Kgari Sechele III
Kgari Sechele III ke kgosi ya morafe wa ga Kwena. O tshotswe ke Bonewamang Padi Sechele, kgosi ya Bakwena, ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe, masome a supa le boraro (1973) kgotsa sekete makgolo a robabongwe, masome a supa le bone (1974).
Kgari Sechele III | |
|---|---|
| Title | Kgosi of the Bakwena |
| Term | 2002–present |
| Predecessor | Kgosikwena Sebele (regent) |
| Batsadi(s) |
|
Bonewamang o ne a tlhokafala mo kotsing ya koloi ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe, masome a supa le borobabobedi (1978) fa Kgari a ne a le dingwaga di le nne.[1] Mack Sechele, Moithali Sechele II, le Kgosikwena Sebele botlhe ba ne ba dira jaaka baeteledipele ba Kgari.[2] Mokgaladi Sechele o ne a simolola dikgato tsa semolao ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe, masome a robabongwe le borobabongwe (1999) gore ene a amogelwe jaaka mojaboswa, mme morago ga loso lwa gagwe ngwaga o o latelang kgwetlho e ne ya tsweledisiwa ke morwae Kealeboga Sechele. Kgari o ne a ikanisiwa semmuso jaaka kgosi ka kgwedi ya Mopitlwe ngwaga wa ketepedi le bobedi (2002).[3] O ne a nyala mosadi wa gagwe ka fa molaong ka kgwedi ya Phatwe ngwaga wa ketepedi le borobabobedi (2008),[4] mme lenyalo la bone le ne la tshwarwa ka kgwedi ya Phukwi ele malatsi ale lesome le motso ngwaga wa ketepedi le borobabongwe (2009).[5]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Mystery steals Bonewamang's show". Sunday Standard. 4 November 2006. Retrieved 9 April 2024
- ↑ Ramsay, Jeff (1996). "The Fall and Decline of the Bakwena Monarchy". Botswana Notes and Records. 28: 80. JSTOR 40980134
- ↑ Nyamnjoh, Francis B. (2003). "Chieftaincy and the Negotiation of Might and Right in Botswana Democracy". Journal of Contemporary African Studies. 21 (2): 243. doi:10.1080/02589000305447. ISSN 0258-9001
- ↑ Letsididi, Bashi (19 March 2009). "Kgosi Sechele set to introduce wife". Mmegi Online. Retrieved 9 April 2024.
- ↑ Keoreng, Ephraim (13 July 2009). "Bakwena Celebrate Kgari's Wedding". Mmegi