Kgotlelego ya mowa

Kgotlelego ya Mowa
Kgotlelego ya mowa e kaya go nna teng ga dilo tse di kotsi mo moweng tse di ka amang boitekanelo jwa batho le tikologo. Dilo tseno tse di kgotlelang di ka akaretsa digase, lerole, mosi le dikhemikale tse di tswang mo dikoloing, mo madirelong le mo ditukising tse di tukang. Kgotlelego ya mowa ke bothata jo bogolo jwa tikologo jo bo amang boleng jwa mowa o batho ba o hemang mme bo ka baka dikotsi tse di masisi tsa boitekanelo.[1]
Kgotlelego ya mowa e bakwa thata ke ditiro tsa batho tse di jaaka go tlhagisa madirelo, dipalangwa, go fisa ditukisi tsa masaledi a dilo tse di epolotsweng, le go latlha matlakala. Dilo tsa tlholego tse di jaaka melelo ya naga le go thunya ga lekgwamolelo le tsone di ka nna le seabe mo kgotlhelong ya mowa. Go ya ka Lenaneo la Tikologo la Ditšhaba Tse di Kopaneng(United Nations Environment Programme), go nna mo ditoropong ka bonako le tiriso e e oketsegileng ya maatla go okeditse thata selekanyo sa kgotlhelo ya mowa lefatshe ka bophara.[2]
Ditlamorago tsa kgotlhelo ya mowa di ka nna kotsi mo boitekanelong jwa batho le mo tikologong. Batho ba ba nnang mo moweng o o kgotletsweng ba ka nna ba tshwarwa ke malwetse a go hema, mathata a pelo le maemo a mangwe a boitekanelo. Bana le batho ba ba godileng ke bone ba ba tlhaselwang thata. Kgotlelego ya mowa gape e senya dimela, diphologolo le dithulaganyo tsa tikologo, mme e baka mathata a tikologo a a tshwanang le go fetoga ga tlelaemete le thuthafalo ya lefatshe.[3]
Go fokotsa kgotlelo ya mowa go tlhoka tirisanommogo fa gare ga dipuso, madirelo le baagi. Ditharabololo di akaretsa go dirisa maatla a a ntšhafadiwang, go fokotsa mesi e e tswang mo dikoloing, go tokafatsa tsamaiso ya matlakala le go rotloetsa temogo ya tikologo. Dipholisi le melawana e e lekanyetsang mesi e e kotsi e ka thusa go tokafatsa boleng jwa mowa le go sireletsa boitekanelo jwa setšhaba.[4]
Ditshupiso
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Air pollution". www.who.int (in Sekgoa). Retrieved 2026-02-26.
- ↑ Environment, U. N. (2023-10-17). "Air | UNEP - UN Environment Programme". www.unep.org (in Sekgoa). Retrieved 2026-02-26.
- ↑ Huang, Kaixin; Fernandez, Loretta A.; Varshavsky, Julia R.; Eckelman, Matthew J. (2025-01). "Air toxics matter to more than just air". Environmental Pollution. 364: 125308. doi:10.1016/j.envpol.2024.125308. ISSN 0269-7491.
{{cite journal}}: Check date values in:|date=(help) - ↑ "Development Topics | World Bank Group". www.worldbank.org. Retrieved 2026-02-26.