Jump to content

Kgatelelo ya bana le baswa mo nageng ya rona

Go tswa ko Wikipedia
Go ema kgatlhanong le tshotlakako ya baswa

Bogologolo tala fa maje a santse a tobetsega,go ne go na le kutlwano le kutlwelobotlhoko.Go le kana re tshela mo lefatsheng le le senang boutlwelobotlhoko.Bana le baswa ba segompieno ba tshela ka letshogo la gore"Fa e le gore go latela nna",gonne borre ba gataka ditshwanelo tsa basadi tsa go tshela ka go ba bolaya le go ba betelela.Tota re le setshaba re tshwanetse go ema kgatlhanong le se,re dire ka bojotlhe go fenya kana go fokotsa bogale jwa polao ya basadi le bana.kana kgetsi ya tsie e kgonwa ka go tshwaraganelwa,tiro e nna bonolo fa re thusana.Tota re tshela ka letshogo, merafe,dinaga ka go farologana ga tsona,thuso ya lona ka go ema kgatlhanong le polao ya basadi e ka dira pharologano e e tseneletseng ka gonne re le bangwe re ka se fenye.Tla re lekeng go ithuta go ntsha se se mo mafatlheng,re tlaleye fa go kgonagala ,le tse dingwe tse di ka diriwang go fedisa se[1].

Kana re feleletsa re felelwa ke maano re le basadi,re feleletsa re nna le kgatelelo e e tseneletseng ya monagano wa go batla go ipolaya ka gonne re bona seo se le botoka thata go na le go emela go betelelwa pele o ka bolaiwa ke motho yo mongwe.Thuso go tswa go ba lefapha la sepodisa ga e dire go tlala seatla,mme kopa ke gore ba leke go tsenya marapo dinameng ka go ema kgatlhanong le mathata a re tshwaraganeng le ona re le batswasetlhabelo.Borre,re le basadi re kopa tlhokomelo go tswa kwa go lona,re kopa gore le sekegeleng matshwenyego a rona tsebe ,re tlhaloganyaneng pele fa le ka nagana go itsela molao mo diatleng tsa lona.

Phokotsego mo dikgweding tse di tlang ka ga polao ya basadi le bana e ka bontsha fa tota ngongorego ya rona e fitlheletse dipelo le megopolo ya lona.Re tlhoka go tshela ,re tshelele bana le bagolo ba rona. Keletso tsa rona, bontsi jwa rona ke go dira batsadi ba rona motlotlo pele fa re ka raga kika.Ga re batle bana ba rona ba tshele botshelo Jo re bo tshetseng, re batla go dira pharologano e e tseneletseng, mme seo ga se kgonagale ka ntlha ya maitsholo a lona.Ruri re lapile re feletswe le ke maano ,go setse fela lona gore le ipoleleleng ka melomo ya lona gore go lekane.Le tsholotse madi a mantsi tota ,le robile malapa ka bontsi dipelo, a e nne gore "go lekane".Re utlwile e le ruri. [2]

Ditshupiso

[fetola | Fetola Motswedi]
  1. https://www.justice.gov.za/vg/GBV.html
  2. https://www.gov.za/GBV