Kgaolo ya botlhophi ya Otamanzi

Kgaolo ya Otamanzi ke kgaolo ya botlhophi kwa kgaolong ya Omusati kwa Namibia. E ne e na le batlhophi ba ba ikwadisitseng ditlhopho tsa 2020 ba le dikete di supa, makgolo a mane, masome mabedi le bosupa.[1] Toropokgolo ya kgaolo ke motse wa Otamanzi. Kgaolo e e bophara jwa dikhilomithara di le dikete di le nne, lekgolo, masome a robabobedi le bone, E ne e na le palo ya batho ba le dikete di le lesome le boraro, makgolo a mane, masome a robabongwe le botlhano ka 2011, e le palo e e wetseng tlase fa e tshwantshanngwa le ya 2001 ya dikete di le masome mabedi le bosupa, le masome mane le borobabongwe.[2] Kgaolo e e na le metse ya Onandjo, Leimwe, Etilyasa, Onanyala, Onkani, Liyekeya, Epato, Amarika, Etsikilo le Onkaankaa.[3]
Kgaolo ya Otamanzi e tlhamilwe ka 2003 go tswa mo kgaolong ya botlhophi ya Omusati, morago ga kgakololo ya komiti ya boraro ya paakanyetso ditlhopho ya Namibia, le go baakanyetsa ditlhopho tsa kgaolo tsa 2004.[4]
Dipolotiki
[fetola | Fetola Motswedi]Kgaolo ya botlhophi ya Otamanzi ke e e nonofileng thata mo phathing ya SWAPO. Mo ditlhophong tsa 2004 tsa kgaolo, ntlhopheng wa SWAPO Efraim Kuugongelwa o ne a fenya a sena o a phadisanyang le ene a nna mokhanselara morago ga gore go bo go sena phathi epe ya kganetso e e tlhophileng moemedi.[5]
Ka ditlhopho tsa 2015 tsa kgaolo, moemedi wa SWAPO Johannes Iiyambo o ne a fenya le ene a sa phadisanye le ope a nnamokhanselara morago ga gore diphathi tsa kganetso di seka tsa tlhopha ope go di emela.[6] Mokhanselara Iiyambo wa SWAPO o ne a tlhophiwa gape mo ditlhophong tsa kgaolo tsa 2020. O ne a iponela ditalama di le dikete tharo, makgolo a mararo, masome a mabedi le botlhano, a feta Petrus Amunimwe wa Independent Patriots for Change (IPC - phathi ya kganetso e e tlhamilweng ka Phatwe 2020), o ene a iponetseng ditalama di le makgolo a mararo, masome a mararo le bobedi.[1]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 "Regional Council 2020 Election Results". Interactive map. Electoral Commission of Namibia. 18 January 2021. Retrieved 16 october 2025.
- ↑ "Chapter 2: Population Structure, Composition and Density" (PDF). Omusati 2011 Census Regional Profile. Namibia Statistics Agency. p. 4. Retrieved 16 October 2025.
- ↑ "Presidential and National Assembly Elections 2009". Supplement to several Namibian newspapers. Electoral Commission of Namibia. November 2009.
- ↑ "Re-division of certain regions into constituencies: Regional Councils Act, 1992" (pdf). Government Gazette of the Republic of Namibia. No. 2942. Government of Namibia. 28 March 2003. pp. 4–5.
- ↑ "Electoral Act, 1992: Notification of Result of General Election for Regional Councils" (pdf). Government Gazette of the Republic of Namibia. No. 3366. Government of Namibia. 3 January 2005. p. 6.
- ↑ "Opposition parties are mosquitoes, says Kawana". The Namibian. 26 October 2015.