Jump to content

Keabetswe Motsilanyane

Go tswa ko Wikipedia

Keabetswe "KB" Motsilanyane (yo o tshotsweng ka kgwedi ya Moranang 8 1979), yo ka dinako dingwe a itsiweng jaaka KB Mamosadi, ke modiragatsi wa

Keabetswe Motsilanyane
Tsalo
Keabetswe Motsilanyane

(1979-04-08) 8 April 1979 (age 46)
Moruleng, South Africa
LetsoSouth African
Maina amangwe
  • KB Motsilanyane
  • KB Mamosadi
  • Mamosadi KB
Tiro
  • Performing artist
  • singer
  • actress
  • songwriter
  • dancer
  • businesswoman
Dingwaga tsa a le mo tirong1995–present
MosadiTerry Pinana

Aforika Borwa, seopedi, motaki yo o dirang sentle, le mogwebi.[1]Ke seopedi sa R'n'B mmogo le mokwadi wa dipina. Jaaka modiragatsi, o itsege thata ka ditiro tsa gagwe mo di-serial Backstage, Rhythm City le 7de Laan.[2]

Botshelo jwa motho ka namana

[fetola | Fetola Motswedi]

Motsilanyane o tshotswe kgwedi Moranang 81979 kwa Moruleng, mo Afrika Borwa. O kile a nyalwa ke Terry Pinana; ba ne ba kgaogana ka ngwaga wa 2007.[2][3]O na le ngwana a le mongwe wa mosimane.[4]

Mokgwa wa go itshetsa le tswelelopele

[fetola | Fetola Motswedi]

Motsilanyane o fitlheletse go tuma jaaka motaki wa go rekota mo Aforika Borwa ka dialebamo tsa gagwe tse thataro. O abelane le bataki ba selegae le ba boditšhabatšhaba, go akaretsa le: Eve, Sibongile Khumalo, Busta Rhymes, Beyonce, Prime Circle Ashanti, Dwele le Brandy. O ne a simolola tiro ya gagwe ya mmino fa a ne a tsenela setlhopha sa Aforika Borwa, Crowded Crew, yo o neng a tlhagelela kwa bofelong jwa dingwaga tsa bo 1990. Ka ngwaga wa 2001, Motsilanyane o ne a tsenela soapie ya e-TV e e bidiwang Backstage a dira ka leina la gagwe; seno se ne sa tsamaisana le go gololwa ga alebamo ya gagwe ya ntlha, Beautiful Vibrations (2002), e e neng e na le pina e e tumileng ya "O A lla", e e neng ya dira gore a nne le leina la Mamosadi.

O ne a simolola tiro ya gagwe ya bodiragatsi ka 1999 ka diterama tsa bobogelo. O tumile thata ka pontsho ya Backstage moo a neng a tshameka karolo ya KayBee. Fa a sena go tswa mo pontshong eno, o ne a tshameka karolo ya ga Lucilla Vilakazi mo motseletseleng o o tumileng wa thelebishene wa Rhythm City.[5]O ne a nna leloko la ka metlha la batshameki mo motseletseleng ono go fitlha a tsamaya ka ngwaga wa 2015. Ka ngwaga wa 2015 le ene o ne a dira jaaka sekao kwa tseleng ya go tsamaya mo Soweto Fashion Week. Ka ngwaga wa 2017, o ne a ikopanya le soapie e e tumileng ya Aforika Borwa ya Soapie 7de Laan mme a tshameka karolo ya mmueledi yo o makgapha, Lesedi. O ne gape a tshameka mo setlheng sa bobedi sa motseletsele wa ditlhogo tsa metse ya Thola jaaka Dibuseng Makwarela. O ne a nna le seabe se segolo mo motseletseleng wa Mtunzini.com jaaka Phaphama Molefe. Motsilanyane o amogetse ditlhopho tse pedi tsa KaboGolden Horn Award for Best Actress in a TV Soap in 2008 and 2011.[2]

O amogetse dietse di le mmalwanyana tsa kopelo[2]

    • 2003 Metro FM Award Best RnB
    • 2003 Metro FM Awards Best Newcomer
    • 2003 SAMA Best RNB
    • 2004 Metro FM Award Best Female Artist
    • 2004 Metro FM Award Best RnB
    • 2005 & 2006 Kid's Choice Awards Favourite Female Artist
    • 2005 Metro FM Award Best Female Artist
    • 2008 SAMA Best Urban Pop 2008 Metro FM Award Best Styled Artist
  1. "KB MOTSILANYANE biography". Afternoon Express. Retrieved 29 November 2020.
  2. 1 2 3 4 "KB Motsilanyane". briefly. 5 September 2019. Retrieved 29 November 2020.
  3. "KB Motsilanyane: 'I love like an idiot'". timeslive. Retrieved 29 November 2020
  4. "KB Motsilanyane Finally Opens Up About Her Relationship With Ex Husband". youthvillage. Retrieved 29 November 2020.
  5. "KB Motsilanyane". tvsa. Retrieved 29 November 2020