Jump to content

Kganetso ya Nandi

Go tswa ko Wikipedia

Kganetso ya Nandi e ne e le kgotlhang ya sesole e e diragetseng kwa e leng Kenya gompieno gareng ga dingwaga tsa 1890 le 1906. E ne e akaretsa maloko a morafe wa Kalenjin, bogolo jang kwa kgaolong ya Nandi, le batsamaisi ba kolone ba Britain. Fa lekgolo la dingwaga di le lesome le borobabongwe le ya bokhutlong, nako e e neng e bidiwa ya go kwa sepswe ke Matson, go ne ga nna le koketsego ya beng gae ba ba neng ba gana taolo ya kolone ya Britain. Mo go tsone, kganetso ya Nandi ke yone e tlaa tlhomogang e le telele ebile e le thata.[1]

Kganetso ya Nandi e ne e eteletswe pele ke Koitalel Arap Samoei, o e neng e le moeteledipele wa sesole le tumelo wa nandi ka nako eo. Ka kgwedi ya Phalane e le lesome le borobabongwe ngwaga wa 1905, kwa mabaleng a e leng Nandi Bears Club, Arap Samoei o ne a kopiwa go kopana le Col. Richard Meinertzhagen gore ba nne le kagiso. Le fa go ntse jalo, Meinertzhagen le banna ba gagwe ba ne ba bolaya Koitalel Arap Samoei le ba ba neng ba mo patile, ba fedisa kganetso.[2] Morago, batho ba Britain ba ne ba kgaola tlhogo mo mmeleng wa ga Koitalel, ba e tsaya go e isa London e le bosupi jwa loso lwa gagwe ga mmogo le seetsele se se setlhogo sa bokolone.[3]

Tse di diragetseng pele

[fetola | Fetola Motswedi]

Mo lesomeng la lekgolo la dingwaga di le lesome le borobabongwe, ka nako e batlhotlhomisi ba Yuropa ba neng ba simolola go tseneela kwa Kenya, kgaolo ya Nandi e ne e le lefatshe le le tswetsweng. Thompson ka ngwaga wa 1883 o ne a tlhagisiwa gore a seka a ya nandi, ka ba ne ba itsege ka go tlhasela batho ba ba sa ba itseng le dikolotsana tse di neng di leka go kgabaganya dithaba tsa Mau.[4]

Pelaelo ya Nandi e ne e se fela. Fela jaaka dingwao tsa gae tse dingwe, baporofiti ba Kalenjin ba ne ba sedimosa ka go tla ga monna o mosweu, gareng ga batho ba Nandi, Mongo le Orkoiyot Kimnyole ditshedimosetso tse ke tsone dikae tse di neng di dirisiwa thata. Mongo o ne a tlhalosa a tseneletse, a bolela ka go goroga ga batho basweu a bo a tlhagisa ka go ba lwantsha ka ba na le maatla. Kimnyole, pele ga a bolawa o ne a sedimosa gore ngangisano e tla nna le seabe se segolo mo bathong ba Nandi. Batho ba morafe wa Nandi ka ba ne ba sa tswa go fenya merafe e e mabapi le ma Arabea ba ne ba dumela fa ba ka atlega mo go sireletseng magae a bone.

Dingwaga di supa morago ga tlhaselo ya ga Thompson, dikolptsana di le tharo fela tse dipotlana di akaretsa ya gagwe tsa Europe, di ne tsa tselela kwa Nandi mme tsa seka tsa kopana le batho bape. Dintlha tse di tlhomameng di tserwe mo bathong ba Maasai ba Hannington a neng a re morafe wa Nandi ke one o o dingalo go fetisa e mengwe ka go lwela dithata tsa bone.[5]

Se se bakileng

[fetola | Fetola Motswedi]

Matson fa a bolela lotlhakore lwa gagwe lwa kganetso, o ne a supa gore ditiro tse di senang maikarabelo tsa bagwebi ba Britain Andrew Dick le Peter West, di ne tsa šhakgatsa botshelo gareng ga batho ba Nandi le ba Britain ba ba neng ba goroga.[6] Se se ne sa baka lesome la dingwaga tsa tlhoka kutlwisisano.

Ntwa e simologile ka mo go sa tlwaelesegang. West, o e neng e le morekesi wa ditlhobolo, o a neng a tlhalositswe mo dikwalong tsa ditso e le motho a neng a nna a itshietse, o ne a goroga kwa Mumias ka Mopitlo a le masome mabedi ngwaga wa 1895, mme ka bofefo a tsena mo tirisanong le Dick, mogwebi o o pelwana o a neng a tlhomile marekisetso go tswa kwa lotshitshing go ya nokeng ya Victoria. Maikaelelo a bone e ne e le go simolola thata le kgwebo le batho ba Nandi.

Tirisano ya bone, e ba e simolotseng ka Seetebosigo a le masome mabedi le boraro ngwaga wa 1895 ka go rulaganya dikolotsana tse pedi, e ne ya seka ya simolola sentle. Dick o ne a na le ditlhobolo di le tharo di tserwe ke Kilekwa fa mongwe wa banna ba ga West a ne a bolawa. Dick o ne a na le balwantwa ba Nandi ba le babedi ba ba neng ba ineetse, ba betswa mme morago ba bofiwa ba bo ba betisiwa metsi. Dick o ne a fula batho ba Nandi ba ba neng ba ile go tlhotlhomisa, mme ba phatlalala morago ga gore molwantwa a le nosi a bolawe.

Fa Dick a ne a tsweletse ka go bogisa morafe wa Nandi, West o ne a dirile kampa dioura di le pedi go tswa kwa matlong a Nandi, o ne a dira maiteko a go buisana ka dinaka tsa tlou mme a retelelwa. Le ntswa a ne a tlhagisitswe ka batho ba Nandi, West o ne a tswelela ka maiteko a go kopa ka go tshwara batho ba Nandi sentle. Maiteko a gagwe a ne a busolosediwa ka nako ya bobedi mo mosong wa Phukwi a le lesome le borataro ngwaga wa 1895 fa kampa ya gagwe e tlhaselwa ke balwantwa ba Nandi, mme batho botlhe ba robabobedi ba ne ba bolawa go sa thuntshiwa sepe. Mafoko a bofelo a ga Nandi go bolelwa e ne e le "neela tlhobolo ya me".

Tsa sesole

[fetola | Fetola Motswedi]

Ofisi ya mafatshe a sele ya lefatshe le le sireleditsweng la East Africa le makgotla a borongwa a ne a tsibogela loso lwa ga West ka go rulaganya dithomo tsa sesole kgatlhanong le morafe wa Nandi ka 1895 le 1897.[5] Thomo ya ntlha ya ngwaga wa 1895 e ne e na le masole a askari a le makgolo a mane, a eteletswe pele ke babereki ba Europe ba tshotse dibetsa le tlhobolo. Thomo ya bobedi ya 1897 e ne e na le masole a le masome a matlhano a askari a tshotse tse di tshwanang le tsa pele. Dithomo tse di ne tsa tsisa tatlhegelo ya matshelo a balwantwa ba Nandi, ba tshuba metse e le mmalwa ya Nandi le go gapa loruo lwa bone lo ka nna lekgolo, mme ba retelelwa ke go emisa kganetso ya Nandi gotlhelele.[5]

Tlhaselo ya boraro - ka ngwaga wa 1900

[fetola | Fetola Motswedi]

Mo morafeng wa Nandi, lesome la dingwaga le le neng le feleletsa lekgolo la dingwaga di le lesome le borobabongwe, le ne la bula ka go bolawa ga ga Kimnyole ka dikatlholo tse di farologanneg di salwa morago ke go lwela puso ga bana ba gagwe ba basimane. Orkoiyot e ne jaanong e na le thata jaaka motheo, mme le go lwa go ne ga baka makgamu, kgotlhang e ne ya nna teng le fa e ne ya seka ya nna ntwa ya selegae e e feletseng.

Dipolelo tsa tlhaselo fa di bolelwa ke batho ba Britain di supa fa dithomo tsa ntlha tse pedi kgatlhanong le Nandi di ne tsa seka tsa tsisa temogo ya Nandi ya go atolosiwa ga molao wa bokolone o o neng o gaketse ka nako eo. Ba supa fa ditlhaselo mo bathong ba Maasai ba Uasin Gishu le merafe e e mabapi di ne di diragala kgapetsakgapetsa, le gore ba poso ba ne ba ntse ba tsweletse ba tlhaselwa ba bo ba bolawa. Batho ba askari ba ditlhobolo tsa Uganda ba supiwa fa ba ne ba bolaiwa ditlhobolo tsa bone tsa tsewa. Kakanyo ya Britain e e gatisitsweng ke C.W Hobley molaodi mmotlana wa kgaolo e ne e le gore "batho ba Wanandi, ko ntleng ga ba se kae ba ba kwa maemelong, ba sale ba bona go nna teng ga rona mo lefatsheng ka kilo...re be re tshelela mo letshogong."[7]

Ka ngwaga wa 1899 o ya bokhutlong, Colonel Coles o ne a dira ditiragalo tsa go ipusolosetsa ka go gapa dinku le dipodi. Dipego di supa fa tiro ya seporo e ne ya tswelela, ga nna le bogodu jwa tshipi, waere ya dipuisano le tse di beilweng ka mefuta mo dikampeng tsa kago tse di neng di sa katiwa. Kgaolo e e amegileng thata go bolelwa e le ya Nyando gareng ga Molo le Kisumu.[8]

Go bolelwa fa waere ya dipuosano tsa telegraph e ne ya kgaolwa ka Mopitlo ngwaga wa 1900, le gore ka Motsheganong, ofisi ya dipuisano tsa telegraph e e kwa lefelong le le itseweng jaaka Kitoto, e ne ya tlhaselwa. Fa godimo ga foo, balwantwa ba Nandi ba gatisitswe ba dirile ditlhaselo mo bathong ba ba neng ba aga borogo, mo dikolotsaneng le mo masoleng a tshireletso a a neng a tlhokometse. Molaodi o mmotlana o ne a kopa mephato e mengwe ya sesole.[9]

Dipaakanyo

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka nako eo, morafe wa Nandi o ne o sireleditswe ka melao ya tshireletso ya bosupa le lesome le bone. Ba ne ba tladiwa ka Ohukwi a le malatsi a mararo ngwaga wa 1900, ke kompone ya India le ya lesome le boraro ya ditlhobolo tsa Uganda ba ba neng ba goroga kwa Kisumu.Evatt o ne a goroga kwa Nandi le mephato ya gagwe ka Phukwi a le malatsi a matlhano, ba kopantshiwa ke mephato e mengwe fa tiro e golela Pele.

  • Ka Phatwe a le lesome le bone kompone ya lesome le botlhano go tswa Lumbwa
  • Ka Phatwe a le masome mabedi le boraro; masole a Maasai a le makgolo mararo
  • Lwetse a le masome mabedi le botlhano; sephatlo sa kompone ga lesome go tswa Fort Portal
  • Phalane a le lesome le boraro; sephatlo sa kompone ya bone go tswa Masindi
  • Phalane a le lesome le bosupa,sephatlo sa kompone ya boraro go tswa Buddu.[9]

Ga go itsiwe gore thomo ya Nandi e ne e le eng fa e le gore e ne e le teng.

Kgotlhang

[fetola | Fetola Motswedi]

Batho ba Nandi ba ne ba lwa ntwa ya lotlhakore lo le lengwefela, ba tila go lwa ntwa e e tlhamaletseng fa ba tsweletse ba bolaya batho ba ba kwa thoko le ba ba saletseng kwa morago.

Go bolelwa fa kgotlhang e simolotse fa Evatt a tsena kwa Nandi. Batho ba ba neng ba mo tshwaretseng dibeke ba ne ba tlhaselwa ba le kwa molapong, mme ka Phukwi a le malatsi a supa, batho ba akari ba le batlhano go tswa kwa Bushiri ba ne ba bolawa fa ba setse morago dikwalo.

  1. Nandi Resistance to British Rule 1890–1906. By A. T. Matson. Nairobi: East African Publishing House, 1972. Pp. vii+391
  2. EastAfrican, 5 December 2008: Murder that shaped the future of Kenya
  3. "Forgotten History: Kenya's Koitalel Arap Samoei". Boxscore.
  4. Pavitt, N. Kenya: The First Explorers,Aurum Press, 1989, p. 121
  5. 1 2 3 Bishop, D. Warriors in the Heart of Darkness: The Nandi Resistance 1850 to 1897, Prologue
  6. Nandi Resistance to British Rule 1890–1906. By A. T. Matson. Nairobi: East African Publishing House, 1972. Pp. vii+391
  7. Moyse-Bartlett, Lieutenant-Colonel H. (2012). The King's African Rifles - Volume 1. UK: Naval & Military Press. p. 86.
  8. Moyse-Bartlett, Lieutenant-Colonel H. (2012). The King's African Rifles - Volume 1. UK: Naval & Military Press. p. 86-87.
  9. 1 2 Moyse-Bartlett, Lieutenant-Colonel H. (2012). The King's African Rifles - Volume 1. UK: Naval & Military Press. p. 87.