Khoudia Diop
Khoudia Diop, yo o itsiweng gape ele Melanin Goddess,[1][2] (o belegwe ka 31 Sedimonthole 1996) ke mmabontle wa mokgabo wa kwa Senegal[1] le motshameki wa difilimi.[3]
Botshelo jwa gagwe jwa pele
[fetola | Fetola Motswedi]Khoudia Diop o ne a sotliwa fa a ne a sa le ngwana ka ntlha ya mmala wa gagwe o montsho, mme fa a sena go fudugela kwa Paris a na le dingwaga di le 15, o ne a nna a atamelwa ke batsayaditshwantsho ba ba neng ba mo akantsha gore a nne mmotlelara. Kwa tshimologong, Khoudia o ne a sa kgatlhege ka gonne o ne a batla go ithuta pele mme o ne a tshogile ka gonne o ne a sa itse gore o tsena mo go eng.[4][5]
O ne a ipitsa "Melanin Goddess" (a bua ka letlalo la gagwe le lentsho) go supa fa a le motlotlo ka tebego ya gagwe. [6][1][2]
Tiro ya gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Khoudia o simolotse tiro ya gagwe ya go nna mmotlelara a le dingwaga di le 17, ka maikaelelo a go fetola tsela e batho ba lebang "bontle" ka yone mo madirelong a bontle ka go rotloetsa batho go itshepa ka tsela e ba lebegang ka yone, segolobogolo ka go nna motswedi wa tlhotlheletso mo basetsaneng.[7] "Ke batla go rotloetsa basetsana ba bannye le go ba itsise gore rotlhe re medimo ya sesadi ka fa teng le ka fa ntle".[8]
Ka 2016 o ne a fudugela kwa New York City go ya kwa kholetšheng mme a tuma thata mo Instagram ka ntlha ya se se neng se tlhalosiwa jaaka "sefatlhego sa gagwe se se kgethegileng le se sentle". [4] [9] [10] [11] O ne a tswa mo go 300 go ya go 350 000 ya balatedi mo Instagram mo malatsing a le mmalwa fela. Ka 2017 o ne a tlhagelela mo letsholong la papatso la French cosmetics brand Make Up For Ever.[ 1]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi][1] Brown, Nikki (24 March 2017). "Model Khoudia Diop aka 'Melanin Goddess' Has Some Very Good Advice For Her Younger Self". Essence Magazine. Retrieved 13 July 2019.
[2] Mosley, Holly (6 November 2018). "True Beauty: 13 Models Who Are Beacons for Diversity". Female First. Retrieved 13 July 2019.
[3] Diop, Khoudia (9 March 2017). ""I Want to Show Girls It's Not Bad to Be Dark—Different Is Beautiful"". Glamour. Retrieved 10 September 2019.
[4] Gharib, Malaka (20 November 2016). "How Khoudia Diop Learned To Love Her Dark Skin". NPR. Retrieved 15 April 2017.
[5] Nast, Condé (2017-03-09). ""I Want to Show Girls It's Not Bad to Be Dark—Different Is Beautiful"". Glamour.
[6] Green, Lindsay (15 November 2016). "Model Khoudia Diop Spills Her Makeup Tips for Dark Skin Tones". Allure. Retrieved 15 April 2017.
[7] "#NBCBLK28: Khoudia Diop: Melanin Goddess Redefining Beauty Standards". NBC News. 2017-02-17.
[8] Nast, Condé (2016-10-28). "Meet the 19-Year-Old "Melanin Goddess" Instagram Is Obsessed With". Glamour.
[9] Bennett, Alexis (28 October 2016). "Meet the 19-Year-Old 'Melanin Goddess' Instagram Is Obsessed With". Glamour. Retrieved 15 April 2017.
[10] Abou-Sabi, Kenzi (2 February 2017). "NBCBLK28: Khoudia Diop: The Model Redefining Beauty Standards". NBC News. Retrieved 15 April 2017.
[11] Jamshed, Zahra (29 November 2016). "The 'Melanin Goddess': Meet the Model Whose Skin Tone Made Her a Social Media Sensation". CNN Style. Retrieved 15 April 2017.