Jump to content

Kgabo II

Go tswa ko Wikipedia
Kgabo II
TitleKgosi ya Bakwena
PredecessorMogopa
SuccessorMotshodi
BanaMotshodi
Batsadi(s)

Kgabo II e ne e le kgosi ya morafe wa Bakwena. E ne e le ngwana wa mosimane o mmotlana wa ga kgosi Tebele wa Bakwena. Tebele o ne a tlhatlhamiwa ke mogolowe Kgabo ebong Mogopa, Kgabo a neelwa taolo ya kgotla mo morafeng. Morago ga lenyora le komelelo, Mogopa o ne a eletsa go fudusa morafe go ya go batla pula, mme Kgabo le motse wa gagwe ba ne ba seka ba tsamaya le bone.[1] Bakwena ba ne ba kgaogana ka ditlhopha tse pedi:Bakwena-Kgabo ba ba neng ba nna kwa Rathatheng, le Bakwena-Mogopa ba ba neng ba thibelela kwa Mabjanamatshwana.[2][1][3]

Kgabo e ka tswa e le ene kgosi e e neng ya etelela Bakwena pele go tswa kwa Ranthatheng go tsena mo Botswana wa gompieno, mme se se ka tswa se dirilwe gape ke ngwana wa gagwe o a neng a mo tlhatlhama Motshodi.[2][4] Go ya ka Isaac Schapera, Kgabo o ne a tlhatlhamiwa ke Motshodi ka ngwaga wa 1740.[1] Go ya ka motlhatlhelela dithuto tsa ditso Leonard Ngcongco, Kgabo le Motshodi ba ne ba tshela ka nako ya lekgolo la dingwaga di le lesome le bosupa.[5]

  1. 1 2 3 Schapera, Isaac (1980). "Notes on the Early History of the Kwena (Bakwena-bagaSechele)". Botswana Notes and Records. 12: 83–87. ISSN 0525-5090. JSTOR 40980796
  2. 1 2 Otlogetswe, Thapelo J. (2015). "Treatment of Spelling Variants in Setswana Monolingual Dictionaries". Lexikos. 25. doi:10.5788/25-1-1299
  3. Ngcongco, Leonard D. (1979). "Origins of the Tswana". Pula: Botswana Journal of African Studies. 1 (2): 21–46. ISSN 0256-2316
  4. Ngcongco 1979, pp. 36–37
  5. Ngcongco, Leonard D. (1979). "Origins of the Tswana". Pula: Botswana Journal of African Studies. 1 (2): 21–46. ISSN 0256-2316.