Khuli Chana
Khulane Morule (o tshotswe ka Phatwe a le masome mabedi le bosupa, 1982), yo o itsegeng thata ka leina la gagwe la serala Khuli Chana, ke moopedi wa mmino wa Motswako wa Aforika Borwa.
Ka ngwaga wa 2014, o ne a golola pina ya gagwe e e bidiwang Hape Le Hape 2.1 e e neng e na le Da L.E.S le Magesh. Ka Lwetse wa ngwaga, o ne a golola bidio ya pina e le nngwe e e bidiwang Never Grow Up.
Botshelo le tiro ya gagwe ya bogologolo
[fetola | Fetola Motswedi]Morule o tsholetswe kwa Mmabatho, kwa Kgaolong ya Bokone Bophirima mme a simolola go repa motswako a sa le monnye.[1] E ne e le leloko la setlhopha sa mmino wa repe se se bidiwang Morafe.[2] O ne a tswelela go tsamaya a le esi, morago ga gore setlhopha sa rap se ikhutse go golola mmino e le seopo se le sengwe.[3]
Khuli Chana o ne a itsege thata morago ga go golola alebamo ya gagwe e kgolo e e atlegileng ya Motswakoriginator, e e tsenyang dipuo tsa Setswana le tsa Seesemane. Motswako ke bokopano jwa dipuo tseno ka bobedi mme modumo le setaele sa mmino o simolotse kwa Mahikeng, e leng toropo e nnye kwa Porofenseng ya Bokone Bophirima.
Ka 2014, Chana o ne a tlhophiwa go nna Motaki yo o Botlhokwa go gaisa botlhe le Bidio ya Ngwaga kwa Dietseleng tsa Hip Hop tsa Aforika Borwa tsa 2014.[4]
O kile a kopanela serala le moopedi wa Canada ebong Drake, e le ene a simololang.[5]
Khuli Chana o ne a dirisana le letshwaokgwebo la vodka la Absolut jaaka mongwe wa baemedi ba bona mo mmarakeng wa Aforika Borwa.[6]
Khuli Chana o ne a batla a bolawa fa maloko a sepodisi sa Aforika Borwa a ne a mo tsaya ka phoso e le sekebekwa mme a tswelela go thuntsha dikolo di le borobabongwe mo koloing ya gagwe.[7][8]
Botshelo jwa gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Ka ngwaga wa 2013, Khuli o ne a thuntshiwa ke mapodisi fa a le mo koloing ya gagwe ka ntlha ya go sa itse gore ke mang. Se e ne e le tshenyo e kgolo mo leineng le mo tirong ya gagwe ka go ne go na le diphopholetso ka tiragalo eo. O ne a fola ka botlalo, a phimola leina la gagwe, a rarabolola kwa ntle ga kgotlatshekelo ka R1.8 milione.[9] Khuli Chana o nyetse DJ le motho yo o tumileng mo thelebisheneng e bong Lamiez Holworthy ka 2019.[10]
Diletso
[fetola | Fetola Motswedi]Dialebamo tsa setudio
[fetola | Fetola Motswedi]- Morafe (2004)
- Motswakoriginator (2009)
- Lost in Time (2012)
- One Source (2016)
- Planet of The Have Nots (2018)
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Khuli Chana Archives". Trace TV. Archived from the original on 11 August 2022. Retrieved 27 January 2016.
- ↑ KHULI CHANA". News 24
- ↑ "Khuli Chana talks about his creative revolution". IOL SA
- ↑ The Journalist. "SA Hip Hop Awards nominees 2014"
- ↑ Marshall, Rhode. "Khuli Chana: The MotswakOriginator". Mail & Guardian. Retrieved 15 March 2019
- ↑ "CREATIVITY AWARDS FINALISTS". Ad Age
- ↑ "Rapper Khuli Chana mistakenly shot by police in South Africa". The South African. Retrieved 15 July 2018
- ↑ "Khuli Chana settles with police over shooting". ENCA. Retrieved 15 July 2018
- ↑ "SAPS must pay star R1.8m over shooting". www.iol.co.za. Retrieved 2 June 2016
- ↑ "'Khuli living it up with new bae'". dailysun.co.za. Retrieved 9 April 2019