Jump to content

Khama Rhino Sanctuary

Go tswa ko Wikipedia
Khama Rhino Sanctuary
Coordinates22°14′05″S 26°43′12″E
Area8,585 ha (33.15 sq mi)
Created1989
Visitorsdikete di le masome mabedi le botlhano ka ngwaga wa 2016
Websitekhamarhinosanctuary.com
Ditshukudu tse ditshweu

Khama Rhino Sanctuary ke porojeke ya diphologolo tsa naga ya setshaba mo Botswana,[1] e dikhilomithara di le masome a mabedi le botlhano kwa ntle ga Serowe.[2] E apesitse bophara jwa diheketara di le dikete di robabobedi, makgolo a matlhano, masome a robabobedi, le botlhano tsa sekgwa se se motlhaba sa kalahari, gape ke legae la ditshukudu tse dintsho le tse di tshweu gammogo le mefuta ya diphologolo e feta masome a mararo le mefuta e feta makgolo a mabedi le masome a mararo a dinonyane.[3] Lefelo le, le tlhamilwe ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe, masome a robabongwe le bobedi go thusa go boloka ditshukudu tse di neng di nyelela le go tsosolosa diphologolo tsa naga tse di neng di nna koo mo ditsong, ga mmogo le go tlhabolola motse o o mabapi.[2] Fa godimo ga go go gwedisa ditshukudu,[4] lefelo le gape le na le lefelo la thuto ya tikologo, mafelo a go kampa, mafelo a boroko, le lefelo la dijo. Bontsi jwa madi a tswa mo bojanaleng le go rekisetsa masimo a mangwe diphologolo fa palo e fitile lefelo leo.[2]

Ditso le tshomarelo

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe, masome a robabobedi le borobabongwe, ka matshwenyego a go bolawa ga ditshukudu, banni ba Serowe ba ne ba aga lefelo la tshomarelo diphologolo tsa naga ka kemo nokeng ya ga Ian Khama.[1] Ditshukudu tsa ntlha tse ditshweu di le nne di ne tsa tsisiwa ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe, masome a robabongwe le bobedi, lefelo la fiwa lefelo leo semmuso gaufi le pane ya Serwe, letsha le le kgadileng, ke Land Board ya Ngwato ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe, masome a robabongwe le boraro. Tshukudu e ntsho, e e neng e gomagomediwa ke go nyelela, e ne ya busediwa ka ngwaga wa dikete pedi le bobedi.[2][1][5]

Lefelo le, ke legae la diphologolo tse dingwe tsa naga tse di nnang koo ka tlholego kgotsa di tsisitswe go stwa mafelong a mangwe.[5] Di akaretsa dithutlwa, diphofu, dikgama tse dikhibidu, dikukama, dipitse tsa naga, dikgokong tse di tala, ditshephe, diphala, ditholo, mangau[2], bo phokojwe ba mokwatla o montsho, diphiri, matlotse, bommantshwe, bothwane, diphage[1], diphuti le tse dingwe.[5] Mefuta ya dinonyane tse di bonwang kwa lefelong le di akaretsa dikgaka le manong.[6] Porojeke kgolo e e diriwang ke Khama Rhino Sanctuary ke ya go gwedisa ditshukudu. Ka ngwaga wa dikete pedi, lesome le bone, ditshukudu le masome mabedi le borobabobedi di ne dii fuduseditswe kwa mafelong a mangwe kwa borwa jwa Aforika.[7] Maranyane a lefelo le a bega fa maikaelelo a lone e le go dira tikologo e mo go yone ditshukudu tse ditshweu le tse dintsho di ka gwela ka phuthulogo, le go di busetsa mo mafelong a tsone a tlholego.[2] Tshukudu ya ntlha e ntsho e tshotswe ka ngwaga wa dikete pedi le bosupa, fa tse pedi tse ditshweu di tshotswe ka ngwaga wa dikete pedi le borobabongwe.[2][1]

Ditshukudu ste di mo lefelong le di sireleditswe ka go disa batho ba ba di bolayang mo go diriwang ke batsomi le masole a Botswana. Ka ngwaga wa dikete pedi, lesome le bone, go ne go sena ditshukudu dipe tse di neng di bolailwe mo lefelong leo fa le sale le bulwa.[8] Morago ga dingwaga di ka nna masome a mararo a go nna lefelo la tshireletsego, ditshukudu di le pedi tse ditshweu di ne tsa begiwa ke ba lephata la diphologolo tsa nana fa di bolailwe ke batsomi ba ba neng ba itshupa e le baeng ka ngwaga wa dikete pedi le masome a mabedi le bobedi; lefelo leo le ganetsa fa di ne di le mo lefelong la bone.[3][9][10][1] Ka Moranang ngwaga wa dikete pedi, masome a mabedi le boraro, ditshukudu di le nne di ne tsa thuntshiwa, tse pedi tsa swa, le nstwa maikaelelo a sa itsewe ka dinaka tsa tsone di ne di santse di le mo go tsone.[11]

  1. 1 2 3 4 5 6 "Khama Rhino Sanctuary". Botswana Tourism. Retrieved 2026-07-17
  2. 1 2 3 4 5 6 7 "Botswana: Khama Rhino Sanctuary flourishes". African Conservation Foundation. 2010-02-15. Archived from the original on 2023-06-27. Retrieved 2026-07-17
  3. 1 2 Motlhoka, Thobo (2022-11-17). "Was a rhino killed in Botswana's Khama Rhino Sanctuary?". The Independent. Retrieved 2026-07-17
  4. ↑ "An update on Rhinos Without Borders' most recent project". Great Plains Foundation. 2016-07-15. Retrieved 2026-07-17
  5. 1 2 3 "Khama Rhino Sanctuary, November 2017". Independent Travellers. independent-travellers.com. Retrieved 17 July 2026
  6. ↑ "Khama Rhino Sanctuary Sightings". eBird. Retrieved 2026-07-17
  7. ↑ Pflanz, Mike (2014-03-02). "The ivory police". The Christian Science Monitor. Retrieved 2026-07-17
  8. ↑ Smith, David (2014-02-13). "Rhinos to be moved from South Africa to Botswana in anti-poaching drive". The Guardian. Retrieved 2026-07-17
  9. ↑ Tlhankane, Mompati (2023-02-24). "Khama Sanctuary no longer safe haven". MmegiOnline. Retrieved 2026-07-17
  10. ↑ Flanagan, Jane (2022-08-26). "Poachers pose as visitors to kill rhinos in a Botswana sanctuary". The Sunday Times. Retrieved 2026-07-17
  11. ↑ Dube, Mqondisi (2023-04-13). "Botswana on Alert After Shooting of Rhinos in Sanctuary". VOA News. Retrieved 2026-07-17