Jump to content

Kgaolo ya Bokone Bophirima (Botswana)

Go tswa ko Wikipedia
Ngamiland
Maun
Maun
Location within Botswana
Location within Botswana
Coordinates: 19°30′S 23°30′E / 19.500°S 23.500°E / -19.500; 23.500Coordinates: 19°30′S 23°30′E / 19.500°S 23.500°E / -19.500; 23.500
Country Botswana
CapitalMaun
Area
  Total129,930 km2 (50,170 sq mi)
Palo batho
 (2022 census)
  Total196,574
  Density1.5/km2 (3.9/sq mi)
Time zoneUTC+2 (Central Africa Time)
HDI (2019)0.697[1]
medium · 9th

Kgaolo ya Bokone Bophirima kgotsa Ngamiland ke nngwe ya dikgaolwana tsa ntlha tsa tsamaiso tsa lefatshe la Botswana. Go ya ka tsamaiso ya palobatho , Ngamiland e kgaogantswe go nna Ngamiland Botlhaba, Ngamiland Bophirima le Ngamiland Delta eleng (Okavango).[2] E laolwa ke Molaodi wa Kgaolo, yo o tlhomilweng ke puso ya bosetšhaba, le Lekgotla la Kgaolo la Bokone-Bophirima le le tlhophilweng. Lefelo la tsamaiso ke Maun.

Go tloga ka ngwaga wa ketepedi le lesome le motso (2011), paloyotlhe ya baagi ba kgaolo e ne e le dikete dile lekgolo masome a supa le botlhano, makgolo a marataro, masome a mararo le motso(175,631) fa e bapisiwa le dikete dile lekgolo, masome a mane le bobedi, makgolo a robabongwe le masome a supa (142,970) ka ngwaga wa ketepedi le motso (2001). Seelo sa kgolo ya baagi mo dingwageng di le lesome e ne e le 2.08. Paloyotlhe ya badiri e ne e le dikete dile masome a mararo le bobedi, makgolo a mane,masome a supa le motso (32,471) fa banna ba le dikete dile lesome le borataro, makgolo a robabobedi, masome a matlhano le bobedi (16,852) le basadi ba le dikete dile lesome le botlhano, makgolo a marataro, masome a mabedi le motso (15,621), mme bontsi jwa bone ele baba dirang mo temothuong.[citation needed]

Maun, Dithaba tsa Tsodilo, Lefelo la Diphologolo la Moremi, Magaga a Gchwihaba (Drotsky), Dithaba tsa Aha (mo molelwaneng le Namibia), Musiamo wa Nhabe kwa Maun, le Maun Educational Park ke mafelo a magolo a a ngokang bajanala mo kgaolong eo.

Go tsamaela go hulara kana go wela ga ngwagakgolo kana wa sekete wa lebolesome le boferabobedi, ba Tswana, bogolo jang badisa, ba ne ba simolola go atologela kwa bokone go tsena mo lefelong le gompieno le bidiwang Ngamiland. Metswedi ya bogologolo ka dinako tse dingwe e umaka lefelo leno ka maina a a akantshang boraro, jaaka Trio Java anglicised, kgotsa Tawana, e e supang kgolagano ya yone le ditso. Moragonyana e ne ya nna legae la bogosipotlana jo bo neng jwa tlhongwa ka fa tlase ga ga Ngwato.[3] Go amogela ga ga Khama III ga taolo ya Borithane mo Ngamiland go ne ga tiisa gape taolo ya bokolone fa go ntse go netefadiwa tshireletso e e rileng ya dikgatlhego tsa Batswana kgatlhanong le matshosetsi a kwa ntle. Le fa go ntse jalo, puso ya Borithane e ne e le bonya go fitlha kwa kgaolong, ka badiredipuso ba ba neng ba goroga fela ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabobedi,masome a robabongwe le bone(1894), mme se sa dira gore go nne le paka ya tlhokomelo e nnye le go ikaega ka ditheo tsa puso ya selegae. Ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabobedi, masome a robabobedi le botlhano (1885) fa Maesemane a ne a tlhoma Bechuanaland Protectorate, molelwane wa bokone e ne e le 22° latitude ya borwa. Ka Seetebosigo a le masome mararo ngwaga wa sekete, makgolo a robabobedi, masome a robabongwe (1890), molelwane wa bokone wa tshireletso o ne wa atolosiwa semmuso go ya kwa bokone ke Maesemane go akaretsa Ngamiland, e ka nako eo e neng e santse e le ka fa tlase ga Tawana, yo ka nako eo a neng e amogela taolo ya ga Khama III.[4][5] Badiredibagolo ba Borithane ba gorogile mo kgaolong ya Ngamiland ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabobedi, masome a robabongwe le bone (1894).[6] Ngamiland e ne e tsamaisiwa jaaka sekhutlwana sa German West South Africa go tsamaya kana go feta ka tselana ya Caprivi Strip.

Ka ngwaga wa 1966 ga tlhongwa Kgaolo ya Bokone-Bophirima e e neng e akaretsa Ngamiland le Chobe ka bobedi; le fa go ntse jalo, ka 2006, Kgaolo ya Chobe e ne ya kgaoganngwa gape.[7]

Setswantsho sa Maun

Kgaolo eno e na le bogodimo jo bo ka nnang 915 m (3,002 ft) kwa godimo ga bogodimo jo bo magareng jwa lewatle. Mofuta wa dimela ke Savannah, ka bojang jo boleele, ditlhatshana le ditlhare. Pula ya ngwaga le ngwaga e ka nna 650 mm (26 in), bontsi jwa yone bo amogelwa ka paka ya selemo go tloga ka kgwedi ya Ngwanatsele go fitlha ka Motsheganong.

Kgaolo ya Bokone-Bophirima e kopanetse melelwane ya yone le mafelo a a latelang a kwa ntle: Kgaolo ya Omaheke, Namibia kwa borwabophirima, Kgaolo ya Otjozondjupa, Namibia kwa bophirima, Kgaolo ya Kavango Botlhaba, Namibia kwa bokonebophirima le Kgaolo ya Zambezi, Namibia kwa bokone. Mo lefatsheng, e bapile le Kgaolo ya Legare kwa borwa botlhaba, Kgaolo ya Ghanzi kwa borwa bophirima le Kgaolo ya Chobe kwa botlhaba.

Jaaka mafelo a mantsi mo Botswana, e na le mafelo aa kgaogantsweng aa ikadileng ka bontlhabongwe, ka mokgwa o, a kgokologa gotswa kwa bokone bophirima go tsena mo Kaukau Veld[8] Motswedi o le Noka ya Okavango di elelela mo Makgobokgobong a Okavango ao eleng kgopu ee sa fetiseng kana elediseng metsi. Makgobokgobo a a gantsi a tlhatsetsa mo Letsheng la Ngami le le nang le kgopu ee sa tshololeng metsi kwa borwa, le go tsena mo Nokeng ya Thamalakane e e tshelang dipane tsa letswai tsa Makgadikgadi kwa borwabotlhaba go feta ka Noka ya Boteti.[9] Bontsi jwa dinoka mo kgaolong eno ke tse di kgalang ka dipaka dingwe, mme di ka nna le merwalela ya tshoganyetso.[10] Maun, dithaba tsa Tsodilo, lefelo la diphologolo la Moremi, magaga a Gchwihaba (Drotsky), dithaba tsa Aha, Motlobo wa ditso wa Nhabe le phaka ya thuto ya Maun ke tsone tse di ngokang bojanala thata mo kgaolong eo.

Dipalopalo

[fetola | Fetola Motswedi]

Go tloga ka ngwaga wa ketepedi le lesome le motso (2011) , paloyotlhe ya baagi ba kgaolo e ne e le dikete dile lekgolo, masome a supa le botlhano, makgolo a marataro,masome a mararo le motso ( 175,631) fa e bapisiwa le dikete dile lekgolo, masome a mane le bobedi, makgolo a robabongwe,masome a supa (142,970) ka ngwaga wa ketepedi le motso (2001). Seelo sa kgolo ya baagi mo dingwageng di le lesome e ne e le 2.08. Batho ba kgaolo eo e ne e le diperesente di le 8.67 tsa baagi botlhe mo lefatsheng la Botswana. Tekanyo ya bong e ne e le 95.11 mo banneng bangwe le bangwe ba le 100, fa e bapisiwa le 93.43 ka ngwaga wa ketepedi le motso (2001). Palogare ya bogolo jwa malapa e ne e le 3.27 ka 2011 fa e bapisiwa le 4.49 ka ngwaga wa ketepedi le motso (2001). Go ne go na le badiri ba le dikete tse tlhano, makgolo a mane, masome a mararo le bosupa (5,437) ba ba dirang tiro ya diatla le ba ba amanang le yone, badiri ba le dikete dile pedi, makgolo a supa le masome a robabongwe (2,790) ba ba dirang tiro ya kantoro, dikete di robabobedi, makgolo a supa, masome a supa le bosupa(8, 777) ba bereka mo ditirong tse di kwa tlase, sekete,lekgolo le lesome le bosupa(1,117) e le Baemedi ba Peomolao, Batsamaisi le batsamaisi dikete dile pedi, makgolo a robabongwe,masome a supa le bone (2,974) Badirisi ba dipolante le metšhini le bapataganyi, baitseanape ba le makgolo a robabobedi,masome and matlhano le borataro (856), badiri ba tirelo, badiri ba thekiso ya mabenkele le mebaraka ba le dikete dile tlhano, makgolo s robabobedi le lesome le bobedi (5,812), badiri ba ba nang le bokgoni ba temothuo le ba ba amanang le yone ba le dikete dile pedi, makgolo a, mararo, masome a robabongwe le borobabobedi (2,398) fa dikete dile pedi le masome a marataro le borobabobongwe (2,069) e le badiri ba botegeniki le ba amanang le jone mme paloyotlhe ya badiri ya nna dikete dile masome a mararo le motso, makgolo a robabongwe,lesome le botlhano (31, 915).[11]

Thuto le itsholelo

[fetola | Fetola Motswedi]
Botaki jwa matlapa kwa dithabeng tsa Tsodilo

Go tloga ka ngwaga wa 2011, go ne go na le paloyotlhe ya dikolo di le masome a supa le motso mo kgaolong, mme diperesente di le 8.30 tsa dikolo tse di ikemetseng. Paloyotlhe ya baithuti mo dikolong tsa Khansele e ne e le 28,101, fa mo dikolong tse di ikemetseng e ne e le makgolo a ferabongwe le masome a mane. Palogotlhe ya baithuti ba ba ikwadisitseng mo kgaolong e ne e le 29,041: basetsana ba le 14,190 le basimane ba le 14,851. Paloyotlhe ya barutabana ba ba rutetsweng tiro e ne e le sekete le masome a supa, basadi ba le makgolo a marataro, masome a matlhano le boferabongwe le banna ba le makgolo a mane le lesome le bobedi. Go ne go na le barutabana ba nakwana ba ka nna masome mabedi le bosupa, banna ba le lesome le boraro le basadi ba le masome mane. Go ne go na le barutabana ba le barataro ba ba sa katisiwang mo kgaolong.[12]

Go tloga ka 2006, batho ba le 12,737 ba ne ba amega mo temothuong, ba le 1,131 mo kagong, ba le 2,090 mo thutong, ba le lekgolo le masome a supa le bosupa mo go tsa motlakase le metsi, ba le masome a ferabobedi le bobedi mo go tsa matlole, ba le sekete mo go tsa boitekanelo, ba le 1,144 mo dihoteleng le diresetšhurenteng, ba le 1,450 mo ditirelong tsa baagi, ba le 1,450 mo go tsa ditirelo tsa baagi, ba le makgolo a mane le boraro mo ditirelong tsa setshaba tse dingwe, 1,455 mo malapeng a beng, 4,722 mo tsamaisong ya puso, makgolo a ferabongwe masome a mararo le bobedi mo dithotong tsa matlo, makgolo a supa le masome a mararo mo dipalamong le ditlhaeletsano, le 4,412 mo kgwebisanong ya dithoto tse dintsi le tse dinnye. Palogotlhe ya badiri e ne e le 32,471, banna ba le 16,852 le basadi ba le 15,621.[13]

Moremi Game Reserve

Go fitlha jaanong bonno jo bogolo go gaisa mo kgaolong ke Maun, e e neng e na le baagi ba ba fetang dikete tse thataro ka palobatho ya ngwaga wa ketepedi lesome le motso (2011).[2] Se se latelang ke lenaane la metse e e kwadilweng ka go kgaogana mo palongbatho ya ngwaga wa ketepedi le motso (2001)mo kgaolong nngwe le nngwe ya palobatho.[14]

Fa lefatshe la Botswana le tsaya boipuso go tswa mo makgoweng ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe masome a marataro le borataro (1966) , ba ne ba fetola tlhomeso ya tsamaiso ya bokolone go aga tsamaiso ya dikgaolo tsa lone. Melao e ne ya fetolwa magareng ga ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le , masome a supa le ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe, masome a supa le bone (1970 and 1974 )go itebaganya le dikgoreletsi tsa tlhabololo ya metseselegae.[16]

Botsamaisi jwa kgaolo, khansele ya kgaolo, le khansele ya kgaolo-potlana ya Okavango ke bone ba ba tlhokometseng tsamaiso ya selegae. Melao ya tsamaiso etlhamilwe ke Lephata la Puso ya selegae. Ditiro tse dikgolo tsa khansele ya kgaolo ke Tsamaiso ya Merafe, Tlhabololo ya Mafelo a a Kgakala le Puso ya Selegae. Dithata tsa khuduthamaga tsa lekgotla di newa molaodi yo o tlhomilweng ke puso ya bogareng. Lephata la ditirelo tsa setegeniki la Lephata la Puso ya selegae le rwele maikarabelo a go tlhabolola ditsela le mafaratlhatlha mo metseng jaaka tlamelo ya metsi, dikolo le mafelo a itlosobodutu.[17] Badiri botlhe ba tsamaiso ya selegae, kwa ntle ga badiri ba Tsamaiso ya Kgaolo ka bobone, ba tlhophiwa ka ditirelo tse di kopantsweng tsa Khansele ya Kgaolo ya Bokone Bophirima,[18] mme Lephata la Puso ya selegae le na le maikarabelo a katiso ya bone, go romelwa kwa tirong le tlhabololo ya tiro ya bone.[19] Dikgaolo-potlana tsa Bokone-Bophirima/Kgaolo ya Ngamiland ke Ngamiland Botlhaba (e e bidiwang Ngamiland Borwa, ntlokgolo Maun), Ngamiland Bophirima (e e bidiwang Ngamiland Bokone) le Okavango, e gape e bidiwang Ngamiland Delta, (ntlokgolo ya Gumare).[15][20]

Dikgabaganyo tsa melelwane

[fetola | Fetola Motswedi]

Go na le mafelo a mabedi a go tlola melelwane le Namibia mo Kgaolong ya Bokone-Bophirima:

  • Mohembo, go bapa le Okavango kwa bokone
  • Dobe ka fa bophirima.

Ditoropo le metse

[fetola | Fetola Motswedi]

Baagi ba le dikete tse masome matlhano le go feta

Baagi ba ba fetang dikete tse lesome

Baagi ba ba ka fa tlase ga dikete tse lesome

Tshedimosetso e nngwe

[fetola | Fetola Motswedi]
  1. "Sub-national HDI - Area Database - Global Data Lab". hdi.globaldatalab.org (in Sekgoa). Retrieved 2018-09-13.
  2. 1 2 "2011 Botswana Population and Housing Census" (PDF). Botswana Central Statistics Office. Archived from the original (PDF) on 23 September 2015.
  3. Chirenje, J. Mutero (1977). A history of Northern Botswana, 1850-1910. Rutherford, New Jersey: Fairleigh Dickinson University Press. p. 29. ISBN 978-0-8386-1537-9.
  4. "Builders of Botswana: The Northern Border". Daily News. Botswana. 8 March 2002. Archived from the original on 19 April 2002.
  5. Chirenje, J. Mutero (1978). Chief Kgama and his Times c. 1835-1923: The Story of a Southern African Ruler. London: Rex Collings. p. 16. ISBN 978-0-86036-062-9.
  6. "Builders of Botswana". Daily News. Botswana. 7 September 2001. Archived from the original on 24 February 2002.
  7. "Districts of Botswana". Government of Botswana. Archived from the original on 18 July 2009. Retrieved 24 Phalane 2025.
  8. Grove, Alfred T. (1969). "Landforms and climatic change in the Kalahari and Ngamiland". The Geographical Journal. 135 (2): 191–212. doi:10.2307/1796824. JSTOR 1796824.
  9. Cooke, H. J.; Verstappen, Herman Th. (1984). "The landforms of the western Makgadikgadi basin in northern Botswana, with a consideration of the chronology of the evolution of Lake Palaeo-Makgadikgadi". Zeitschrift für Geomorphologie. 28 (1): 1–19.
  10. Singh (2011). Geography. Tata McGraw-Hill Education. p. 12.53. ISBN 978-0-07-107480-3.
  11. "Census of Botswana, 2011". Central Statistics Office of Botswana. 2015. Retrieved 12 November 2016.
  12. "Education details of Botswana, 2011". Central Statistics Office of Botswana. 2015. Archived from the original on 12 November 2016. Retrieved 24 Phalane 2025.
  13. "Labour Force by industry in Botswana, 2008". Central Statistics Office of Botswana. 2008. Archived from the original on 13 November 2016. Retrieved 24 Phalane 2025.
  14. "Distribution of population by sex by villages and their associated localities: 2001 population and housing census". Botswana Central Statistics Office. Archived from the original on 24 November 2007.
  15. 1 2 Population Census Atlas 2011: Botswana (PDF). Gaborone, Botswana: Statistics Botswana. 2015. p. i. ISBN 978-99968-429-0-0. Archived (PDF) from the original on 13 November 2016
  16. Picard, Louis A. (1979). "Rural Development in Botswana: Administrative Structures and Public Policy". The Journal of Developing Areas. 13 (3). Louis A. Picard: 283–300. JSTOR 4190662.
  17. "Regional and Local government in Botswana". Common Wealth of Nations. Archived from the original on 18 January 2014.
  18. Kavei-Katjimune, Rebecca (2 June 2013). "Okavango Sub-district Council needs more staff". Daily News. Botswana. Archived from the original on 25 December 2017.
  19. Kinuthia-Njenga, Cecilia; et al. (2002). Local Democracy and Decentralization in East and Southern Africa: Experiences from Uganda, Kenya, Botswana, Tanzania, and Ethiopia. Nairobi, Kenya: Global Campaign on Urban Governance, United Nations Human Settlements Programme. p. 57. ISBN 978-92-1-131666-7
  20. Gaotlhobogwe, Monkagedi. "Botswana broken into 19 new sub-districts". Mmegi Online. Archived from the original on 13 November 2016.