015.
  6. Ip S, Chung M, Raman G, Trikalinos TA, Lau J (October 2009). "A summary of the Agency for Healthcare Research and Quality's evidence report on breastfeeding in developed countries". Breastfeeding Medicine. 4 Suppl 1: S17–30. doi:10.1089/bfm.2009.0050. PMID 19827919.
  7. 1 2 Victora CG, Bahl R, Barros AJ, França GV, Horton S, Krasevec J, Murch S, Sankar MJ, Walker N, Rollins NC (January 2016). "Breastfeeding in the 21st century: epidemiology, mechanisms, and lifelong effect". Lancet. 387 (10017): 475–90. doi:10.1016/s0140-6736(15)01024-7. PMID 26869575.
  8. Lawrence, Ruth A.; Lawrence, Robert Michael (1 January 2011). Breastfeeding: A Guide for the Medical Profession. Elsevier Health Sciences. pp. 227–228. ISBN 978-1-4377-0788-5.
  9. "Breastfeeding and the use of human milk. American Academy of Pediatrics. Work Group on Breastfeeding". Pediatrics. 100 (6): 1035–9. December 1997. doi:10.1542/peds.100.6.1035. PMID 9411381. Archived from the original on 23 October 2012.
  10. "What are the benefits of breastfeeding?". 14 Moranang 2014. Archived from the original on 10 Phatwe 2015. Retrieved 27 Phukwi 2015.
  11. Kramer MS, Kakuma R (August 2012). "Optimal duration of exclusive breastfeeding". The Cochrane Database of Systematic Reviews. 8 (8): CD003517. doi:10.1002/14651858.CD003517.pub2. PMC 7154583. PMID 22895934.
  12. "What are the recommendations for breastfeeding?". 14 Moranang 2014. Archived from the original on 14 Phatwe 2015. Retrieved 27 Phukwi 2015.
  13. "Results: Breastfeeding Rates". CDC (in American English). 1 August 2018. Archived from the original on 7 December 2018. Retrieved 9 December 2018.
  14. "Breastfeeding and Medication". AAP.org (in American English). Archived from the original on 2019-08-02. Retrieved 2020-01-12.
  15. "Are there any special conditions or situations in which I should not breastfeed?". NICHD. 19 Sedimonthole 2013. Archived from the original on 8 Phukwi 2015. Retrieved 27 Phukwi 2015.
  16. "Breastfeeding and alcohol". NHS Choices. NHS. 21 Sedimonthole 2017. Archived from the original on 1 Phatwe 2016.
  17. "Breastfeeding and diet". NHS Choices. NHS. 26 Mopitlo 2018. Archived from the original on 7 Phatwe 2016.
  18. "Tobacco Use | Breastfeeding | CDC". www.cdc.gov. 21 Mopitlo 2018. Archived from the original on 9 Phatwe 2016. Retrieved 4 Phatwe 2016.