Keletso Rakhudu
Keletso Joseph Rakhudu[1]ke radipolotiki wa Motswana yo o neng a direla Palamente ya Pan-African e e emetseng Botswana le Palamente ya Botswana ya Gaborone jaaka Mothusa Tona ya Lefapha la Kgwebo, Mothusa Tona ya Thuto le Tlhabololo ya Bokgoni, le Mothusa Tona ya Madi leTlhabololo ya Leano ka dinako tse di farologaneng go tloga ka ngwaga wa dikete tse pedi le bone ( 2004) go fitlha ka ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le bone ( 2014). E ne e le leloko la Botswana Democratic Party. [2]
Rakhudu o simolotse dipolotiki ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a robabongwe le borobabongwe ( 1999 )morago ga go tlhophiwa go nna leloko la Khansele ya Toropokgolo ya Gaborone. Pele ga tiro ya gagwe ya sepolotiki, o ne a dira kwa Kgosi Kgari Sechele II Secondary School kwa Molepolole go tloga ka kgwedi ya Motsheganong ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a supa le borobabongwe (1979) go fitlha ka kgwedi ya Hirikgong ngwaga wa sekete,makgolo a robabobedi le boraro(1983), koo a neng a ruta Seesimane le Thutafatshe.
Rakhudu o ne gape a dira jaaka motlhankedi-mogolo wa Longman Botswana, jaaka motshameki wa katara wa setswana-style le motshameki wa alto saxophone ka leina la ⁇ Kaizur ⁇ , modiri wa tlhabololo ya Botswana Music Union, motshegetsi wa Notwane F.C., mothei/motsamaisi wa Funeral Services Group, khampani e e tsayang dišere e e nang le dipolase kwa Serokolwane, le jaaka molemirui yo o godisang dikgomo, dikgomo tse dinnye, dikoko le dikgala. [3]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "PAP Member Countries". Archived from the original on 2008-03-12. Retrieved February 7, 2023.
- ↑ Pelontle, Kedirebofe. "Botswana: Govt Keen to Develop Arts". Botswana Daily News. allAfrica. Retrieved February 10, 2023.
- ↑ Basimanebotlhe, Tsaone (May 23, 2014). "Rakhudu, a man of many talents". Mmegi Online. Retrieved February 10, 2023.