Jump to content

Koitalel Arap Samoei

Go tswa ko Wikipedia
Orkoiyot
Koitalel arap Samoei
Maotiot
Kgosikgolo ya morafe wa Nandi
In office
1890  Phalane a le lesome le borobabongwe ngwaga wa 1905
Pele Ga GagweKimnyole arap Turukat
Morago Ga GagweKipeles arap Kimnyole
Ka Ga Ena
O tsetswepele ga ngwaga wa 1860
Samitui, kwa kgaolong ya botlhopi ya Aldai, kwa kgaolong ya Nandi
O TlhokafetsePhukwi a rogwa ngwaga wa 1860
Ketbarak, kwa dithabeng tsa Nandi, kwa Kenya

Koitalel arap Samoei ( o o tshotsweng pele ga ngwaga wa 1860 - a tlhokafala ka Phalane a le lesome le borobabongwe ngwaga wa 1905) e ne e le moeteledipele wa sedumedi le sesole o a neng a eteletse pele batho ba morafe wa Nandi go tswa ka 1890 go fitlhelela a bolawa ka ngwaga wa 1905. Baeteledipele ba ba neng ba bidiwa Orkoiyot ba ne ba na le seabe se se faphegileng mo bathong ba Nandi le Kipsigi ba kwa Kenya. O ne a tshwere maemo a mabedi a go nna kgosi wa semoa le moeteledipele wa sesole, ebile a na le thata ya go tsaya ditshwetso mabapi le dikgang tsa tshireletso bogolo jang ka ntwa le go buisana ka kagiso. Koitalel e ne e le kgosikgolo wa batho ba morafe wa Nandi ba Kenya. O ne a eteletse pele kganetso ya Nandi kgatlhanong le babusi ba dikolone ba Britain.

Botshelo jwa gagwe a sale mmotlana

[fetola | Fetola Motswedi]

Koitalel Smoei o tshotswe ke Kimnyole arap Turukat kwa Samitui kwa Aldai. E ne e le ngwana wa mosimane wa bone mo baneg ba basimane ba le batlhano (Siratei arap Simbolei e ne e le ngwana wa mosimane wa bofelo wa ga Kimnyole) e lewa setlhopha sa dingwaga tsa Kaplelach tsa Nandi. Go bolelwa fa a ne a le gaufi thata le rraagwe ebile a supa bokgoni jwa go tlhaloganya ditshupeto tsa seporofeti.

Kimnyole, o go bolelwang a bonetse pele loso lwa ga Koilatel, go bolelwa fa a ne a bitsa barwa ba gagawe ba batlhano ka a ne a bonela pele loso lwa gagwe lo atumela a ba kopa go buisa ditee tsa ngwao mo nkgwaneng. Samoei, fa a sena go okomela mo nkgwaneng, o ne a ntsha tšhaka ya gagwe go supa go nna kgatlhanong ka a ne a bonetse pele go tla ga batho ba Yuropa.

Kimnyole o ne a lemoga diphatsa mo bopelokgaleng jwa morwa wa gagwe, ebile a tshwenyega ka tshireletsego ya gagwe, o ne a romela bomorwarraagwe ba le bararo go nna le batho ba Kipsigi fa Samoei a ne a kopiwa go ya go nna le batho ba morafe wa Tugen.[1]

Go tlhatloga maemo

[fetola | Fetola Motswedi]
Koitalel arap Samoei Mausoleum le mabolokelo a ditso a dithaba tsa Nandi, kwa Kenya

Morago ga loso lwa ga Kimnyole, lekgamu la batho ba Nandi le ne la bitsa Koitalel o a neng a setse a tshabetse kwa bathong ba morafe wa Keiyo.[2] Mogolowe Koitalel ebong Kipchomber arap Koilege le ene o ne a supa fa bogosi jwa Nandi bo mo lebagane, se sa baka kgotlhang ya tlhatlologano ya bogosi. Makgamu a ne a nna teng mo bobeding joo, mme ga nna le dintwa tse dipotlana gareng ga baema nokeng ba bone, mme se se ne sa seka sa nna ntwa. Kgotlhang e ne ya fela ka phenyo ya Kipchomber Arap Koilege ka ngwaga wa 1895, morago a siela kwa Kipsigi le baema nokeng ba gagwe, a nna moeteledipele wa ntlha wa morafe wa Kipsigi.[3]

Koitalel o ne a tlhatlhama rraagwe;[4] a dirwa moeteledipele ka ngwaga wa 1895.[5]

Fa puso ya Britain ya bokolone e simolola go aga seporo sa Uganda go ralala lefelo la morafe wa Nandi, Koitalel o ne a etelela pele letsholo la dingwaga di le lesome le motso kgatlhanong le seporo.

Go fedisa kganetso, moeteledipele wa kitso ya sephri o o latlhegetsweng ke tlotlo Richard Meinertzhagen o ne a laletsa Koitalel go ya bokopanong jwa kagiso morago ga go etelela pele tsuologo kgatlhanong le tlhaselo ya bokolone ya morafe wa Nandi. Bokopano jwa kagiso bo ne bo tshwanetse go tshwarwa ka nako ya lesome le motso mo mosong ka Labone, Phalane a le lesome le borobabongwe ngwaga wa 1905. A akanyetsa gore o tlaa bolaiwa jaaka rraagwe Kimnyole a ne a boletse pele, Samoei o ne a laela Meinertzhagen go tla le bapati ba le batlhano go mo kopantsha kwa Ketbarak (kwa e leng Nandi Bears Club gompieno.) Samoei o ne a tshwanetse go tla le batho ba ba bonelang pele ba le batlhano.[5]

Le ntswa ba ne ba dumalane, Meinertzhagen o ne a gwanta go tswa maemelong a dikepe a kwa Kaptumo a na le banna ba tshotse dibetsa ba le masome a robabobedi, ba le masome a supa le botlhano ba ne ba iphitlha gaui le lefelo la bokopano. Go bolelwa fa eriele Koitalel a isa letsogo la gagwe go dumedisa Meinertzhagen, a ne a mmolaya a mo thuntsha segautshwane. Morago ga foo, go bolelwa fa a ne a kgaola ditokololo tsa ga Koitalel a romela ditokolo tse dingwe tsa gagwe kwa England.[6] Se se ne sa baka phelelo ya kganetso ya Nandi ka potlako.[5] Pele, Meinertzhagen o ne a kgona go fitlhela babusi ba dikolone se a se dirileng, a akgolelwa tiragalo e. Mme erile morago dikgang tsa se se diragetseng di sena go itseewe, Meinertzhagen o ne a re o ne a itshereletsa fa a botsolosiwa, mme ya re a sena go botsolosiwa la boraro, o ne a gololwa ke ofisara William Manning. Le fa go ntse jalo, kgatelelo go tswa mo lephateng la dintwa la bokolone e ne ya dira gore Meinertzhagen a ntshiwa kwa Aforika.

Go tlhatlhama

[fetola | Fetola Motswedi]

O ne a tlhatlhamiwa ke mogolowe Kipeles arap Kimnyole (Tamasun),[7] fa ngwana wa gagwe wa mosimane Barsirian arap Manyei (o o tshotsweng ka 1894) , a tlaa nna moeteledipele wa Nandi go tswa ka ngwaga wa 1919 go tsena 1922 fa a ne a tshwerwe ke ke puso ya Britain ya bokolone. Barsirian o ne a seka a gololwa go fitlhelela ka ngwaga wa 1964, morago ga boipuso, se se raya gore ke ene lepolotiki le le kileng la tshwarwa le le busitseng ka lobaka mo ditsong tsa Kenya. [5]

Koitalel o ne a dirwa mogaka wa lefatshe mo setšhabeng sa Kalenjin. Koitalel arap Samoei o ne a direlwa letlapa kwa dithabeng tsa Nandi kwa Kenya.[5] Kago ya sekolo se segolwane sa ithutelo ditiro sa Koitaleel Arap Samoei ke puso e berekisana le sekolo se segolwane sa ithutelo ditiro sa Nairobi e tsweletse kwa Mosoriot le dithaba tsa Nandi kwa Kenya. Sekolo se sebotlana sa Koitaeel Samoei Secondary se se kwa toropong ya diithaba tsa Nandi se biditswe jaaka ene go ikgopotsa boeteledipele jwa gagwe.

Ditshedimosetso tse dingwe

[fetola | Fetola Motswedi]
  1. The Standard, October 19, 2013; Too., T., Koitalel Samoei: Nandi legend who fought colonialists.
  2. The Standard, October 19, 2013; Too., T., Koitalel Samoei: Nandi legend who fought colonialists.
  3. Arap Lagat, A.K, The Historical Process of Nandi Movement into the Uasin Gishu District of the Kenya Highlands: 1906-1963., University of Nairobi, 1995
  4. Kalenjin Online. Talai Family and Koitalel arap Samoei
  5. 1 2 3 4 5 EastAfrican, December 5, 2008: Murder that shaped the future of Kenya
  6. "Forgotten History: Kenya's Koitalel arap Samoei". Boxscore.
  7. Hollis A.C, The Nandi - Their Language and Folklore. The Clarendon Press, Oxford, 1909, p. 50