Jump to content

Kandia Camara

Go tswa ko Wikipedia

Kandia Camara (o belegwe ka 17 Seetebosigo 1959) ke morutabana wa kwa Ivory Coast le mopolotiki yo e leng ratoropo wa Abobo fa e sale ka 10 Phalane 2021[1] le Tautona wa senate ya Ivory Coast fa e sale ka 12 Phalane 2023.[2][3] Ke tona ya pele ya merero ya dikgang tse di amanang le lefatshe kwantl mo pusong ya ga Tautona Alassane Ouattara.

Ke motshameki wa handball mme e ne e le karolo ya setlhopha sa ASC Bouaké se se fentseng African Cup of Champion Clubs ka 1981.[ 4][5]

Dithutego le tiro ya gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Camara o ne a bona Setankana sa gagwe sa Seesemane kwa University of Abidjan le Advanced Studies Certificate in Education kwa Lancaster University kwa England. Camara ke motshameki wa handball wa maemo a a kwa godimo mme ke mmampodi wa Côte d'Ivoire ka makgetlo a mabedi ka 1974 le 1980 mme o fentse Sejana sa Aforika sa Bafenyi ka 1981 le ASC Bouaké.[ 6] Go tloga ka 1983 go fitlha ka 1986, o ne a ruta Seesimane kwa Modern College, de Cocody le kwa Treich-la-Plène College.[7][8]O ne a dira jaaka motlhatlheledi wa Seesimane kwa sekolong sa seporofešenale sa hotele sa Abidjan go tloga ka 1986 go fitlha ka 2002. E ne e le leloko la ofisi ya bosetšhaba ya National Union of Secondary Teachers of Côte d'Ivoire (SYNESCI) go tloga ka 1987 go fitlha ka 1991 le leloko la Association of Women Teachers of Francophone Africa go tloga ka 1989 go fitlha ka 1991. O ne a le mokwaledi-kakaretso wa ofisi ya bosetšhaba ya Union des femmes du PDCI (UFPDCI) le mokhanselara wa mmasepala kwa kantorong ya mmasepala wa Cocody magareng ga 1990 le 1994. Ka 1994, o ne a nna Mokwaledi Kakaretso wa Rassemblement des Femmes Républicaines (RFR) go fitlha ka 1998 fa a ne a tsaya ofisi ya mopresidente wa bosetšhaba wa mokgatlho pele a tlogela ka Motsheganong 2006.[ 9]

Camara o ne a nna Motlatsa ratoropo wa Mmasepala wa Abobo ka 2001 mme a direla mo kantorong eno go fitlha ka 2003, fa a ne a tlhomiwa go nna Mogakolodi yo o Kgethegileng wa Tonakgolo ya Puso ya Kagiso ya Bosetšhaba le Phetogo mme a sala mo maemong ano go fitlha ka 2010. Ka 2014, o ne a tlhophiwa go nna Tona ya Thuto ya Bosetšhaba.[ 10]

O ne a direla jaaka tona ya merero ya kwa ntle mo pusong ya ga Achi I le puso ya ga Achi II.

[1] "Awqaf opens Qatar Health Centre in Côte d'Ivoire". Gulf Times. 10 October 2021.

[2] "Côte d'Ivoire - Senate". IPU.

[3] "Former Ivorian Foreign Minister Kandia Camara elected President of Senate". WADR. 13 October 2023.

[4] "Exclusif /Dossier-Biographie-Côte d'Ivoire : Parcours et cursus /Tout savoir sur les membres du nouveau gouvernement de la 3ème republique | AbidjanTV.net". 2017-01-12. Retrieved 2021-03-09.

[5] "Henriette Diabaté, présidente, Kandia Camara SG: les femmes prennent le pouvoir au RDR". Abidjan.net. Retrieved 2021-03-09.

[6] "KandiaCAMARA (Ministre de l'Education Nationale, de l'Enseignement Technique et de la Formation Professionnelle ) - Abidjan.net Qui est Qui". Abidjan.net. Archived from the original on 2020-01-11. Retrieved 2021-03-09.

[7]"Dix choses à savoir sur Kandia Camara, ministre ivoirienne de l'Éducation nationale – Jeune Afrique". JeuneAfrique.com (in French). 2018-03-22. Retrieved 2021-03-09