Jump to content

Kgaolo ya Borwa-Botlhaba (Botswana)

Go tswa ko Wikipedia
South-East
Location within Botswana
Location within Botswana
Coordinates: 25°0′S 25°45′E / 25.000°S 25.750°E / -25.000; 25.750Coordinates: 25°0′S 25°45′E / 25.000°S 25.750°E / -25.000; 25.750
Country Botswana
CapitalRamotswa
Area
  Total1,780 km2 (690 sq mi)
Palo batho
 (2022 census)
  Total111,440
  Density63/km2 (160/sq mi)
Time zoneUTC+2 (Central Africa Time)
HDI (2021)0.770[1]
Tempolete:Fontcolor · 1st

Kgaolo ya Borwa-Botlhaba ke nngwe ya dikgaolo tsa Botswana. Toropo kgolo ya Botswana, Gaborone, e dikaganyeditswe ke kgaolo e. Motsemogolo wa tsamaiso ya kgaolo ya Borwa-Botlhaba ke motse wa Ramotswa. Kwa borwabotlhaba, kgaolo ya Borwa-Botlhaba e kopanetse molelwane le Kgaolo ya Bokone Bophirima ya Aforika Borwa. Mo gae, e kopanetse molelwane le dikgaolo tsa Kgatleng kwa bokone botlhaba, Kweneng kwa bokone bophirima le Borwa kwa borwa bophirima.

Go tloga ka ngwaga wa ketepedi le lesome le motso (2011), paloyotlhe ya baagi ba kgaolo e ne e le dikete dile masome a robabobedi le botlhano le lesome le bone(85,014) fa e bapisiwa le dikete dile masome a marataro, makgolo a marataro, masome a mabedi le boraro (60,623) ka ngwaga wa ketepedi le motso ole mongwe(2001). Seelo sa kgolo ya baagi mo dingwageng di le lesome e ne e le 3.44. Paloyotlhe ya badiri e ne e le dikete dile masome a mabedi le motso, makgolo a robabobedi le lesome (21,810) ka banna ba le dikete dile lesome le motso, makgolo a robabongwe, masome a mabedi le bosupa (11,927) le basadi ba le dikete di robabongwe, makgolo a robabobedi, masome a robabobedi le boraro (9,883) mme bontsi jwa bone ba ne ba dira temothuo. Kgaolo e tsamaisiwa ke botsamaisi jwa kgaolo le khansele ya kgaolo e e nang le maikarabelo a tsamaiso ya selegae.

Mokolodi Game Reserve

Kwa borwabotlhaba, kgaolo ya Borwa-Botlhaba e kgaogana molelwane le Kgaolo ya Bokone Bophirima ya Aforika Borwa. Mo gae, e kgaogana molelwane le dikgaolo tsa Kgatleng kwa bokone botlhaba, Kweneng kwa bokone bophirima le Borwa kwa borwa bophirima. Bontsi jwa lefatshe la Botswana lea lekalekana mme le kgokologa go tswa kwa botlhaba go ya kwa bophirima. Kgaolo eno e tlhatlogetse kwa godimo ka boleele boka nna dimithara di le makgolo a robabongwe le lesome le botlhano (915 m) (3,002 ft) kwa godimo ga bogodimo jwa lewatle. Mofuta wa dimela ke (Savannah,) ka bojang jo boleele, ditlhatshana le ditlhare. Pula ya ngwaga le ngwaga e ka nna selekanyo sa dikhubikimetara di le masome a marataro le botlhano (65 cm )(26 in), bontsi jwa yone bo amogelwa ka paka ya selemo go tloga ka kgwedi ya Ngwanatsele go fitlha ka ya Motsheganong. Bontsi jwa dinoka mo kgaolong e di tsamaisana le dipaka, mme Noka ya Limpopo, e e tshabelelwang ke merwalela ya tshoganyetso, ke yone e e tlhageletseng kana e itsagaleng thata.[2] . Mafelo a Mmokolodi Nature Reserve , lefelo la Diphologolo la Gaborone le Lefelo la Diphologolo la Manyelanong ke mafelo a magolo a bojanala mo kgaolong.[3]

Dipalopalo

[fetola | Fetola Motswedi]

Go tloga ka ngwaga wa ketepedi, lesome le motso (2011), palogotlhe ya baagi ba kgaolo e ne e le dikete dile masome a robabobedi le botlhano le lesome le bone(85,014) fa e bapisiwa le dikete dile masome a marataro, makgolo a mabedi le boraro (60,623) ka ngwaga wa ketepedi le motso (2001). Seelo sa kgolo ya baagi mo dingwageng di le lesome e ne e le 3.44. Batho ba kgaolo e ne e le diperesente di le 4.20 tsa baagi botlhe mo lefatsheng. Tekanyo ya bong e ne e le 91.83 mo banneng bangwe le bangwe ba le lekgolo, fa e bapisiwa le 92.49 ka ngwaga wa ketepedi le motso (2001). Palogare ya bogolo jwa malapa e ne e le 2.51 ka 2011 fa e bapisiwa le 4.05 ngwaga one oo. Go ne go na le batho ba le dikete dile nne, makgolo a mararo le borobabobongwe (4,309) ba ba dirang tiro ya diatla le ba ba amanang le yone, badiri ba le dikete dile pedi, makgolo a matlhano le botlhano (2,505) ba ba dirang tiro ya dikantoro, ba le dikete dile tlhano, lekgolo,lesome le botlhano (5,115) ba bereka mo ditirong tse di kwa tlase, 884 e le ba Peomolao, Batsamaisi le batsamaisi, 1,650 Badirisi ba dipolante le metšhini le bapataganyi, baitseanape ba le 1,215, badiri ba tirelo ba le 2,438, badiri ba thekiso ya mabenkele le mebaraka, badiri ba ba nang le bokgoni ba temothuo le ba ba amanang le yone ba le 464, 1,708 ya botegeniki le baitseanape ba ba amanang le bone, se se dira gore babereki botlhe ba nne palogotlhe 20, 481.[4]

Thuto le itsholelo

[fetola | Fetola Motswedi]

Go tloga ka ngwaga wa 2011, go ne go na le dikolo di le masome marataro le bosupa mo kgaolong, mme diperesente di le 31.70 tsa tsone e ne e le tsa dikolo tse di ikemetseng. Palogotlhe ya baithuti mo dikolong tsa Khansele e ne e le 28,479, fa e ne e le 8,383 mo dikolong tse di ikemetseng. Palogotlhe ya baithuti ba ba ikwadisitseng mo kgaolong e ne e le 36,862: basetsana ba le 18,387 le basimane ba le 18,475. Palogotlhe ya barutabana ba ba rutetsweng tiro e ne e le 1 603, basadi ba le 1 303 le banna ba le makgolo mararo. Go ne go na le barutabana ba nakwana ba ka nna barataro, monna a le mongwe le basadi ba le batlhano. Go ne go na le barutabana ba le lesome le borataro ba ba sa katisiwang mo kgaolong.[5]

Go tloga ka 2006, ba le 4,819 ba ne ba amega mo temothuong, ba le 1,091 mo kagong, ba le 3,182 mo thutong, ba le makgolo mararo le bone mo go tsa motlakase le metsi, ba le makgolo mararo le masome a matlhano le borataro mo go tsa matlole, ba le makgolo mae, masome mane le borataro mo go tsa boitekanelo, ba le makgolo mane le masome a supa mo dihoteleng le mo diresetšhurenteng, ba le 2,674 mo go tsa go dira dithoto le tse dingwe, lekgolo le masome a marataro le bone mo go tsa meepo le digwari, 567 mo go tsa ditirelo tsa setshaba, 461 mo malapeng a ikemetseng, 1,922 mo tsamaisong ya puso, 1,501 mo dithotong tsa matlo, 992 mo dilong tsa dipalamo le ditlhaeletsano, 2,861 mo kgwebisanong ya dithoto tse dintsi le tse dinnye. Palogotlhe ya badiri e ne e le 21,810, banna ba le 11,927 le basadi ba le 9,883.[6]

Lefatshe la Botswana le ne la bona boipuso go tswa mo Borithane ka 1966 mme la fetola tlhomeso ya tsamaiso ya bokolone go bopa tsamaiso ya lone ya dikgaolo. Melao e ne ya fetolwa ka 1970-74 go itebaganya le dintlha dingwe tsa motheo.[7] Kgaolo e tsamaisiwa ke botsamaisi jwa kgaolo le khansele ya kgaolo e e nang le maikarabelo a tsamaiso ya selegae. Melao ya tsamaiso e tlhamilwe ke Lephata la Puso ya selegae. Ditiro tse dikgolo tsa khansele ke Tsamaiso ya Merafe, Tlhabololo ya Mafelo a a Kgakala le Puso ya Selegae. Dithata tsa khuduthamaga tsa lekgotla di newa molaodi yo o tlhomilweng ke puso ya bogareng. Lephata la ditirelo tsa setegeniki la Lephata la Puso ya selegae le na le maikarabelo a go tlhabolola ditsela, mafaratlhatlha mo metseng jaaka tlamelo ya metsi, dikolo le mafelo a itlosobodutu.[8] Badiri botlhe ba tsamaiso ya selegae ba solofela gore Tsamaiso ya Kgaolo e tlhophiwa ka Ditirelo tsa Puso ya selegae tse di Kopaneng (ULGS) mme Lephata la Puso ya selegae le na le maikarabelo a katiso ya bone, go romelwa kwa tirong le tlhabololo ya tiro ya bone.[9]

Dikgaolo-potlana tsa Kgaolo ya Borwa-Botlhaba tse di tlhamilweng jaaka karolo ya Phaka ya Tlhabololo ya Bosetšhaba ya kgaolo ke Ramotswa le Tlokweng.[10]

Mo Palong ya Batho ya 2011 metse e e latelang e ne e kwadilwe ka fa tlase ga kgaolo-potlana nngwe le nngwe:[11]

Tshedimosetso tse dingwe

[fetola | Fetola Motswedi]
  1. "Sub-national HDI - Area Database - Global Data Lab". hdi.globaldatalab.org (in Sekgoa). Retrieved 2024-01-13.
  2. Singh (2011). Geography. Tata McGraw-Hill Education. p. 12.53. ISBN 978-0-07-107480-3.
  3. "Tourist attractions in Botswana". Government of Botswana. Retrieved 23 Phalane 2025.
  4. "Census of Botswana, 2011". Central Statistics Office of Botswana. 2015. Retrieved 24 Phalane 2025.
  5. "Education details of Botswana, 2011". Central Statistics Office of Botswana. 2015. Archived from the original on 12 November 2016. Retrieved 24 Phalane 2025.
  6. "Labour Force by industry in Botswana, 2008". Central Statistics Office of Botswana. 2008. Archived from the original on 13 November 2016. Retrieved 24 Phalane 2025.
  7. Picard, Louis A. (1979). "Rural Development in Botswana: Administrative Structures and Public Policy". The Journal of Developing Areas. 13 (3). Louis A. Picard: 283–300. JSTOR 4190662.
  8. "Regional and Local government in Botswana". Common Wealth of Nations. Retrieved 24 Phalane 2025.
  9. UN-HABITAT (2002). Local Democracy and Decentralization in East and Southern Africa: Experiences from Uganda, Kenya, Botswana, Tanzania, and Ethiopia. p. 57. ISBN 9789211316667.
  10. Gaotlhobogwe, Monkagedi. "Botswana broken into 19 new sub-districts". Mmegi Online. Retrieved 24 Phalane 2025.
  11. "2011 Botswana Population and Housing Census" (PDF). Retrieved 24 Phalane 2025.