Jump to content

Kgaolo ya Kavango

Go tswa ko Wikipedia
Kgaolo ya Kavango
Kgaolo
Lefelo la kgaolo ya Kavango kwa Namibia
Lefelo la kgaolo ya Kavango kwa Namibia
LefatsheNamibia
Palo batho
  Totaldikete di le makgolo mabedi masome mabedi le boraro makgolo a mararo masome a matlhano le bobedi

Kavango (pele ga 1998: Okavango)[1] e ne e le nngwe ya dikgaolo tse di lesome le boraro tsa Namibia go fitlhelela e kgaogana go nna Kavango botlhaba le Kavango bophirima ka 2013. Toropokgolo ya yone e ne e le Rundu.

Kwa bokone, Kavango e ne e le mo molelwaneng le Cuando Cubango, kgaolo ya Angola, kwa borwabotlhaba e le kgaolo ya bokone-bophirima ya Botswana. Mo gae e ne e le mo melelwaneng ya dikgaolo tse di latelang:

Ka ntlha ya dipula tse dintsi go gaisa dikgaolo tse dingwe tsa Namibia, kgaolo e e na le kgonagalo ya go lemiwa ga dijalo tse di farologaneng ga mmogo le temothuo e e rulagantsweng le dikgwa tsa bolemi borui, tse di gwetlhileng go diriwa ga didirisiwa tsa mo gae le mehama e e tshwanang.

Lefelo la itloso bodutu la Khaudum le la Mahango a mo kgaolong e.

Dikgaolo tsa botlhophi

[fetola | Fetola Motswedi]

Kavango e na le dikgaolo tsa botlhophi di le borobabongwe:

Ditlhopho tsa mo gae

[fetola | Fetola Motswedi]

Mo ditlhophong Kavango o ne a etelelwa ke phathi ya South West Africa People's Organization (SWAPO). Mo dilthophong tsa kgaolo tsa 2004 tsa bopalamente jwa Namibia, SWAPO e ne ya fenya dikgaolo tsotlhe.[2]

Ambrosius Haingura, morulaganyo wa tlhwatlhwa wa SWAPO ka nako ya ntwa ya boipuso ya Namibia, o ne a bereka e le molaodi wa ntlha wa kgaolo go tswa ka 1993 go tsena 1995.[3] Maurus Nekaro, molaodi wa kgaolo ya Kavango go tswa ka Morule 2010, o ne a tlhokafala a le mo tirong ka Mopitlo a le malatsi a mane ngwaga wa 2013.[4] Samuel Mbambo o ne a tlhomiwa go nna molaodi wa bofelo wa Kavango ka Moranang 2013.[5]

Phatlalatso

[fetola | Fetola Motswedi]

Komiti ya bone ya Namibia, e e neng e itebagantse le go gakolola ka kgaoganyo ya botsamaisi ya lefatshe e ne ya gakolola ka Phatwe 2013 go kgaoganya kgaolo ya Kavango gabedi. Tautona Hifikepunye Pohamba o ne a tlhoma dikgakolo tse. Ka jalo, dikgaolo tse dišha tsa Kavango botlhaba le Kavango bophirima di ne tsa tlhamiwa.[6]

Palo ya batho

[fetola | Fetola Motswedi]

kgaolo e ne e na le palo ya batho e e anameng. Mo gare ga go na batho ba le bantsi, fa kwa bokone, bogolo jang mo lotshitshing lwa noka ya Kavango, go na le batho ba le bantsi. Mafelo a a tlhabologileng a a neng a na le batho ba le bantsi e ne e le kwa Rundu le kwa ditoropong tsa Nkurenku le Divundu.

Itsholelo le dikago

[fetola | Fetola Motswedi]

Kavango e ne e le kgaolo e e neng e humanegile thata kwa Namibia, palo e e fetang sephatlo sa batho ba koo ba ne ba supiwa fa ba humanegile.[7] Go ya tshekatsheko ya pereko ya Namibia ya 2012, go tlhoka go bereka mo kgaolong ya Kavango e ne e le masome a mabedi le borobabongwe mo lekgolong ka nako eo.[8] Ditirelo tsa itsholelo di ne di akaretsa thuo le bojanala. Go tshwara ditlhapi tsa thekiso go ne go na le seabe mo dijong tsa batho ba kgaolo e e gaufi le noka ya Kavango.

Kavango o ne a na le dikolo di le makgolo a mararo, masome a mabedi le boraro ka baithui ba le dikete di le masome a supa le bosupa, makgolo a mararo lesome le bone.[9]

Go ne go na le tlhaelo ya ditsela tsa bokone-borwa mo kgaolong, kwa ntle ga tsela e tona ya Rundu-Grootfontein. Kwa Rundu go na le maemelo a difofane a mabotlana go letla difofane tsa dithoto go goroga motshegare fela. Seemo se se sa iketlang sa ditsela le mesepele e metelele go ne go na le maduo a a sa siamang mo bojanaleng; seemo se se ne sa tokafadiwa ke go fediwa ga tsela ya Trans-Caprivi. Tsela e tona ee amanyang Rundu le bophirima jwa Kavango kwa kgaolong ya Ohangwena e a agiwa.

  1. "Composition of the Delimitation Commissions and the major decisions made from 1990 to present". Election Watch (1). Institute for Public Policy Research: 2. 2013.
  2. "Electoral Act, 1992: Notification of Result of General Election for Regional Councils" (pdf). Government Gazette of the Republic of Namibia. No. 3366. Government of Namibia. 3 January 2005. p. 10.
  3. Shiremo, Shampapi (19 November 2010). "Cde Ambrosius Haingura: A great campaigner for equality and freedom". New Era. Archived from the original on 31 March 2012. Retrieved 14 October 2025.
  4. Shiremo, Shampapi (19 November 2010). "Cde Ambrosius Haingura: A great campaigner for equality and freedom". New Era. Archived from the original on 31 March 2012. Retrieved 14 October 2025
  5. Immanuel, Shinovene (22 April 2013). "Pohamba continues to pave way for Geingob". The Namibian.
  6. Nakale, Albertina (9 August 2013). "President divides Kavango into two". New Era. allafrica.com. Archived from the original on 22 October 2014. Retrieved 14 October 2025.
  7. Heita, Desie (29 November 2012). "Namibian women, poorest of the poor". New Era.
  8. Duddy, Jo Maré (11 April 2013). "Unemployment rate still alarmingly high". The Namibian. Archived from the original on 14 April 2013.
  9. Miyanicwe, Clemans; Kahiurika, Ndanki (27 November 2013). "School counsellors overstretched". The Namibian. p. 1.