Jump to content

Kitsiso ya Kgololesego

Go tswa ko Wikipedia

Kitsiso ya Kgololesego e ka semmuso e leng Kitsiso 95 (Proclamation 95),[1][2] e ne e le kitsiso ya ga tautonna le taelo ya khuduthamaga e e neng ya ntshiwa ke tautona wa Amerika Abraham Lincoln ka Firikgong a rogwa ka 1863, ka nako ya Ntwa ya Selegae ya Amerika. Kitsiso eno e ne ya fetola maemo a semolao a batho ba ba fetang didikadike di le tharo le sephatlo tsa MaAforika a Amerika ba ba neng ba le mo bokgobeng kwa dinageng tse di neng di batla go ipusa tsa Confederate go tswa mo bokgobeng go ya mo kgololesegong. Fela fa makgoba a sena go falola taolo ya beng ba one, e ka tswa e le ka go tshabela kwa melelwaneng ya Union kana ka go tlhaselwa ke masole a puso, a ne a gololesega ka bosakhutleng. Mo godimo ga moo, Kitsiso eno e ne e letla batho ba e kileng ya bo e le makgoba gore ba "tsene mo sesoleng sa Amerika". Kitsiso ya Kgololesego e ne ya nna le seabe se segolo mo go fediseng bokgoba kwa Amerika.

Ka Lwetse a le masome mabedi, 1862, Lincoln o ne a ntsha Kitsiso ya Kgololesego ya pele.[3] Temana ya yone ya boraro e simolola ka go re:

Gore ka letsatsi la ntlha la Firikgong mo ngwageng wa Morena wa rona, sekete le makgolo a robabedi le masome a marataro le boraro, batho botlhe ba ba tshwerweng e le makgoba mo kgaolong nngwe le nngwe kgotsa karolo e e tlhomilweng ya lefatshe, batho ba ba tla bong ba tsuologelaamerika, ba tla bo ba gololesegile ka bosakhutleng.

Ka Firikgong a rogwa, 1863, Lincoln o ne a ntsha kitsiso ya bofelo ya Kgololesego.[4] E ne ya re:

Nna, Abraham Lincoln, Tautona wa Amerika, ka ntlha ya maatla a ke a abetsweng jaaka Molaodi-Mogolo, wa Sesole le Sesole sa Lewatle sa Amerika ka nako ya botsuolodi kgatlhanong le bolaodi le puso ya Amerika, le jaaka kgato ya ntwa e e siameng le e e tlhokegang ya go gatelela botsuolodi jono, ke ... Laela le go tlhoma jaaka Dikgaolo le dikarolo tsa Dikgaolo tse mo go tsone batho ba tsone ka go latelana, ba leng mo botsuoloding gompieno, kgatlhanong le United States, tse di latelang, e leng:

Lincoln o ne a bo a kwala lenaane la dikgaolo tse di lesome[5] tse di neng di santse di le mo botsuoloding, a sa akaretse dikarolo tsa dikgaolo tse di ka fa tlase ga taolo ya Union, mme a tswelela jaana:

Ke laela le go bolela gore batho botlhe ba ba tshwerweng jaaka makgoba mo teng ga Dikgaolo tse di tlhomilweng tse di boletsweng, le dikarolo tsa Dikgaolo, ba, mme go tloga jaanong ba tla gololesega. ... Batho bao ba ba mo seemong se se tshwanetseng, ba tla amogelwa mo tirelong ya sesole ya Amerika. ... Mme mo tirong e, e e dumelwang ka boammaaruri gore ke tiro ya tshiamiso, e e tlhomamisitsweng ke Molaomotheo, mo tlhokegong ya sesole, ke bitsa katlholo e e akanyetsang ya batho, le kamogelo ya bopelotlhomogi ya Modimo Mothatayotlhe.

Kitsiso e ne e tlamela gore lekala la khuduthamaga, go akaretsa le sesole le sesole sa lewatle, "le tla lemoga le go tshegetsa kgololesego ya batho ba ba boletsweng".[6] Le fa e ne e akaretsa dikgaolo tse di neng di sa tsuologe, gammogo le dikarolo tsa Louisiana le Virginia tse di neng di le ka fa tlase ga taolo ya Union,[7] e ne e sa ntse e dira mo bathong ba ba fetang didikadike di le tharo le sephatlo mo bathong ba le didikadike di le nne ba ba neng ba le makgoba mo lefatsheng. Go lekana le palo e e ka nnang ka 25 000 go ya go 75 000 ba ne ba gololwa ka bonako mo dikgaolong tsa Confederacy kwa sesole sa Amerika se neng se setse se le teng. E ne e ka se ka ya tsenngwa mo tirisong mo dikgaolong tse di sa ntseng di le mo botsuoloding,[7] fela, jaaka sesole sa Union se ne se tsaya taolo ya dikgaolo tsa Confederate, Kitsiso e ne ya neelana ka thulaganyo ya semolao ya kgololo ya makgoba a a fetang didikadike di le tharo le sephatlo mo dikgaolong tseo kwa bokhutlong jwa ntwa. Kitsiso ya Kgololesego e ne ya galefisa basweu ba kwa Borwa le batshegetsi ba bone, ba ba neng ba e bona e le tshimologo ya ntwa ya semorafe. E ne ya nonotsha batho ba Yuropa ba ba neng ba batla go tsenelela go thusa Confederacy.[8] Kitsiso e ne ya tlhatlosa mowa wa Ma-Aforika a Amerika, ba ba gololesegileng le ba ba neng ba le makgoba. E ne ya rotloetsa batho ba le bantsi go tswa mo bokgobeng mme ba tshabele kwa Union Lines, kwa ba le bantsi ba neng ba tsenela Union Army.[9] Kitsiso ya Kgololesego e ne ya nna tokomane ya ditso ka gonne "e ne e tla tlhalosa sesha Ntwa ya Selegae, go e fetola [kwa Bokone] go tswa mo kgaratlhong ya go boloka Kopano go ya go e e tsepameng mo go fediseng bokgoba, le go tlhoma tsela e e tlhomameng ya gore setshaba se tla bopega jang morago ga kgotlhang eo ya ditso eo."[10]

Kitsiso ya Kgololesego ga e ise e ko e gwetlhiwe kwa kgotlatshekelong. Go tlhomamisa gore bokgoba bo a fedisiwa mo U.S. yotlhe, Lincoln o ne a gatelela gape gore dithulaganyo tsa go Aga Sesha tsa dikgaolo tsa Borwa di tlhoka gore di tlhome melao e e fedisang bokgoba (e e neng ya direga ka nako ya ntwa kwa Tennessee, Arkansas le Louisiana); Lincoln o ne a kgothaletsa dikgaolo tse di mo melelwaneng go amogela go fedisiwa ga bokgoba (e e neng ya direga ka nako ya ntwa kwa Maryland, Missouri le Virginia Bophirima) mme a kgaratlhela gore go fetisiwe Phetolo ya bolesome le boraro. Senate e ne ya fetisa Phetolo ya bolesome le boraro ka tlhopho e e tlhokegang ya peditharong ka Moranang a robabobedi, 1864; Ntlo ya Baemedi e ne ya dira jalo ka Firikgong a le masome mararo le motso, 1865; mme dikarolo tse tharo tsa bone tse di tlhokegang tsa dikgaolo di ne tsa e amogela ka Sedimonthole a le malatsi a marataro, 1865. Phetolo e ne ya dira gore bokgoba le bokgoba jwa pateletso di se ka tsa dumalana le molaomotheo, "ntle le fa e le kotlhao ya bosenyi".[11]

Abraham Lincoln
  1. "Proclamation 95—Regarding the Status of Slaves in States Engaged in Rebellion Against the United States [Emancipation Proclamation] | The American Presidency Project". presidency.ucsb.edu. Archived from the original on December 18, 2021. E nopotswe ka kgwedi ya Seetebosigo e le malatsi a mane ka 2025.
  2. Harward, Brian (2020). The Presidency in Times of Crisis and Disaster: Primary Documents in Context. Santa Barbara, California: ABC-Clio. p. 228. ISBN 978-1-44-087088-0. Archived from the original on April 23, 2022. E nopotswe ka kgwedi ya Seetebosigo e le malatsi a mane ka 2025.
  3. Text of Preliminary Emancipation Proclamation E nopotswe ka kgwedi ya Seetebosigo e le malatsi mane ka 2025.
  4. Text of Emancipation Proclamation E nopotswe ka Seetebosigo a le malatsi mane ka 2025.
  5. Eleven states had seceded, but Tennessee was under Union control. E nopotswe ka kgwedi ya Seetebosigo e le malatsi a le mane ka 2025.
  6. Dirck, Brian R. (2007). The Executive Branch of Federal Government: People, Process, and Politics. ABC-CLIO. p. 102. ISBN 978-1851097913. The Emancipation Proclamation was an executive order, itself a rather unusual thing in those days. Executive orders are simply presidential directives issued to agents of the executive department by its boss.E nopotswe ka kgwedi ya Seetebosigo e tlhola malatsi a le mane ka 2025.
  7. 7.0 7.1 Davis, Kenneth C. (2003). Don't Know Much About History: Everything You Need to Know About American History but Never Learned (1st ed.). New York: HarperCollins. pp. 227–228. ISBN 978-0-06-008381-6. E nopotswe ka kgwedi ya Seetebosigo e le malatsi a mane ka 2025.
  8. Allan Nevins, Ordeal of the Union, vol. 6: War Becomes Revolution, 1862–1863 (1960) pp. 231–241, 273
  9. Jones, Howard (1999). Abraham Lincoln and a New Birth of Freedom: The Union and Slavery in the Diplomacy of the Civil War. University of Nebraska Press. p. 151. ISBN 0-8032-2582-2. E nopotswe ka Seetebosigo a le malatsi a mane ka 2025.
  10. "Emancipation Proclamation". History. January 6, 2020. Archived from the original on January 21, 2021. E nopotswe ka kgwedi ya Seetebosigo e le malatsi a mane ka 2025.
  11. "13th Amendment to the U.S. Constitution". The Library of Congress. E nopotswe ka Seetebosigo e le malatsi a mane ka 2025.