Kate Molale

Kate Molale OMSS (22 Ferikgong 1928 – 9 Motsheganong 1980)[1] e ne e le molwela-kgololesego wa sepolotiki wa Aforika Borwa, magareng ga 1970 le 1975 o ne a emetse lekgotla la Basadi ya ANC/Karolo ya Basadi mo Mokgatlhong wa Boditšhabatšhaba wa Temokerasi wa Basadi.
O ne a tsenela lekala la Sophiatown la African national congresss mo tshimologong ya dingwaga tsa bo 1950. Ka 1954 o ne a tlhophiwa go nna mokwaledi wa lekala la ANC la Sophiatown. E ne e le molweladitshwanelo mo kganetsanong e e neng e tlwaelegile kgatlhanong le go lelekwa ga baagi ba Sophiatown ka dikgoka. O ne a kokoanya batho kgatlhanong le Molao wa Thuto ya Bantu wa 1953, a rulaganya babulatsela (Masupatsela) go nonotsha dikganetso tsa dikolo go ipelaetsa kgatlhanong le Molao wa Thuto ya Bantu.[2][3]Ka fa tlase ga boeteledipele jwa gagwe bana ba le bantsi ba ne ba kokoanngwa go kganela dikolo kwa Sophiatown, Orlando, Brakpan, Randfontein le Alexandra.[2]
Molale o ne a nna leloko la Khuduthamaga ya Bosetšhaba ya Lekgotla la Basadi ya ANC. Gape e ne e le mokwaledi wa Lekgotla la Baša ya ANC ya Transvaal.[2]
Molale o ne a dira dipatlisiso mo bathong ba Afrika Borwa, mme a nna le seabe se segolo mo thulaganyong ya go kwala Freedom Charter. [2]
Ka 1955 Molale e ne e le mongwe wa baemedi ba ba neng ba ya kwa Native Commissioner kwa Johannesburg go isa ngongorego kgatlhanong le go atolosiwa ga melao ya go fetisa go akaretsa basadi ba Maaforika.Fa baemedi ba tswa mo ofising ya ga Mokhomišenara wa baagi, ba ne ba tshwarwa mme ba latofadiwa. Molale e ne e le mongwe wa balwela-kgololosego ba ba botlhokwa mo go rotloetseng basadi ka nako ya letsholo la 9 Phatwe 1956 kgatlhanong le phasalatso, a tsamaya go ya kwa dikhutlong tse di farologaneng tsa lefatshe ka maeto a go tlhotlheletsa.[2]
Molale e ne e le mongwe wa balweladitshwanelo ba ANC ba ba neng ba lebilwe ka nako ya go simololwa ga go tshwarwa malatsi a le 90 kwa ntle ga tsheko. Fa a sena go gololwa mo kgolegelong, o ne a tsena mo sephiring mme a nna molaodi wa Umkhonto we Sizwe.[2][4]

Fa gare ga 1970 le 1975 Molale o ne a emetse Lekgotla la Basadi ya ANC/Karolo ya Basadi mo Mokgatlhong wa Boditšhabatšhaba wa Temokerasi wa Basadi. Fa a sena go tswa mo ofising ya WIDF, Molale o ne a nna kwa Morogoro, kwa Tanzania. Kwa Tanzania o ne a ineela go tlhokomela bana ba balweladitshwanelo ba Aforika Borwa ba ba neng ba isitswe botshwarwa. Molale o ne a nna le kotsi ya tsela kwa Tanzania ka Motsheganong a tlhola malatsi a le mararo ka1980. Fa motsamai-ka-ene Peter Sithole a ne a tlhokafala ka bonako, Molale o ne a nna fa are ga bothelo le leso. O ne a tlhokafala ka Motsheganong a tlhola malatsi a le borobabongwe ka 1980.[2]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ The African Communist. South African Communist Party. 1981. p. 18.
- 1 2 3 4 5 6 7 OBITUARY KATE MOLALE Archived 7 September 2008 at the Wayback Machine
- ↑ "Department of Social Development – Address by the Minister of Social Development, Dr Zola Skweyiya, on the occasion [sic] of the National Launch of the Masupatsela Youth Pioneer Programme, Mbombela Municipality, Mpumalanga Province, 24 October 2008". dsd.gov.za. Retrieved 22-11-25
- ↑ "Archived copy" (PDF). Archived from the original (PDF) on 6 October 2011. Retrieved 22-11-25