Kido Witbooi
| Kido Witbooi | |
|---|---|
| Kgosi ya Khowesin | |
| Reign | 1805 go tsena Morule a le masome mararo le motso |
| Successor | Moses Witbooi |
| Tsalo | 1780 Pella, Aforika Borwa |
| Leso | 1875 |
Cupido Witbooi, kgotsa Kido le Kiwitti Witbooi[1], (o o tshotsweng ka ngwaga wa 1730 a tlhokafala ka Morule a le masome mararo le motso ngwaga wa 1875) e ne e le kgosi ya ntlha[2] ya |Khowesin (Witbooi Nama), morafe wa Oorlam[3] wa Namibia.[4]
Witbooi o tsholetswe kwa Pella, kwa Aforika Borwa ka ngwaga wa 1780 kwa merafe e mentsi e mebotlana e neng e fudugetse teng go tswa Kapa mo sephatlong sa bobedi sa lekgolo la dingwaga di le lesome le borobabobedi. Rraagwe ebong Gamab, le mmaagwe U-eis, e ne e le ba merafe e e farologaneng. Ka nako ya lonyalo lwa bone, dikhansele tsa merafe di ne tsa dumalana go nna seopo sengwe, ba tsaya tshwetso ya gore morwa Gamab le U-eis wa ntlha a nne kgosi ya morafe o o kopaneng.[5] Ka jalo fa Kido a gola ka ngwaga wa 1805, dikhansele di ne tsa mo dira moteledipele wa IKhowesin.[4]
Ka fa tlase ga taolo ya gagwe, morafe o ne wa fudugela pele kwa Griqualand,[4] ka ngwaga wa 1810[6] wa tlola noka ya Orange go ya Namaqualand kwa South West Africa.[4] Ka dingwaga tsa 1850 Witbooi le morafe wa gagwe ba ne ba laleditswe go ya Windhoek ke Jonker Afrikaner.[6] Dikgosi tse dingwe tsa morafe wa Nama di ne di tshaba go berekisana le Jonker Afrikaner le Kido Witbooi, botlhe ba ne ba ratelwa botlhale jwa bone, ba ne ba tlaa nyenyafatsa taolo ya bone mo South West Africa. Kgosi Hendrik Hendriks o ne a romela molaetsa kwa go kgosi Oaseb wa Khai||Khaun a mo kopa go emisa Kido. Fa Oaseb a fetola, go ne go sena ope mo morafeng oo o a neng a itse go bala. Kido o ne a tlola melelwane yoo mebedi a sa kganelwe ke sepe a goroga ka 1863, a bitsa lefelo leo Gibeon.[4]
Kido Witbooi o tlhokafetse ka Morule a le masome mararo le motso ngwaga wa 1875. O ne a nyetse |Gabes le IU-khoms. O ne a na le bana ba le babedi:Johanna (a tshotswe ka 1968) le Moses Witbooi (a tshotswe ka 1808) o a neng a mo tlhatlhama go nna kgosi wa |Khowesin.[4] Gibeon ke legae la merafe ya Witbooi Nama fa e sale jalo.[6]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Witbooi, Hendrik. "Die dagboek van Hendrik Witbooi, Kaptein van die Witbooi-Hottentotte 1884–1905" [The diaries of Hendrik Witbooi, Chief of the Witbooi Hottentots 1884–1905] (in Afrikaans). Digitale Bibliotheek voor de Nederlandse Letteren. Retrieved 03 October 2025.
- ↑ Tonchi, Victor L; Lindeke, William A; Grotpeter, John J (2012). Historical Dictionary of Namibia. Historical Dictionaries of Africa, African historical dictionaries (2 ed.). Scarecrow Press. ISBN 9780810879904.
- ↑ Dedering, Tilman (1997). Hate the old and follow the new: Khoekhoe and missionaries in early nineteenth-century Namibia. Vol. 2 (Missionsgeschichtliches Archiv ed.). Franz Steiner Verlag. pp. 59–61. ISBN 978-3-515-06872-7. Retrieved 03 October 2025.
The remaining two Oorlam groups, the Berseba people and the Witboois
- 1 2 3 4 5 6 Dierks, Klaus. "Biographies of Namibian Personalities, W". Retrieved 03 October 2025.
- ↑ "Securing the right to the land 1806–1873". Annals of the South African Museum. 109–110: 23. 2003. ISBN 9780868131825.
- 1 2 3 Tonchi, Lindeke & Grotpeter 2012, p. 472.