Jump to content

Kgaolo ya Borwa

Go tswa ko Wikipedia
Southern
Tomela District Council
Location within Botswana
Location of Southern
Coordinates: 25°00′S 25°00′E / 25.000°S 25.000°E / -25.000; 25.000Coordinates: 25°00′S 25°00′E / 25.000°S 25.000°E / -25.000; 25.000
Country Botswana
CapitalKanye
Area
  Total28,470 km2 (10,990 sq mi)
Palo batho
  Total140,296
  Density4.9/km2 (13/sq mi)
Time zoneUTC+2 (Central Africa Time)
ISO 3166 codeBW-SO
HDI (2017)0.700[1]
high · 5th

Kgaolo ya Borwa ke nngwe ya dikgaolo tsa Botswana. Motsemogolo wa kgaolo ya Borwa ke Kanye, kwa go nnang Bangwaketse le Barolong teng mo Botswana. Kgaolo ya Borwa ke legae la balemibarui ba bobedi ba nama ya kgomo mo Botswana kwa go nang le dipolase tse dikgolo tse di nang le beng ba ba ikemetseng, mme puso e le mmalwa e e tsamaisang mabala a kgomo a a tlamelang ka tshegetso ya temothuo go balemirui ba selegae. Mmidi le mabele, e leng dijwalo tsa konokono tsa Botswana, le tsone di lemiwa mo kgaolong eo. Kgaolo ya Borwa ke gone kwa go fitlhetsweng moepo wa boraro wa teemane wa Botswana (moepo wa teemane wa Jwaneng), o o tlhotlheletsang seemo sa itsholelo ya Botswana sa katlego. E ne ya nna kgaolo ya ntlha go nna le toropo kgolo pele ga e fudusediwa kwa Gaborone morago ga boipuso.

Kwa borwa, Borwa e bapile le Kgaolo ya Bokone Bophirima ya Aforika Borwa. Mo gae, e bapile le Kgaolo ya Borwa-Botlhaba kwa botlhaba, Kgaolo ya Kweneng kwa bokone, Kgaolo ya Kgalagadi kwa borwa bophirima.

Go tloga ka 2011, palogotlhe ya baagi ba kgaolo e ne e le 197,767 fa e bapisiwa le 171,652 ka 2001. Seelo sa kgolo ya baagi mo dingwageng di le lesome e ne e le 1.43. Palogotlhe ya badiri e ne e le 51,187 ka banna ba le 29,043 le basadi ba le 22,141, mme bontsi bo ne bo amega mo temothuong. Kgaolo e tsamaisiwa ke botsamaisi jwa kgaolo le khansele ya kgaolo e e nang le maikarabelo a tsamaiso ya selegae.

Kwa borwa, Borwa e bapile le Kgaolo ya Bokone Bophirima ya Aforika Borwa. Mo gae, e bapile le Kgaolo ya Borwa-Botlhaba kwa botlhaba, Kgaolo ya Kweneng kwa bokone, Kgaolo ya Kgalagadi kwa borwa bophirima. Kgaolo ya Borwa e kgabaganngwa ke mola wa bokonebophirima wa latitude le longitude e e lekanang. Bontsi jwa Botswana bo na le mekgokolosa ya ditafole e e relelang go tswa kwa botlhaba go ya kwa bophirima. Kgaolo eno e na le bogodimo jo bo ka nnang 915 m (3,002 ft) kwa godimo ga bogodimo jo bo magareng jwa lewatle. Mofuta wa dimela ke Savannah, ka bojang jo boleele, ditlhatshana le ditlhare. Pula ya ngwaga le ngwaga e ka nna 65 cm (26 in), bontsi jwa yone bo amogelwa ka paka ya selemo go tloga ka Ngwanatsele go fitlha ka Motsheganong. Bontsi jwa dinoka mo kgaolong eno di na le go nna le merwalela ya tshoganyetso ka dipaka tse di rileng.[2] Kgaolo ya Borwa ke kwa go fitlhetsweng moepo wa boraro wa diteemane wa Botswana teng (moepo wa diteemane wa Jwaneng), o o eteletseng seemo sa itsholelo ya Botswana sa katlego.[3]

Lefatshe la Botswana le ne la bona boipuso go tswa mo makgoweng ka 1966 mme la fetola letlhomeso la tsamaiso ya bokolone go bopa tsamaiso ya lone ya dikgaolo. Melao e ne ya fetolwa ka 1970–74 go itebaganya le dintlha dingwe tsa motheo.[4] Kgaolo e tsamaisiwa ke botsamaisi jwa kgaolo le khansele ya kgaolo e e nang le maikarabelo a tsamaiso ya selegae. Melao ya tsamaiso e tlhamilwe ke Lephata la Puso ya selegae. Ditiro tse dikgolo tsa khansele ke Tsamaiso ya Merafe, Tlhabololo ya Mafelo a a Kgakala le Puso ya Selegae. Dithata tsa khuduthamaga tsa lekgotla di newa molaodi yo o tlhomilweng ke puso ya bogareng. Lephata la ditirelo tsa setegeniki la Lephata la Puso ya selegae le na le maikarabelo a go tlhabolola ditsela, mafaratlhatlha mo metseng jaaka tlamelo ya metsi, dikolo le mafelo a itlosobodutu.[5] Badiri botlhe ba tsamaiso ya selegae ba solofela gore Tsamaiso ya Kgaolo e tlhophiwa ka Ditirelo tsa Puso ya selegae tse di Kopaneng (ULGS) mme Lephata la Puso ya selegae le na le maikarabelo a katiso ya bone, go romelwa kwa tirong le tlhabololo ya tiro ya bone.[6]

Dikgaolo-potlana tsa Kgaolo ya Borwa tse di tlhamilweng jaaka karolo ya Phaka ya Tlhabololo ya Bosetšhaba ya kgaolo ke Barolong, Ngwaketse le Ngwaketse Bophirima.[7]

Mo Palong ya Batho ya 2022 tse di latelang di kwadilwe jaaka metse e megolo ka fa tlase ga kgaolo-potlana nngwe le nngwe:[8][9]

Kgaolo-potlana ya Ngwaketse Bophirima: 23,248 Kgaolo-potlana ya Barolong: 58,384 Kgaolo-potlana ya Ngwaketse: 140,296
Palo ya batho mo motseng 1981 1991 2001 2011 2022 Palo ya batho mo motseng 1981 1991 2001 2011 2022 Palo ya batho mo motseng 1981 1991 2001 2011 2022
Motse wa Mabutsane 1,220 Motse wa Pitsane Siding 4,312 Motse wa Kanye 48,028
Motse wa Morwamosu 763 Motse wa Tlhareseleele 775 Motse wa Ranaka 3,207
Motse wa Sekoma 2,096 Motse wa Pitsane-Potokwe 1,012 Motse wa Lotlhakane West 2,056
Motse wa Khonkhwa 418  Motse wa Rakhuna 1,980 Motse wa Gasita 1,188
Motse wa Keng 403 Motse wa Malokaganyane 239 Motse wa Lorolwana 2,225
Motse wa Khakhea 1,141 Motse wa Bethel 430 Motse wa Kgomokasitwa 1,669
Motse wa Kokong 655 Motse wa Dinatshana 750 Motse wa Pitseng 1,526
Motse wa Kanaku 1,141 Motse wa Ngwatsau 407 Motse wa Lekgolobotlo 1,334
Motse wa Mahotshwane 2,507 Motse wa Ramatlabama 1,575 Motse wa Seherelela 884
Motse wa Itholoke 1,181 Motse wa Good Hope 5,672 Motse wa Lotlhakane 6,045
Motse wa Kutuku 847 Motse wa Mokatako 837 Motse wa Sese 6,798
Motse wa Maokane 1,471 Motse wa Tswanyaneng 333 Motse wa Sesung 1,006
Motse wa Mokhomba 768 Motse wa Metlojane 914 Motse wa Magotlhwane 1,751
Motse wa Semane 770 Motse wa Borobadilepe 330 Motse wa Segwagwa 1,008
Motse wa Lefoko 1,150 Motse wa Hebron 890 Motse wa Manyana 3,750
Motse wa Tsonyane 695 Motse wa Logagane 492 Motse wa Dipotsana 113
Motse wa Tlhankane 1,077 Motse wa Tswagare/Lothoje/Lokalana 891 Motse wa Diabo 261
Motse wa Makokwe 137 Motse wa Molapowabojang 8,722
Motse wa Marojane 266 Motse wa Ralekgetho 554
Motse wa Papatlo 452 Motse wa Moshaneng 1,961
Motse wa Phihitshwane 437 Motse wa Moshupa 23,858
Motse wa Molete 390 Motse wa Ntlhantlhe 2,842
Motse wa Ditlharapa 688 Motse wa Tshwaane 193
Motse wa Madingwana 331 Motse wa Selokolela 1,750
Motse wa Kgoro 818 Motse wa Mogonye 1,081
Motse wa Sheep Farm 273 Motse wa Betesankwe 507
Motse wa Mogwalale 375
Motse wa Gathwane 1,099
Motse wa Digawana 4,356
Motse wa Magoriapitse 1,048
Motse wa Lejwana 829
Motse wa Mogojogojo 981
Motse wa Mmathethe 5,421
Motse wa Mokgomane 847
Motse wa Phitshane Molopo 1,625
Motse wa Sedibeng 744
Motse wa Musi 224
Motse wa Tswaaneng 771
Motse wa Gamajalela 571
Motse wa Dikhukhung 303
Motse wa Leporung 646
Motse wa Mmakgori 749
Motse wa Mabule 1,835
Motse wa Tshidilamolomo 754
Motse wa Metlobo 1,039
Motse wa Lorwana 1,721
Motse wa Kangwe 142
Motse wa Sekhutlane 1,266

Dipalopalo

[fetola | Fetola Motswedi]

Go tloga ka 2011, palogotlhe ya baagi ba kgaolo e ne e le 197,767 fa e bapisiwa le 171,652 ka 2001. Seelo sa kgolo ya baagi mo dingwageng di le lesome e ne e le 1.43. Batho ba kgaolo eo e ne e le diperesente di le 9.77 tsa baagi botlhe mo lefatsheng. Tekanyo ya bong e ne e le 93.97 mo banneng bangwe le bangwe ba le lekgolo, fa e bapisiwa le 92.25 ka 2001. Palogare ya bogolo jwa malapa e ne e le 3.51 ka 2011 fa e bapisiwa le 4.60 ka 2001. Go ne go na le badiri ba le 5,405 ba ba dirang tiro ya diatla le ba ba amanang le yone, badiri ba le 1,656 ba ba dirang tiro ya diofisi, 11,018 ba dira tiro e e kwa tlase, makgolo a supa, maasome a mabedi le bone e le ba peomelao le batsamaisi, 2,069 badirisi ba dipolante le metšhini le ba ba pataganyang, baitseanape ba le 1,195, badiri ba tirelo, badiri ba thekiso ya mabenkele le mebaraka ba le 3,820, badiri ba ba nang le bokgoni ba temothuo le ba ba amanang le yone ba le 3,646, le badiri ba le 2,705 ba botegeniki le badiri ba ba amanang le bone, go dira palogotlhe ya badiri ba le 32,431.[10]

Thuto le itsholelo

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka ngwaga wa 2011, go ne go na le dikolo di le lekgolo, masome mabedi le boferabobedi mo kgaolong, mme diperesente di le 8.30 tsa tsone e ne e le tsa dikolo tse di ikemetseng. Palogotlhe ya baithuti mo dikolong tsa Khansele e ne e le 40,973, fa e ne e le 1,602 mo dikolong tse di ikemetseng. Palogotlhe ya baithuti ba ba ikwadisitseng mo kgaolong e ne e le 42,575: basetsana ba le 20,704 le basimane ba le 21,871. Palogotlhe ya barutabana ba ba rutetsweng tiro e ne e le 1 819, basadi ba le 1 370 le banna ba le makgolo mane, masome mane le boferabongwe. Go ne go na le barutabana ba nakwana ba ka nna masome a supa le boraro. Go ne go na le barutabana ba le babedi ba ba sa katisiwang mo kgaolong.[11]

Go tloga ka 2006, ba le 18,751 ba ne ba amega mo go tsa Temothuo, 1,832 mo go tsa Kago, ba le 5,042 mo go tsa Thuto, ba le makgolo mararo le bone mo go tsa Motlakase le Metsi, makgolo mararo, masome a ferabongwe le boferabongwe mo go tsa Madi, 1,339 mo go tsa Boitekanelo, 1,082 mo go tsa Dihotele le Diresetšhurente, 4,059 mo go direng dithoto, ba le makgolo a mararo, masome a supa le boraro mo meepong le go epa matlapa, 1,012 mo Ditirelong tse dingwe tsa Setshaba, 1,758 mo Malapeng a Beng, 4,635 mo Tsamaisong ya Setšhaba, 2,480 mo go tsa Ditsha, 1,399 mo Dipalamong le Ditlhaeletsano, 6,722 mo Kgwebong ya Dithoto le Dikgwebo-potlana. Palogotlhe ya badiri e ne e le 51,187 ka banna ba le 29,043 le basadi ba le 22,141.[12]

Tshedimosetso tse dingwe

[fetola | Fetola Motswedi]
  1. "Sub-national HDI - Area Database - Global Data Lab". hdi.globaldatalab.org (in Sekgoa). Retrieved 2018-09-13.
  2. Singh (2011). Geography. Tata McGraw-Hill Education. p. 12.53. ISBN 978-0-07-107480-3.
  3. Dale, Richard (1995). Botswana's Search for Autonomy in Southern Africa. Greenwood Publishing Group. p. 130. ISBN 9780313295713.
  4. Picard, Louis A. (1979). "Rural Development in Botswana: Administrative Structures and Public Policy". The Journal of Developing Areas. 13 (3). Louis A. Picard: 283–300. JSTOR 4190662.
  5. "Regional and Local government in Botswana". Common Wealth of Nations. Retrieved 26 Phalane 2025.
  6. UN-HABITAT (2002). Local Democracy and Decentralization in East and Southern Africa: Experiences from Uganda, Kenya, Botswana, Tanzania, and Ethiopia. p. 57. ISBN 9789211316667
  7. Gaotlhobogwe, Monkagedi. "Botswana broken into 19 new sub-districts". Mmegi Online. Retrieved 26 Phalane 2025..
  8. "2011 Botswana Population and Housing Census" (PDF). Retrieved 26 Phalane 2025.
  9. Statistics, Botswana. "Population and Housing Census 2022: Population of Cities, Towns and Villages V2" (PDF).
  10. "Census of Botswana, 2011". Central Statistics Office of Botswana. 2015. Retrieved 26 Phalane 2025.
  11. "Education details of Botswana, 2011". Central Statistics Office of Botswana. 2015. Archived from the original on 12 November 2016. Retrieved 26 Phalane 2025.
  12. "Labour Force by industry in Botswana, 2008". Central Statistics Office of Botswana. 2008. Archived from the original on 13 November 2016. Retrieved 26 Phalane 2025.