Kgaolo ya botlhophi ya Ndiyona

Ndiyona ke kgaolo ya botlhophi ee kwa botlhaba jwa Kavango kwa Namibia. Legare la kgaolo le kwa Ndiyona. E ne e na le palo ya batho ba le dikete di le masome mabedi, makgolo a marataro, masome a mararo le boraro, e oketsegeli go tswa kwa diketeng di le lesome le borobabongwe, makgolo a matlhano, masome a marataro le botlhano ngwaga wa 2001.[1] Ka 2020, kgaolo e e ne e na le batho ba ba ikwadisetditseng ditlhopho ba le dikete thataro, makgolo a mabedi le lesome.[2]
Kgaolo ya botlhophi ya ndiyona go fitlhelela ka 2013 e ne e le ya kgaolo ya Kavango.[1] Ka 2013, morago ga kgaokolo ya komiti ya bone ya thulaganyo ya ditlhopho tsa Namibia, le go baakanyetsa ditlhopho tsa 2014, kgaolo ya Kavango e ne ya kgaoganngwa go nna botlhaba jwa Kavango le bophirima jwa Kavango.[3] Kgaolo e ntšha ya Ndonga Linena e ne ya tlhamiwa go tswa kwa botlhaba jwa Ndiyona, gore Ndiyona jaanonga nne monnye go gaisa pele. Dikgaolo tse ka bobedi di mo kgaolo ya botlhaba jwa Kavango.[4]
Polotiki
[fetola | Fetola Motswedi]Kgaolo ya botlhophi ya Ndiyona ke boremelelo jwa SWAPO. Ka ditlhopho tsa 2004, moemedi wa SWAPO Sebastiaan Karupu o ne a a amogela ditalama di le dikete tlhano, makgolo a robabobedi, masome a supa a ditalama tse di dikete thataro, makgolo a supa, lesome le borataro tse di neng di dirisitswe.[5]
Ditlhopho tsa 2015 tsa kgaolo di ne tsa fenngwa ke moemedi wa SWAPO Eugen Likuwa ka ditlhopho di le sekete, makgolo a robabobedi, masome a matlhano le borobabongwe. Florian Haingura wa All People's Party (APP) o ne a nna mo maemong a bobedi ka ditlhopho di le makgolo mabedi, masome a robabongwe le boraro.[6] Moemedi wa SWAPO o ne a fenya gape ditlhopho tsa kgaolo tsa 2020. Laurentius Mukoya o ne a iponela ditlhopho di le sekete, makgolo a robabobedi, masome a supa le bone, a le kwa pele ga ga Stefanus Likuwa.[7]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 "Kavango 2011 Census Regional Profile" (PDF). Statistics Namibia. Retrieved 22 October 2025.
- ↑ "Regional Council 2020 Election Results". Interactive map. Electoral Commission of Namibia. 18 January 2021. Retrieved 22 October 2025.
- ↑ Nakale, Albertina (9 August 2013). "President divides Kavango into two". New Era. allafrica.com. Archived from the original on 22 October 2014. Retrieved 22 October 2025
- ↑ "Creation of new regions and division and re-division of certain regions into constituencies: Regional Councils Act, 1992" (pdf). Government Gazette of the Republic of Namibia. No. 5261. Government of Namibia. 9 August 2013. p. 22.
- ↑ "Electoral Act, 1992: Notification of Result of General Election for Regional Councils" (pdf). Government Gazette of the Republic of Namibia. No. 3366. Government of Namibia. 3 January 2005. p. 10.
- ↑ "Regional Council Election Results 2015". Electoral Commission of Namibia. 3 December 2015. p. 6. Archived from the original on 8 December 2015.
- ↑ "Publication of results and particulars in respect of general elections for Regional Councils: Electoral Act, 2014" (pdf). Government Gazette of the Republic of Namibia. No. 7654. Government of Namibia. 8 October 2021. p. 7.