Jump to content

Kgaolo ya Ghanzi

Go tswa ko Wikipedia
Ghanzi
Gantsi
Makgadikgadi Pans
Location within Botswana
Location of Ghanzi
Coordinates: 22°00′S 22°00′E / 22.000°S 22.000°E / -22.000; 22.000Coordinates: 22°00′S 22°00′E / 22.000°S 22.000°E / -22.000; 22.000
Country Botswana
CapitalGhanzi
Area
  Total117,910 km2 (45,530 sq mi)
Palo batho
 (2022 census)
  Total56,555
  Density0.48/km2 (1.2/sq mi)
Time zoneUTC+2 (Central Africa Time)
HDI (2017)0.666[1]
medium · 10th

Ghanzi (fa gongwe e bidiwa Gantsi) ke kgaolo e e kwa bophirima jwa Botswana, e bapile le Namibia kwa bophirima mme e atologela kwa botlhaba go tsena mo karolong e ntsi ya bogare jwa naga. Bogogi jwa tsamaiso ya kgaolo ke toropo ya Ghanzi. Bontsi jwa sephatlo sa botlhaba jwa Ghanzi bo dira Lefelo la Diphologolo la Central Kalahari. Palo ya batho ka nako ya palobatho ya 2022 e ne e le 56,555,[2] e e kwa tlase ga ya kgaolo epe e nngwe mo Botswana. Kgaolo ya Ghanzi ke 117,910 km2.

Kwa bophirima, Ghanzi e bapile le Kgaolo ya Omaheke kwa Namibia. Mo gae, e bapile le dikgaolo tse di latelang: Bokone-Bophirima kwa bokone, Legare kwa botlhaba, Kweneng kwa borwa botlhaba, Kgalagadi kwa borwa. Ghanzi, Lefelo la Diphologolo la Central Kalahari, Deception Valley, Ghanzi Craft, Kgalagadi Transfrontier Park le Khutse Game Reserve ke mafelo a magolo a diphologolo mo kgaolong eo.

Kgaolo e tsamaisiwa ke botsamaisi jwa kgaolo le khansele ya kgaolo e e nang le maikarabelo a tsamaiso ya selegae.

Basarwa kwa Mokgatšheng wa Deception mo Kgaolong

Kwa bophirima, Ghanzi o bapile le Kgaolo ya Omaheke kwa Namibia. Mo gae, e bapile le dikgaolo tse di latelang: Bokone-Bophirima kwa bokone, Legare kwa botlhaba, Kweneng kwa borwa botlhaba, Kgalagadi kwa borwa. Ghanzi e kgabaganngwa ke mola wa bokonebophirima wa latitude le longitude e e lekanang. Kgaolo eno e khurumeditswe thata ke Sekaka sa Kalahari, se sengwe sa sone se khurumeditswe gape ke Dipan tsa Makgadikgadi, e leng lefelo le le metsi le legolo la dipaka. Makgadigadi e ne e le nngwe ya makadiba a magolo go gaisa mo Lefatsheng ka nako ya Pleistocene, fela ga jaana e tlamela ka lefelo le legolo le le metsi la selemo go tshegetsa diketekete tse di masomesome tsa di-flamingo tse di fudugang ka paka ya selemo ya dipula.[3] Motse o mogolo mo kgaolong ke motsemogolo Ghanzi o o nang le batho ba le 21,420 go ya ka palo ya batho ya 2011, e leng palo e e fetang makgetlho a le lesome le botlhano go feta motse wa bobedi ka bogolo wa Ncojane e nang le one. Bontsi jwa Botswana bo na le mekgokolosa ya ditafole e e relelang go tswa kwa botlhaba go ya kwa bophirima. Kgaolo eno e na le bogodimo jo bo ka nnang 550 m (1,800 ft) kwa godimo ga bogodimo jo bo magareng jwa lewatle. Mofuta wa dimela ke Savannah, ka bojang jo boleele, ditlhatshana le ditlhare mo matlhakoreng a botlhaba, fela e omile kwa dikgaolong tsa Bogare le Bophirima. Pula ya ngwaga le ngwaga e ka nna 25 cm (9.8 in), bontsi jwa yone bo amogelwa ka paka ya selemo go tloga ka Ngwanatsele go fitlha ka Motsheganong. Bontsi jwa dinoka mo kgaolong ke tsa dipaka tse di nang le tshekamelo ya merwalela ya tshoganyetso, e le tsone tse di tlhageletseng thata.[4] Mafelo a bojanala le a diphologolo mo kgaolong ke Ghanzi, Lefelo la Diphologolo la Kalahari Bogare, Mokgatšha wa Deception, Ghanzi Craft, Phaka ya Kgalagadi Transfrontier, Lefelo la Diphologolo la Khutse le Motlobo wa ditso wa Kuru le Lefelo la Setso.[5]

Dipalopalo

[fetola | Fetola Motswedi]

Go tloga ka 2011, palogotlhe ya baagi ba kgaolo e ne e le 43,355 fa e bapisiwa le 33,170 ka 2001. Seelo sa kgolo ya baagi mo dingwageng di le lesome e ne e le 2.71. Batho ba kgaolo e ne e le diperesente di le 2.14 tsa baagi botlhe mo nageng. Tekanyo ya bong e ne e le 107.41 mo banneng bangwe le bangwe ba le 100, fa e bapisiwa le 104.07 ka 2001. Palogare ya bogolo jwa malapa e ne e le 2.94 ka 2011 fa e bapisiwa le 4.21 ka 2001. Go ne go na le batho ba le 1,424 ba ba dirang tiro ya diatla le badiri ba ba amanang le yona, ba le masome a marataro le lesome le botlhano,ba le 3, 730 ba bereka mo dititong tse di kwa tlase, Batlhami ba Peomolao, Batsamaisi ba le makgolo a mabedi, masome a mararo, 534 e le Badirisi ba dipolante le metšhini le bapataganyi, baitseanape ba le lekgolo le masome a mararo le motso, badiri ba tirelo, ba thekiso ya mabenkele le mebaraka ba le 1,043, badiri ba ba nang le bokgoni jwa temothuo le ba ba amanang le yone ba le makgolo a supa, masome a supa le motso le ba le masome matlhano le boferabongwe ba botegeniki le baitseanape ba ba amanang le bone, go dira gore palogotlhe ya badiri e nne dikete tse di ferangbongwe, lesome le metso e metlhano.[6]

Itsholelo le thuto

[fetola | Fetola Motswedi]

Go tloga ka ngwaga wa 2011, go ne go na le palogotlhe ya dikolo di le masome mabedi le boraro mo kgaolong, mme diperesente di le 1.70 tsa tsone e ne e le tsa dikolo tse di ikemetseng. Palogotlhe ya baithuti mo dikoleng tsa Khansele e ne e le 7,202 fa mo dikoleng tse di ikemetseng e ne e le masome marataro le boferabongwe. Palogotlhe ya baithuti ba ba ikwadisitseng mo kgaolong e ne e le 7,271: basetsana ba le 3,645 le basimane ba le 3,626. Palogotlhe ya barutabana ba ba rutetsweng tiro e ne e le makgolo a mararo le botlhano: lekgolo, masome a ferabobedi le botlhano e le basadi le lekgolo le masome a mabedi e le banna. Go ne go na le barutabana ba nakwana ba ka nna lesome le bosupa. Go ne go sena barutabana ba ba sa katisiwang mo kgaolong.[7]

Go tloga ka 2006, 3,507 ba ne ba amega mo temothuong, makgolo a mararo le masome a mabedi le boraro mo kagong, makgolo a supa, masome mabedi le bone mo thutong, masome mane le boraro mo motlakaseng le metsi, lekgolo, masome mabedi le motso mo matloleng, makgolo mabedi, masome marataro le bone mo boitekanelong, masome a ferabobedil le boraro mo dihoteleng le diresetšhurenteng, makgolo matlhano, masome a marataro mo go tsa direng, masome a ferabongwe le boraro mo ditirelong tsa setshaba, makgolo a mararo, masome a ferabongwe le boferabongwe mo matlong a beng,1, 849 mo botsamaising ya setšhaba, makgolo a mararo, masome matlhano le botlhano mo go tsa ditsha, lekgolo, masome a ferabobedi le botlhano mo go tsa dipalamo le ditlhaeletsano, 1 788 mo kgwebong ya dithoto tse dintsi le tse dinnye. Palogotlhe ya badiri e ne e le 10,294: banna ba le 5,959 le basadi ba le 4,335.[8]

Mmila o Mogolo kwa Ghanzi

Lefatshe la Botswana le ne la bona boipuso go tswa mo Borithane ka 1966 mme la fetola tlhomeso la tsamaiso ya bokolone go bopa tsamaiso ya lone ya dikgaolo. Melao e ne ya fetolwa ka 1970-74 go itebagana le dintlha dingwe tsa motheo.[9] Kgaolo e tsamaisiwa ke botsamaisi jwa kgaolo le khansele ya kgaolo e e nang le maikarabelo a tsamaiso ya selegae. Melao ya tsamaiso e tlhamilwe ke Lephata la Puso ya selegae. Ditiro tse dikgolo tsa lekgotla ke Tsamaiso ya Morafe, Tlhabololo ya Dikgaolo tse di kgakala le ditlamelo le Puso ya Selegae. Dithata tsa khuduthamaga tsa lekgotla di newa molaodi yo o tlhomilweng ke puso ya bogareng. Lephata la ditirelo tsa setegeniki la Lephata la Puso ya selegae le na le maikarabelo a go tlhabolola ditsela, mafaratlhatlha mo metseng jaaka tlamelo ya metsi, dikolo le mafelo a itlosobodutu.[10] Badiri botlhe ba tsamaiso ya selegae ba solofela gore Tsamaiso ya Kgaolo e tlhophiwa ka Ditirelo tsa Puso ya selegae tse di Kopaneng (ULGS) mme Lephata la Puso ya selegae le na le maikarabelo a katiso ya bone, go romelwa kwa tirong le tlhabololo ya tiro ya bone.[11] Kgaolo-potlana ya Charles Hill, Kgaolo-potlana ya Ghanzi ke dikgaolo-potlana tse pedi tsa kgaolo.[12]

Tshedimosetso e nngwe

[fetola | Fetola Motswedi]
  1. "Sub-national HDI - Area Database - Global Data Lab". hdi.globaldatalab.org (in Sekgoa). Retrieved 2018-09-13.
  2. "Botswana: Districts, Cities, Towns, Urban Villages & Agglomerations - Population Statistics, Maps, Charts, Weather and Web Information". www.citypopulation.de. Retrieved 23 Phalane 2025.
  3. Hogan, C. Michael (2008). "Makgadikgadi". The Megalithic Portal, ed. A. Burnham. Retrieved 24 Phalane 2025.
  4. Singh (2011). Geography. Tata McGraw-Hill Education. p. 12.53. ISBN 978-0-07-107480-3.
  5. "Tourist attractions in Botswana". Government of Botswana. Retrieved 24 Phalane 2025.
  6. "Census of Botswana, 2011". Central Statistics Office of Botswana. 2015. Retrieved 24 Phalane 2025.
  7. "Education details of Botswana, 2011". Central Statistics Office of Botswana. 2015. Archived from the original on 12 November 2016. Retrieved 24 Phalane 2025.
  8. "Labour Force by industry in Botswana, 2008". Central Statistics Office of Botswana. 2008. Archived from the original on 13 November 2016. Retrieved 24 Phalane 2025.
  9. Picard, Louis A. (1979). "Rural Development in Botswana: Administrative Structures and Public Policy". The Journal of Developing Areas. 13 (3). Louis A. Picard: 283–300. JSTOR 4190662.
  10. "Regional and Local government in Botswana". Common Wealth of Nations. Retrieved 24 Phalane 2025.
  11. UN-HABITAT (2002). Local Democracy and Decentralization in East and Southern Africa: Experiences from Uganda, Kenya, Botswana, Tanzania, and Ethiopia. p. 57. ISBN 9789211316667.
  12. Gaotlhobogwe, Monkagedi. "Botswana broken into 19 new sub-districts". MMegi Online. Retrieved 24 Phalane 2025.