Jump to content

Klein Windhoek

Go tswa ko Wikipedia
Toropo ya Kelin Windhoek (ka serolwana) Windhoek

Klein Windhoek (kgotsa Little Windhoek ka puo ya se jeremane) ke lefelo la bonno la maemo a a fa godimo kwa Windhoek, toropokgolo ya Namibia.

Motlhotlhomisi wa Britain, James Alexander o ne a setse a etetse lefelo le ka ngwaga wa 1837. Klein Windhoek ke bontlha jwa toropo jo bogologolo thata, e agilwe ka 1840 ke Jonker Afrikaner le setlhopha sa gagwe sa 800-strong. O ne a kopile ditirelo tsa morongwa,mokgatlho wa Rhenish wa aga ntlo ya ntlha mo kgaolong ngwaga eo. Ka ngwaga wa 1842, barongwa Carl Hugo Hahn le Franz Heinrich Kleinscmidt ba ne ba bereka koo. Ba ne ba bitsa lefelo Elbeerfeld, mme leina la Jonker Afrikaner ke lone le neng la fenya. Barongwa ba Wesleyan ba ne ba tsaya tiro e ka 1844. [1]

Ka 1896, barongwa ba kereke ya Roma ba ne ba goroga. Ba ne ba reka lefatshe la Rhenish Missionary ba le fetola go nna tshimo ya ditlhare tsa maungo le ya moretlwa.[1]

  1. 1 2 Tonchi, Victor L; Lindeke, William A; Grotpeter, John J (2012). Historical Dictionary of Namibia. Historical Dictionaries of Africa, African historical dictionaries (2 ed.). Scarecrow Press.ISBN 9780810879904.