Jump to content

Khoekhoe

Go tswa ko Wikipedia
Monna o fana ka thuto ka puo ya Khoekhoe.

Khoikhoi or (Khoekhoe ka mokwalo wa Namibia)[1] ke morahe yo ka tlholego beng ba one ba naleng mekgwa ya go fudua le diphologolo, wa Aforika Borwa. Bontsi ba nako ba kopanngwa le batho ba San ba eleng batsumi le batlhatlhami, ka jalo, lefoko le le amogetsweng go bitsa bobedi bo ke Khoisan.[2] Leina la "Khoikhoi" ke leina la bopaki eseng la Setswana la tlotla, mme le dirisitswe mo dikwalong e le leina la merafe e buang Khoe mo borwa jwa Aforika bogolo jang ba ba fulang jaaka Inqua, Griqua, Gonaqua, Nama, Attequa. Pele, Khoekhoe e kile abo e bitswa Hottentots, leina le e leng gore jaanong e tsewa e le le le kgopisang.[3]

Morafe wa khoikhoi o lemotshega go bo o dule mo bathong ba bangwe dingwaga tse selekanyo sa dikete tse dikgolo le go ya kwa dikete tse makgolo mabedi.[4][5] Mo lekgolong la lesome le bosupa la dingwaga, morafe wa khoekhoe o ne wa nna le palo ya leruo lo lontsi lwa Nguni mo kgaolong ya Cape.[6][7] Bontsi bone jwa latlha ngwao ya go fudua le diphologolo ka lekgolo la lesome le borobabongwe la dingwaga le lekgolo la masome a mabedi la dingwaga.[8]

Teme ya Khoekhoe e tshwana le nngwe ya diteme tse di buiwang ke batho ba San kwa Khalahari ba ba itsegeng ka go tsoma dijo jaaka ba Khwe le Tshwa, ba mmogo ba tlhamang losika lo lo buang teme ya Khoe. Dikarolwana tsa Khoekhoe mo bo gompienong ke batho ba Nama ko Namibia, Botswana le Aforika Borwa (ka maina a malwapa a a farolaganeng), Darama ko Namibia, malwapa a Orana ko Aforika Borwa ( jaaka Nama kgotsa Ngqosini), Khoemana kgotsa morafe wa Griqua ko Aforika Borwa, le malwapana a Gqunukhwebe kgotsa Gona awelang ka fa tlase ga borraetsho ba ba buang seXhosa[9]

  1. This is the native praise address, khoi-khoi "people of people" or "proper humans", as it were, from khoi "human being". Pronunciation in the Khoekhoe language: kxʰoekxʰoe.
  2. Alan Barnard (1992). Hunters and Herders of Southern Africa: A Comparative Ethnography of the Khoisan Peoples. New York; Cambridge: Cambridge University Press. ISBN 978-0-521-42865-1.
  3. "Hottentot, n. and adj." OED Online, Oxford University Press, March 2018, www.oed.com/view/Entry/88829. Accessed 13 May 2018. Citing G. S. Nienaber, 'The origin of the name "Hottentot" ', African Studies, 22:2 (1963), 65–90, doi:10.1080/00020186308707174. See also.
  4. Some scholars contest that cultures and identities can't be considered fixed or invariable, especially over such a long time period.
  5. Al-Hindi, Dana R.; Reynolds, Austin W.; Henn, Brenna M. (2022), Grine, Frederick E. (ed.), "Genetic Divergence Within Southern Africa During the Later Stone Age", Hofmeyr: A Late Pleistocene Human Skull from South Africa, Cham: Springer International Publishing, pp. 19–28, doi:10.1007/978-3-031-07426-4_3, ISBN 978-3-031-07426-4, retrieved 2 January 2025
  6. go ya ka mang
  7. nopolo ya tlhokega
  8. Richards, John F. (2003). "8: Wildlife and Livestock in South Africa". The Unending Frontier: An Environmental History of the Early Modern World. California World History Library. Vol. 1. Berkeley, California: University of California Press. p. 296. ISBN 978-0-520-93935-6. Retrieved 17 November 2016. The nomadic pastoral Khoikhoi kraals were dispersed and their organization and culture broken. However, their successors, the trekboers and their Khoikhoi servants, managed flocks and herds similar to those of the Khoikhois. The trekboers had adapted to African-style, extensive pastoralism in this region. In order to obtain optimal pasture for their animals, early settlers imitated the Khoikhoi seasonal transhumance movements and those observed in the larger wild herbivores.
  9. Güldemann, Tom (2006), "Structural Isoglosses between Khoekhoe and Tuu: The Cape as a Linguistic Area", Linguistic Areas, London: Palgrave Macmillan UK, pp. 99–134, doi:10.1057/9780230287617_5, ISBN 978-1-349-54544-5