Kgaogokgaogo ya motlakase mo nageng ya rona
kgaogokgaogo ya motlakase ke tlhobaboroko mo nageng ya rona.Ga go tswelelo pele epe fa go sena motlakase gonne go le kana re tshela mo lefatsheng le le tletseng le go fetoga ga thekenoloji nako le nako.Didiriswa tsa segompieno di tlhoka motlakase ka jalo sengwe le sengwe se a ema fa o ntse o kgaogakgaoga jana.Se se dira Le gore bangwe ba latlhegelwe ke ditiro ikonomi ya Rona Le Yona e tla e fokotsega.Batho ba senyegelwa ke didiriswa tsa mo ntlong ka ntlha ya se.
Dikantoro tse dikgolo tse di dirang ka motlakase di senyegelwa e le ruri,tiro e a ema,madi ga a tsene Le sentle ka ntlha ya kgaogokgaogo ya motlakase.Ba senyegelwa thata Le go latlhegelwa ke badiri e le ruri.Kana fa badiri ba latlhegelwa ke tiro,seo se raya gore ikonomi e ya kwa tlase ka ntlha ya gore puso ga e sa tlhola e goga"tax"eo e thusang ka go abelwa go ba ba matsogo a makhutshwane gore Le bone ba kgone go tsaya karolo mo kgolong ya ikonomi.

[1]