Kokelo ya Molepolole (Scottish Livingstone)

Go tswa ko Wikipedia
Scottish Livingstone Hospital


Kokelo ya Scottish Livingstone, e e itsegeng e le kokelokgolo ya Molepolole, ke kokelo ya kgaolo ya ga goromente e e mo Molepolole, mo lefatsheng la Botswana, e eleng dikhilomethara di le masome a marataro (60 km) metsotso e le masome a mararo le bosupa(37 mi) go tswa Gaborone.

Ditso[fetola | Fetola Motswedi]

Kokelo ya Scottish Livingstone

Kokelo e e agilwe ka ngwaga wa 1993 ke kereke ya United Free Church of Scotland. Se ne sa bulwa mo ngwageng e e latelang kgwedi ya Lwetse e tlhola malatsi a le mararo, Ngaka Sheppard e ne e le ngaka ya ntlha. Ka nako eo, sepatela se ne se na le malao a le masome a mabedi (20) fela.[1]

Ditlamelo[fetola | Fetola Motswedi]

Ka go leka go lwantshana le segajaja sa HIV/AIDS, goromente o ne a bula kago e ngwe e e ntsha ya sepatela ka Ngwanatsele ngwaga wa 2007.[2] Kago e ntsha e, e ne ya agiwa ke Arup, e neng e tshwere malao a le makgolo a mararo le botlhano (350) gammogo metlhale ya itsidifatso le ikgotetso.[3]

Mantlwana a sepatela a e leng one a Infections Disease Care Clinic a a abang dibolaa mogare. Bontsi ja dingaka di bua puo ya Sekgoa fela ha balwetsi ba bua puo ya Setswana nako e ntsi. Ka jalo ditirelo tsa botsogo di nna di fiwa ka thuso ya moranodi. Dipalo tsa dingaka le bolengteng jwa di dirisiwa ga di lekane. Go na le motshine wa ekeserei o le mongwe le tidima serei e se yo. Dinako tsa go emela go bona ngaka le lephata la obstetrics le nna dirisiwa ke ba bongaka jwa pelegi.[2]

Bona gape[fetola | Fetola Motswedi]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. 1. "District Hospitals". Ministry of Health. Archived from the original on 7 May 2013. Retrieved 06 November 2022.
  2. 2.0 2.1 2.Lockman, Shahin; Plank, Rebeca. "Scottish Livingstone Hospital" (PDF). Brigham and Women's Hospital. Archived from the original (PDF) on 24 October 2013. Retrieved 06 November 2022.
  3. 3."Scottish Livingstone Hospital". Arup. Archived from the original on 22 September 2013. Retrieved 06 November 2022.

Dipadi tse dingwe[fetola | Fetola Motswedi]