Jump to content

Kenneth Koma

Go tswa ko Wikipedia

Gaobamong Kenneth Shololo Koma (o tshotswe ka kgwedi ya Phukwi e tlhola malatsi ale masome a mabedi le bosupa ka ngwaga wa 1923 – o tlhokafetse ka kgwedi ya Mopitlo etlhola malatsi ale lesome le boferabongwe ka ngwaga wa March 2007), o itsege that's ka leina la Kk[1] ene ele motlhalefi le mopolotiki wa lefatshe la Botswana yo o berekileng ele moeteledipele wa leloko la Botswana National Front (BNF), leloko le letona la kganetso go simolola ka ngwaga wa 1977 go ya kwa ngwageng wa 2001. O berekileng gale ele leloko la kokoano ya bosetshaba la Botswana a emetse kgaolo ya Gaborone Borwa go simolola ka ngwaga wa 1984 go ya ko ngwageng wa 2004 o tshwere maemo a Moeteledipele wa kganetso go simolola ka ngwaga wa 1984 go ema ka ngwaga wa 2003.A bapisiwa le Bathoen Gaseitsiwe le Philip Matante, o tsewa e le mongwe wa baeteledipele ba bagolo ba kganetso mo dingwageng di le masome a mararo tsa ntlha tsa dingwaga tsa ntlha tsa puso ya Botswana Democratic Party (BDP) go nna teng[2][3][4]

Kenneth Koma
Leader of the Opposition (Botswana)|Leader of the Opposition
PresidentQuett Masire Festus Mogae
In office
2 December 1984  1 August 2003
Pele Ga GagweBathoen Gaseitsiwe
Morago Ga GagweNehemiah Modubule
President of the otswana National Front
In office
23 April 1977  25 November 2001
Pele Ga GagweBathoen Gaseitsiwe
Morago Ga GagweOtsweletse Moupo
Member of Parliament (Botswana)|Member of Parliament for Gaborone South
In office
2 December 1984  17 October 2004
Pele Ga GagwePeter Mmusi
Morago Ga GagweAkanyang Magama
Ka Ga Ena
O tsetswe27 July 1923
Mahalapye,Bechuanaland
O Tlhokafetse27 July 1923-19 March 2007
Mahalapye,Botswana
Mosetshaba waBotswana, Motswana
MokgatlhoBotswana National Front


Go tsaya karolo mo sepolotiking ga ga Kenneth Koma kwa ntlheng go simolotse ka ngwaga tsa bo 1950s ha ane a eme Seretse Khama nokeng mo go lweleng boipuso jwa Bechuanaland go tswa ka fa tlase ga Tshirelotso Ya Borithane. Le fa go ntse jalo, morago ga boipuso o ne a ikgogela morago mo go Khama abo a nna mongwe wa bakgadi ba gagwe.ka ngwaga wa 1965, Koma o tshamekile karolo e e maleba mo go tlhamiweng ga leloko la Botswana National Front a engwe nokeng ke moeteledipele wa morafe ebong Bathoen Gaseitsiwe.Koma o lemogiwa ele "moitseanape wa botsalano" gape o eteletse pele lekoko mo teng ga lekoko le le neng le buelela botsalano jwa Aforika. Le fa go ne go na le dipharologano tsa bone tsa dikgopolo, o ne a tshwaraganela boeteledipele le Bathoen, e leng motshegetsi wa setso ka maiteko a go tlhama sepolotiki sa maatla a a diretsweng go araba letlhoko la lefatshe.

Mo dingwageng tse di masome a mabedi tsa ntlha morago ga boipuso,Koma o nnile le dipoelo morago tse di boelelang tsa ditlhopho,lebaka ele go tsenelela ga ga Bathoen ka maikaelelo ago kgaphela kwa thoko boeteledipele jwa gagwe. Le fa go ntse jalo,o Ile a fenya mo go tlhophiweng ele ene Moeteledipele wa leloko la BNF ka ngwaga wa 1977. Mme Bathoen one a tswelela go mo kgaphela kwa thoko mo sepolotiking. Ka ngwaga wa 1984,Koma o ne a latlhegelwa go Mothusa Tautona Peter Mmusi wa leloko la BDP mo kgaolong ya Gaborone Borwa le fa go na le dikgang tsa gore go nnile le boherehere mo ditlhophong. Ka ntlha ya go tlogela tiro ga ga Bathoen,Koma o Ile a tsaya maemo a go nna modulasetilo abo a nna Moeteledipele wa Kganetso.

Boeteledipele jwa ga Koma bo ne jwa nna le kgolo e e bonalang mo katlegong ya ditlhopho tsa kganetso mo tsamaisong ya makoko a a laolang mo Botswana. BNF e ne ya tsaya taolo ya bontsi jwa mafelo a magolo a ditoropo ka ngwaga wa 1984 mme ya tliisa seno ka ngwaga wa 1989, ya feta ditlhopha tse dingwe tsa sepolotiki go itlhoma jaaka lekoko le le nosi, kwa ntle ga BDP, le le nang le tlhotlheletso ya lefatshe ka bophara. Koma o ne a gatelela puso ya ga Quett Masire go dira diphetogo, go tokafatsa go, nna mo mpepeneneng ga tsamaiso ya ditlhopho. Ka fa tlase ga boeteledipele jwa gagwe, BNF e ne ya fitlhelela maduo a yone a a gaisang mo ditlhophong tsa ngwaga wa 1994 mme go fitlha ga jaana e santse e le phesente e e kwa godimo ya ditlhopho tsa batho e e fitlheletsweng ke lekoko lepe la kganetso mo Botswana, ene ya bona manno a le lesome le boraro mo go a le masome a mane a palamente.

Mo pakeng e e latelang, Koma o ne a lebagana le kgotlhang ya boeteledipele le lekoko le lennye mo teng ga lekoko, le le neng le eteletswe pele ke Michael Dingake, yo o neng a leka go mo tlosa mo setilong kwa bofelong jwa dingwaga tsa bo 1990. Le fa maiteko a bone a ne a palelwa, lekoko le le neng la tswa la Botswana Congress Party, le ne la itaya BNF thata ka nako ya ditlhopho tsa ngwaga wa 1999. Koma o ne a tlogela tiro ya boeteledipele jwa BNF morago ga go fenngwa gone mo,mo bogareng jwa ngwaga wa 2000 mme a tlogela tiro jaaka Moeteledipele wa Kganetso ka ngwaga wa 2003. O ne a tlogela tiro mo Palamenteng kwa bofelong jwa paka ya gagwe ya bone ka ngwaga wa 2004.[2]

Botshelo Jwa Gagwe le Loso

[fetola | Fetola Motswedi]

Mo dingwageng tsa gagwe tsa bofelo, Koma o ne a tswa mo BNF ka lekoko la gagwe le ne la latlhegelwa ke taolo ya lekoko. O nnile le seabe se se botlhokwa thata mo go tlhomiweng ga New Democratic Front, mme dikgang tsa botsogo di ne tsa mo pateletsa go tlogela tiro mo lebaleng la sepolotiki.[1]Koma o ne a tlhokafala ka kgwedi ya Mopitlo ngwaga wa 2007 a le dingwaga di le masome a boferabobedi le boraro mme a bolokwa fela mo go iketlileng kwa motseng wa gaabo wa Mahalapye.

Jaaka moeteledipele yo o tlhageletseng wa sepolotiki yo o nang le maemo a a kwa godimo mo Botswana pele le morago ga boipuso, boswa jwa ga Koma jwa sepolotiki bo aname e bile bo na le dikganetsano.[3][4] Batshegetsi ba gagwe ba sireletsa botlhabani jwa gagwe jwa sepolotiki jo bo sa bolong go nna teng, boineelo jwa gagwe mo melaometheong ya botsalano, maiteko a gagwe a go rotloetsa temokerasi e kgolo mo teng ga tsamaiso ya sepolotiki ya Botswana, le seabe sa gagwe mo katlegong ya ditlhopho tsa BNF mo dingwageng di le lesome go tloga ka ngwaga wa 1980 go fitlha ka ngwaga wa 1990.[3][4]Le fa go ntse jalo, batshwayadiphoso ba gagwe ba belaela boeteledipele jwa gagwe jwa bobusaesi mo teng ga lekoko, bogolosegolo morago ga go tsamaya ga ga Bathoen ka ngwaga wa 1985, mmogo le go nna le seabe ga gagwe mo dikgaoganong tsa kganetso tse di neng tsa senya tsholofelo e kgolo ya phenyo ya ditlhopho ka ngwaga wa 1999.[4] Le fa go ne go na le dikganetsano tse, BNF le makoko a mantsi a a kgaoganeng a a tlhageletseng ka nako ya boeteledipele jwa gagwe a tsaya Koma jaaka tshupiso ya dikgopolo le ya sepolotiki.[3][1]

  1. 1 2 3 Modise, Oliver (20 March 2007). "Kenneth Koma is no more". Mmegi Online. Retrieved 15 September 2023
  2. 1 2 Morton, Fred; Ramsay, Jeff; Mgadla, Part Themba (23 April 2008). Historical Dictionary of Botswana. Scarecrow Press. ISBN 978-0-8108-6404-7.
  3. 1 2 3 4 Basimanebotlhe, Tsaone (18 November 2015). "BNF unveils Koma's tombstone". Mmegi Online. Retrieved 15 September 2023
  4. 1 2 3 4 Critical review of Dr Christian Makgala's article on Kenneth Koma and the BDP: Who used whom? | Sunday Standard". 22 April 2007. Retrieved 15 September 2023.