Kelis Ndhlovu
Kelis Ndhlovu (yo o tshotsweng Ngwanatsele a le lesome le borataro ka 2005) ke motshameki wa kirikete wa kwa Zimbabwe yo o tshamekelang setlhopha sa bosetshaba sa kirikete sa basadi sa kwa Zimbabwe.[1] Ke motshameki wa makgonatsotlhe, yo o tikang ka letsogo la molema gape a itaya kgwele ka letsogo la molema. Rraagwe, Eddie Ndhlovu ke motlhami wa difilimi yo o itsegeng thata mo lefatsheng leo.[2]
O tsere diwete di le dintsi mo kgaisanong ya 2022 ICC Women's T20 World Cup Qualifier kwa UAE.[3] O ne a emela Zimbabwe mo sejaneng sa lefatshe sa Basadi sa T20 ka 2023 sa ba ba ka fa tlase ga dingwaga di le lesome le boferabongwe. Ka ngwaga wa 2024, o ne a fenya Player of the Tournament fa Zimbabwe e ne e gapa seetsele sa goauta kwa African Games.
Ka Moranang wa 2023 a le lesome le boferabongwe, o ne a nna motshameki wa ntlha yo o tikang kgwele go tsaya diwikete tse tlhano mo motshamekong wa Zimbabwe wa basadi wa ODI.[4][5]
Kgolo ya gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Ndhlovu o ne a tlhopha motshameko wa kirikete kwa sekolong se se potlana morago ga tsala ya gagwe e sena go mo rotloetsa go o tlhopha. Mmaagwe tsala ya gagwe o ne a batla gore tsala ya gagwe e ye go tshameka kirikete se se neng sa dira gore Ndhlovu le tsala ya gagwe ba tshameke mmogo. Le fa tsala ya gagwe e ne ya tlogela motshameko oo, o ne a tswelela a o tshameka. Fa a ne a le mo lekwalong la boraro, o ne a ipeela seelo sa gore "a tseye motshameki mongwe le mongwe, motshameki yo o itayang kana yo o tikang, kgotsa motshameki wa lebala wa kgaisanono eo" mo motshamekong mongwe le mongwe o a o tshamekang.
O tsene sekolo se se potlana kwa Prince Edward School kwa Harare. Moragonyana o ne a ya go ithuta kwa sekolong se segolo sa Sake 3, mme morago ga moo a ya go ithuta kwa Wise Owl. O ne a tswelela ka dithuto tsa gagwe ga mmogo le go tshamekela setshaba sa gagwe motshameko wa kirikete. O dirisa barutabana ba ba ikemetseng fa a le mo loetong, o ithuta gape ka maranyane.[6] O ne a bolela gore o "nna go fitlha ka ura ya boraro mo mosong letsatsi le letsatsi a ithuta".
O obamela batshameki ba Zimbabwe Modester Mupachikwa le Milton Shumba.[7]
Tiro
[fetola | Fetola Motswedi]Ndhlovu fa a le dingwaga di le lesome le borataro, o fentse bommampodi ga bedi tsa Eagles mo sebakeng sa dikgwedi di le tlhano.[8] Ka Moranang a le masome mabedi ka 2022, Ndhlovu o ne a tshameka motshameko wa gagwe wa ntlha wa boditshabatshaba a tshamekela Zimbabwe kgatlhanong le Namibia kwa Capricorn Tri-Series kwa Windhoek. Malatsi a le mane morago ga foo, o ne a kgona go dira metabogo ya gagwe e le masome matlhano ya ntlha mo motshamekong wa T20I. Morago ga moo o ne a nna le tirisanommogo e e sa fenngweng ya maleka a le lekgolo le masome a matlhano le borataro le Sharne Mayers, e a neng a e tlhalosa e le "nako e e molemo go gaisa tsotlhe". Moragonyana mo ngwageng oo, o ne a tshameka mo kgaisanong ya 2022 ICC Women's T20 World Cup Qualifier kwa UAE, koo a neng a le motshwara-diwikete wa maemo a a kwa godimo ka go gapa diwikete di le lesome le motso. A setse a na le maitemogelo a boditshabatshaba, o ne a tshamekela Zimbabwe mo sejaneng sa lefatshe sa basadi sa T20 sa 2023 sa ba ba ka fa tlase ga dingwaga di le lesome le boferabongwe. Pele ga kgaisano, o ne a le karolo ya dibeke tse tharo tsa ikatiso ya U19 le loeto la go ipaakanyetsa kgaisano kgatlhanong le Afrika Borwa. Ka Mopitlo wa 2023, o ne a dira nosa metabogo e e lekgolo ya gagwe ya ntlha ya List-A, ka maduo a le lekgolo le borobabongwe mo dikgweleng di le lekgolo le metso e mebedi tsa Eagles kgatlhanong le Rhinos. O ne a simolola ODI ya gagwe ngwaga morago ga go simolola T20I, ka Moranang a le lesome le boferabongwe ka 2023 kgatlhanong le Thailand.
O ne a tsaya diwekettea tse tlhano a dira metabogo e le masome a mabedi le bobedi lekgetlho la ntlha, le fa Zimbabwe e ne ya feleletsa e latlhegetswe.[9] Fa a le dingwaga di le lesome le bosupa le malatsi a le lekgolo le malatsi a matlhano le bone, o ne a nna mosadi wa boraro yo monnye go nna le diwikete di le tlhano mo motshamekong wa kirikete wa ODI.[10] O ne a tsaya diwikete di le lesome ka palogare ya 5.80 mo motshamekong wa gagwe wa ntlha, le fa letlhakore la gagwe le ne la betswa ka 0-3. Ka Tlhakole wa 2024, o ne a tsaya diwikete di le nne mo metabogong e ferabongwe fela mo motshamekong wa di-over di le masome a mabedi kgatlhanong le OMTEX Cricket Institute kwa Mumbai.[11] O ne a emela Zimbabwe kwa 2024 African Games ka Mopitlo wa 2024 (kgatiso ya ntlha ya metshameko ya Aforika e e neng e na le kirikete), mme a fenya metabogo ya phenyo kgatlhanong le setlhopha sa South Africa Emerging , go bona seetsele sa gauta.[12] O ne a tlhophiwa jaaka Motshameki wa Motshameko mo makgaolakgannyeng mmogo le Motshameki wa wa kgaisano mo Metshamekong ya Aforika. O ne a lalediwa go tsaya karolo mo FairBreak Invitational ya 2024 kwa Antigua, le fa go ntse jalo, go ne go lebega go se na kgaisano epe e e ntseng jalo e e neng ya diragala.[13]
Ndhlovu o ne a tlhophiwa go nna motshameki wa kgwedi ya morang wa 2023 wa basadi wa ICC.[14] O ne a nna motshameki yo monnye go tlhophiwa gogaisanela sekgele sa kgwedi le kgwedi sa ICC. [15]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Francisca Chipare". ESPN Cricinfo. Retrieved 15 February 2025.
- ↑ Moyo, Brandon (16 March 2024). "Between the Silver screen and the Gold medal... Filmmaker Eddie Ndhlovu celebrates daughter's historic triumph". The Chronicle. Retrieved 15 February 2025.
- ↑ "ICC Women's T20 World Cup Qualifier, 2022 bowling most wickets career Records". ESPNcricinfo. Retrieved 15 February 2025.
- ↑ "Ndhlovu fifer on ODI debut in vain as Zimbabwe Women fall to Thailand Women | Three Men On a Boat". Ndhlovu fifer on ODI debut in vain as Zimbabwe Women fall to Thailand Women | Three Men On a Boat | Zimbabwes leading social commentary and news site. 19 April 2023. Retrieved 15 February 2025.
- ↑ "Zimbabwe Women Women ODI matches bowling best figures innings". ESPNcricinfo. Retrieved 15 February 2025.
- ↑ "Kelis Ndhlovu has cricket world on her feet". The Chronicle. 1 October 2022. Retrieved 15 February 2025.
- ↑ "https://web.archive.org/web/20250215053938/https://www.sundaymail.co.zw/ndhlovu-comes-of-age". The Sunday Mail. 1 May 2022. Retrieved 15 February 2025.
- ↑ "https://web.archive.org/web/20250215053938/https://www.sundaymail.co.zw/ndhlovu-comes-of-age". The Sunday Mail. 1 May 2022. Retrieved 15 February 2025.
- ↑ "THI-W vs ZIM-W Cricket Scorecard, 1st ODI at Bangkok, April 19, 2023". ESPNcricinfo. Retrieved 15 February 2025.
- ↑ Cricket, Team Female (22 April 2024). "Who is Kelis Ndhlovu | Bio | Stats | Zimbabwe Player". Female Cricket. Retrieved 15 February 2025.
- ↑ "Ndhlovu shines for U-19 women victory". The Herald). 3 December 2022. Retrieved 15 February 2025.
- ↑ "Zimbabwe clinch African Games gold after thrilling super over win over team SA". Cricket World. Retrieved 15 February 2025.
- ↑ Moyo, Brandon (16 March 2024). "Between the Silver screen and the Gold medal... Filmmaker Eddie Ndhlovu celebrates daughter's historic triumph". The Chronicle. Retrieved 15 February 2025.
- ↑ "Kelis Ndhlovu nominated for ICC Women's Player of the Month Award". ZTN. 4 May 2023. Retrieved 15 February 2025.
- ↑ "Kelis Ndlovu continues to shine". The Herald.