Kayanga Baroda Watongola
| Kayanga Baroda Watongola | |
|---|---|
| Mopalamente wa Uganda | |
| Assumed office 2021 | |
| Pele Ga Gagwe | Rehema Watongola |
| Constituency | Mmasepala wa Kamuli |
| Ka Ga Ena | |
| Alma mater | Kyambogo University |
Kayanga Baroda Watongola ke mopolotiki le motlhomamolao wa kwa Uganda. Ke mopalamente wa mmasepala wa Kamuli, mo palamenteng ya lesome le motso ya Uganda. O tsene mo palamenteng e le ntlhopheng o o ikemetseng.[1][2][3]
Botshelo jwa a le mmotlana le thuto
[fetola | Fetola Motswedi]Baroda Watongola ke morwadie Hajjat Rehema Tiwuwe Watongola, mopalamente wa pele wa mmasepala wa Kamuli le Badiru Watongola, modulasetilo wa phathi ya National Resistance Movement kwa maasepaleng wa Kamuli.[4][5][6][7]
Baroda Watongola o tsene sekolo kwa sekolong se segolwane sa ithutelo ditiro sa Kyambogo University kwa a alogileng ka bachelor's degree ya tsosoloso ya setshaba. O na le diploma gape ya thuto eo.[1][5][8]
Tiro
[fetola | Fetola Motswedi]Baroda o ne a emelela mmaagwe jaaka ntlhopheng wa mmasepala wa Kamuli kwa kgaolong ya Kamuli morago ga gore mmaagwe, Hajjat Rehema Watongola, a tlhokafale ka ntlha ya COVID-19 dikgwedi fela morago ga ditlhopho tsa Uganda tsa 2021 tse a neng a ikaeletse go di emela.[4][1][5][9][6][7][8]
O ne a amogela kemo nokeng ya ga tautona wa phathi ya Forum for Democratic Change (FDC), Eng. Patrick Oboi Amuriat, le ntswa e ne e le wa phathi e sele.[10]
Mo ditlhophong tsa 2021, Baroda o ne a emela setilo sa bopalamente a ikemetse, fela jaaka mmaagwe a ne a dirile. O ne a fenya kgatlhanong le Mastula Namatovu wa National Resistance Movement, Mosses Bigirwa wa National Unity Platform (NUP) le Eng. Geoffrey Mugoye (o le ene a neng a ikemetse).[2][6][7][11]
Mo ditlhophong tsa 2026, o ne a fenngwa ke Mastula Namatovu o a neng a eme kgatlhanong le ene mo ditlhopong. Ka jalo ga nke a nne teng mo palamenteng ya lesome le bobedi.[12]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 3 Benard, Don M. (2020-11-27). "Kyambogo University Finalist Nominated to Contest for Her Fallen Mother's MP Seat". Campus Bee. Retrieved 2026-05-12
- 1 2 "Kamuli Municipality MP Elect Kayanga Embarks on "Non-Violent Youth Project" -". 2021-02-23. Retrieved 2026-05-12
- ↑ "KAMULI: Hon.Baroda Watongola donates to locals Covid-19 Relief items". NBS 89.4FM. 2021-07-05. Archived from the original on 2021-08-04. Retrieved 2026-05-11
- 1 2 Deceased MP Watongola's daughter joins MP contest for Kamuli municipality, retrieved 2026-05-12
- 1 2 3 "Daughter nominated to compete for deceased mother's MP seat in Kamuli Municipality". Nile Post. 2020-11-24. Retrieved 2026-05-12
- 1 2 3 URN. "Late Watongola's daughter Kayaga nominated for Kamuli MP seat". The Observer - Uganda. Retrieved 2026-05-12
- 1 2 3 "Watongola's daughter fights for her mother's shoes". New Vision. Retrieved 2026-05-12
- 1 2 "Fallen Kamuli MP's daughter joins race to replace her". Monitor. 2020-11-24. Retrieved 2026-05-12
- ↑ "Daughter to deceased Kamuli Municipality MP Watongola nominated to "defend" mother's Seat". Matooke Republic. 2020-11-25. Retrieved 2026-05-12
- ↑ "Video: FDC's Amuriat Endorses NRM-leaning Candidate for Kamuli Municipality MP Seat". ChimpReports. 2020-12-27. Retrieved 2026-05-12
- ↑ "The women who trounced men in parliamentary races". Bukedde. Retrieved 2026-05-12
- ↑ "Kamuli Municipality parliamentary vote recount hits snag as High Court intervenes". Monitor. 2026-02-04. Retrieved 2026-05-12.