Kathy Warden
Kathy J. Warden ke mokhuduthamaga wa kgwebo wa Moamerika yo o neng a nna mokhuduthamaga (CEO) le Tautona wa Northrop Grumman ka ngwaga wa 2019.[1]
Thuto
[fetola | Fetola Motswedi]Warden o goletse kwa Smithsburg, kwa Maryland, mme a aloga kwa Sekolong se Segolo sa Smithsburg. [2]Morago ga moo o ne a bona dikirii ya gagwe ya ntlha kwa Yunibesithing ya James Madison ka ngwaga wa 1992,[1] le MBA kwa Yunibesithing ya George Washington ka ngwaga wa 1999.[3][4]
Mokgwa wa go itshetsa le tswelelopele
[fetola | Fetola Motswedi]Warden ke moitseanape wa tshireletsego ya inthanete le thekenoloji ya tshedimosetso.[5]Kwa tshimologong ya tiro ya gagwe, o ne a direla General Electric mo e ka nnang dingwaga di le lesome, mme a nna le ditiro tsa bokhuduthamaga kwa Koporasing ya Veridian le kwa General Dynamics.[5][6][7] Warden gape e ne e le mogokgo wa feme ya matlotlo a kgwebo, koo a neng a thusa dikhamphani go tokafatsa mekgwa ya tsone ya kgwebo le ditirelo tsa go gatisa tsa eleketeroniki.[8]
Warden o ne a nna leloko la Northrop Grumman ka ngwaga wa 2008 e le motlatsaTautona le motsamaisikakaretso wa kgwebo ya tshireletsego ya inthanete ya khamphani.[9] Ka ngwaga wa 2015, fa a ne a le Tautona wa Ditsamaiso tsa Tshedimosetso tsa Northrop Grumman,[10] o ne a akarediwa mo lenaaneng la "100 la Bosetšhaba" la Beke ya Dikhomphiutha ya Bosetšhaba; makasine o ne wa mo akgola ka go oketsa go nna le seabe ga Northrop Grumman mo thulaganyong ya CyberPatriot le go tlhama Setheo sa Thekenoloji e e Gatetseng Pele ya Inthanete, le ka go okamela dikonteraka tsa $1.5 bilione tsa ngwaga wa matlole wa 2014.[11] Warden o simolotse tiro ya gagwe jaaka Tautona wa lekala la Ditsamaiso tsa Thomo ka kgwedi ya Ferikgong ka ngwaga wa 2016, fa khamphani e ne e kopanya makala a yone a Ditsamaiso tsa Tshedimosetso le Ditsamaiso tsa Eleketeroniki.[7][12][13]O ne a nna mopresidente le COO wa Northrop Grumman ka kgwedi ya Ferikgong ka ngwaga wa 2018,[14] mme nako ya gagwe ya go nna Mokhuduthamaga e simolotse ka kgwedi ya Ferikgong a thola bongwe (1), ka ngwaga wa 2019.
Warden o tlotlilwe ka go etelela pele go kopanngwa ga Orbital ATK, moragonyana Ditsamaiso tsa Boitshimololedi tsa Northrop Grumman.[7]O ne a tsenela boto ya bakaedi ba Northrop Grumman ka kgwedi ya Phukwi ka ngwaga wa 2018 mme a nna Modulasetulo ka kgwedi ya Phatwe ka ngwaga wa 2019.[15]
Botokololo jwa Boto le ditiro tsa bogakolodi
Warden ke leloko la Lekgotla la Kgwebo.[16] Ka ngwaga wa 2016, o ne a na le maemo mo botong ya Phaka ya Bosetšhaba ya Wolf Trap ya Botsweretshi jwa Tiragatso.[10][17] Gape o ne a le mo botong ya Banka ya Resefe ya Bosetšhaba ya Richmond go tloga ka ngwaga wa 2018 go fitlha ka ngwaga wa 2020.[5]Gape o ne a dira le setlhopha sa togamaano ya tshireletsego ya dikhomphiutha sa Setheo sa Aspen.[4]
Warden o ne a le mo Lekgotleng la Bogakolodi jwa Inthanete la puso ya ga Clinton.[10] O ne a nna leloko la boto ya baeng ba Yunibesithi ya James Madison ka kgwedi ya Phalane ka ngwaga wa 2018.[4] Pele ga foo, Warden o ne a le mo botong ya Kholetšhe ya Kgwebo ya yunibesiti, go simolola ka 2016.[4]
Warden o ne a tlholwa ke Russia ka kgwedi ya Moranang a le masome a mabedi le bongwe( 21), ka ngwaga wa 2022 mmogo le baagi ba bangwe ba le 28 ba Amerika.[18] Ka kgwedi ya Motsheganong a le masome a mabedi (22), ka ngwaga wa 2024, o ne a kganelwa ke puso ya China ka ntlha ya go rekisetsa Taiwan dibetsa.[19]
Warden o amogetse Sejana sa Collier sa ngwaga wa 2022 mo boemong jwa setlamo sa go thankgolola Thelesekoupo ya Lefaufau ya James Webb.Warden o ne a nna leloko la boto ya Merck & Co. ka ngwaga wa 2020. Ka ngwaga wa 2019, o ne a nna leloko la boto ya Catalyst e e sa direng dipoelo, mme a nna modulasetulo wa yone ka ngwaga wa 2024.[20]Gape o mo botong ya Tirisanommogo ya Greater Washington mme o ne a nna modulasetulo wa yone ka kgwedi ya Ferikgong ka ngwaga wa 2024.[21]O mo komitingkhuduthamaga ya Mokgatlho wa Diintaseteri tsa Difofane mme o kile a bo a le modulasetulo wa boto ya one.[22]
Warden o ne a tlhomiwa go nna leloko la setlhopha sa bagakolodi ba badirisi ba Lekgotla la Bosetšhaba la Lefaufau ka kgwedi Motsheganong ka ngwaga wa 2020.[23] O ne a tlhophelwa paka e nngwe ka kgwedi ya Sedimonthole ka ngwaga wa 2022.[24] Ka kgwedi ya Moranang ka ngwaga wa 2024, Lefapha la Tshireletsego ya Naga la U.S. le ne la mo naya leina la Boto ya lone e ntšha ya Tshireletsego le Tshireletsego ya Botlhale jwa Maitirelo.[25]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 Sasser, Matthew (October 18, 2018). "Future CEO of Fortune 500 company on board of visitors". The Breeze. James Madison University. Retrieved November 30, 2018.
- ↑ Weingarten, Dwight A. (20 June 2023). "Northrop Grumman president goes from small town to stars with company's astronautics award". The Herald-Mail. Retrieved 20 January 2025
- ↑ De Lea, Brittany (July 13, 2018). "Northrop Grumman new CEO: What to know about Kathy Warden". Fox Business Network. Retrieved November 30, 2018.
- 1 2 3 4 "GWSB Graduate Named Northrop Grumman CEO". George Washington University. July 18, 2018. Retrieved November 30, 2018
- 1 2 3 "#22: Kathy Warden". Fortune. Retrieved November 30, 2018.
- ↑ Davenport, Christian; Gregg, Aaron (July 12, 2018). "Northrop Grumman CEO will step down". The Washington Post. Retrieved November 30, 2018
- 1 2 3 "Northrop's CEO to Depart Next Year as Defense Giant Elevates COO". IndustryWeek. July 13, 2018. Retrieved November 30, 2018
- ↑ Hutzell, Rick (January 3, 2016). "People to watch: Kathy Warden, head of local Northrop Grumman unit". The Capital. Retrieved November 30, 2018.
- ↑ Mehta, Aaron (12 July 2018). "Northrop to change CEO". Defense News. Retrieved November 30, 2018.
- 1 2 3 "Northrop Grumman reorganization means changes in Maryland". The Capital. November 18, 2015. Archived from the original on January 6, 2019. Retrieved November 30, 2018.
- ↑ "Federal 100: Kathy Warden". Federal Computer Week. March 16, 2015. Archived from the original on January 6, 2019. Retrieved November 30, 2018.
- ↑ Bach, Natasha (July 13, 2018). "The Fortune 500 Is Set to Get Another Female CEO". Fortune. Retrieved November 30, 2018
- ↑ Wilkers, Ross (July 12, 2018). "Northrop CEO Wes Bush to retire, Kathy Warden named successor". Washington Technology. Retrieved November 30, 2018
- ↑ Wilkers, Ross (26 September 2017). "Northrop names Warden COO, other senior appointments for 2018". Washington Technology. Retrieved 5 January 2025.
- ↑ "Kathy Warden - 2019 Most Powerful Women". Fortune. 2019. Retrieved 5 January 2025.
- ↑ "Business Council Elects Gail K. Boudreaux as Chair". citybiz
- ↑ "Wolf Trap Foundation Board Members". Wolf Trap Foundation. Retrieved December 12, 2018.
- ↑ Saul, Derek (21 April 2022). "Mark Zuckerberg And Kamala Harris On Russia's Latest Odd Sanction List". Forbes. Retrieved 15 March 2025
- ↑ Hodunova, Kateryna (22 May 2024). "China sanctions 12 US military companies over Taiwan, war in Ukraine". The Kyiv Independent. Retrieved 15 March 2025
- ↑ "Catalyst Welcomes Northrop Grumman CEO Kathy Warden as New Board Chair". Catalyst, Inc. (Press release). 18 April 2024. Retrieved 14 January 2025
- ↑ Murillo, Ana Lucía (26 October 2023). "Greater Washington Partnership taps Northrop Grumman CEO Kathy Warden as new chair". Washington Business Journal. Retrieved 14 January 2025
- ↑ Lake, Sydney (10 December 2020). "Northrop Grumman CEO Kathy Warden to chair Aerospace Industries Association board". Virginia Business. Retrieved 14 January 2025
- ↑ Rivers, Brenda Marie (18 May 2020). "Industry Execs Among Nominated Advisers to National Space Council". GovCon Wire. Retrieved 15 January 2025
- ↑ Foust, Jeff (16 December 2022). "White House revamps membership of National Space Council advisory group". SpaceNews. Retrieved 15 January 2025
- ↑ Shepardson, David (26 April 2024). "US Homeland Security names AI safety, security advisory board". Reuters. Retrieved 14 January 2025