Kopo maitshwarelo ya mafatshe a Aforika ka go gweba ka makgoba kwa nokeng ya Atlantic
Kgwebo ya makgoba ya Atlantic e ne akaretsa go patelediwa go fuduga ga didikadike tsa batho ba Aforika go ya lefatsheng le lešha, gantsi baeteledipele le merafe ya Aforika e na le seabe mo go seo. Batho ba europe ba ne ba bereka le baeteledipele ba Aforika le bagwebi go tshwara le go isa didikadike tsa batho ba Aforika kwa dipolasing tsa bokgoba kwa mafatshing a America. Merafe e le mentsi ya Aforika e ne e na le dipoelo tsa madi le tsa sepolotiki mo thekisong e, e e neng e akaretsa go reka dithoto jaaka ditlhobolo, matsela le bojalwa ka matshelo a batho. Mo dingwageng di sekae tse di fetileng, mafatshe mangwe a Aforika le batho ba ba ikemetseng ka nosi ba ne ba ikopa maitshwarelo semmuso kgotsa ba isa maikotlhao go bo borrabonemogolo ba nnile le seabe mo thekisong e.[1]
Kopo Maitshwarelo
[fetola | Fetola Motswedi]Benin
[fetola | Fetola Motswedi]Ka ngwaga wa 2000, tautona wa kwa Benin Mathieu Kérékou o ne a ikopa maitshwarelo go bo lefatshe la Benin mo ditsong le tsere karolo mo thekisong ya makgoba kwa Atlantic fa lefatshe leo le ne le bidiwa bogosi jwa Dahomey.[1] Baeteledipele ba kwa Benin ba ne ba tsaya loeto go ya kwa Virginia le Washington D.C kwa United States go baya kopo maitshwarelo a gagwe mo mpepeneneng.[2] Lepolotiki lakwa Benin Luc Gnacadja o ne a supa gore " re lelela maitshwarelo le go agisana", a oketsa ka gore "kgwebo ya bokgoba ke matlhabisa ditlhong, mme ebile re ikopa maitshwarelo."[2]
Cameroon
[fetola | Fetola Motswedi]Ka ngwaga wa 2013, William Holland, mogwebi wa motho montsho wa kwa America ebile e le kokomane ya makgoba go tswa kwa Virginia, o ne a dira patlisiso ya ditso go latedisa lotso lwa gagwe kwa morafeng wa Oku kwa Cameroon. Holland o ne a tsaya loeto go ya kwa toropong ya Bakou kwa Cameroon, kwa kgosi ya kgotla nngwe Nkgako Ngalatchui a neng a kopa maitshwarelo semmuso go bo morafe wa Oku o ne o rekisa makgoba.[3]
Ghana
[fetola | Fetola Motswedi]Ka ngwaga wa 2006, lefatshe la Ghana le ne la itsese tiro ya Joseph, e e leng letsholo la go etleetsa bojanala le peeletso kwa Ghana mo dikokomaneng tsa batswasetlhabelo sa kgwebo ya makgoba ya kwa Atlantic. Letsholo le maikaelelo a lone e ne e le go ikopa maitshwarelo go bo lefatshe la Ghana le nnile le seabe mo thekisong ya makgoba, letsholo le le ne la fiwa leina la mogaka mo baebeleng Joseph, o o neng a rekiseditswe mo bokgobeng ke ba lolwapa lwa gagwe.[4]
Ka loeto lo tautona wa Ghana John Kufuor a neng a lo tsere go ya London, England ka ngwaga wa 2007, o ne a gana mogopolo wa gore mafatshe a Europe a tseye boikarabelo botlhe jwa kgwebo ya bokgoba, a supa fa ditlhopha dingwe tsa mo gae di ne di na le seabe. O ne a supa gore tsela nngwe le nngwe e o ka lebang kgang e ka yone, bokgoba le thekiso ya makgoba e ne e le boikepi ebile e le kgwebo ya matlhabisaditlhong le fa bo tshwantshanngwa le bosetlhogo bope fela jwa nako eo.[1]
Ka ngwaga wa 2022, Nana Obokese Ampha, kgosi wa kwa Asebu o ne a ikopa maitshwarelo a supa fa e le nako ya go bua ka se se tshwanetseng go bolelelwa lefatshe la Aforika ka bophara. "Re tshwanetse go tsaya dikgang le go amogela le go baakanya ditiro tsa rona jaaka baeteledipele ba magosi a rona ka nako ya thekiso ya makgoba kwa Atlantic, mo re go ikotlhaelang.[5]
Nigeria
[fetola | Fetola Motswedi]Ka ngwaga wa 2009, bokopano jwa ditshwanelo tsa selegae kwa Nigeria, bo eteletswe pele ke lepolotiki la kwa Nigeria Shehu Sani, bo ne jwa kopa dikgosi tsa kwa Nigeria go ikopa maitshwarelo go bo borrabonemogolo ba ne ba tsentse letsogo mo thekisong ya makgoba.[6] Bokopano jwa kwa Aro jwa bagolwane bo ne jwa gana go ikopa maitshwarelo ba supa fa ba ne ba sa ipone phoso ka se se diragetseng mo ditsong.[4]
Ka ngwaga wa 2018, kgosi Abdulrasheed Adewale Akanbi o o tshwereng maemo a Oluwu wa Iwo, o ne a kopa maitshwarelo ka seabe se malwapa a bogosi a nnileng le sone kwa Nigeria ka nako ya kgwebo ya makgoba kwa Atlantic.[7]
Dikokomane tsa ga Seriki Abass, mogwebi wa makgoba wa maemo kwa toropong ya Nigeria ya Badagry, o ne a ikopa maitshwarelo ka go gweba ka makgoba bogologolo.[8]
Uganda
[fetola | Fetola Motswedi]Ka ngwaga wa1998, tautona wa Uganda, Yoweri Museveni o ne a supa mo puisanong gore ga a ka ke a batla kopo maitshwarelo go tswa mo go tautona wa United States wa nako e o Bill Clinton ka nako e Clinton a neng a etetse mo Aforika. Museveni o ne a supa fa dikgosi tsa Aforika e ne e le bone ba ba neng ba kgotlhetsa ntwa ka go tshwara batho ba bone ba ba rekisa. Fa go na le o o tshwanetseng go ikopa maitshwarelo ke dikgosi tsa Aforika. Re santse re na le batsietsi bao le gompieno.[9]
Kanngwaga wa 2023, Museveni o ne a ntsha kopo maitshwarelo semmuso, ya kgwebo ya kwa Atlantic ya bokgoba.[10]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 3 Holsey, Bayo (2011). "Owning Up to the Past?". Transition (105): 74–87. doi:10.2979/transition.105.74. JSTOR 10.2979/transition.105.74.
- 1 2 "BENIN OFFICIALS APOLOGIZE FOR ROLE IN U.S. SLAVE TRADE". Chicago Tribune. 1 May 2000.
- ↑ Boyle, Alan (27 October 2013). "Genetic quest leads to African apology for role in slave trade". NBC News.
- 1 2 Johnson, Theodore R. (6 August 2014). "How to Apologize for Slavery". The Atlantic.
- ↑ "Ghana and Other African Nations Who Enslaved and Sold Blacks to Europeans to Formally Apologize". Black Enterprise. 25 September 2022.
- ↑ Smith, David (18 November 2009). "African chiefs urged to apologise for slave trade". The Guardian.
- ↑ Oluwole, Josiah. "Nigerian monarch apologises for traditional rulers' participation in slave trade".
- ↑ University of Glasgow - Schools - School of Humanities | Sgoil nan Daonnachdan - Research in the School of Humanities - History Research - History Summer Reading Suggestions - Whyte - Slave trade". www.gla.ac.uk.
- ↑ Don't apologize, African tells Clinton". Tampa Bay Times.
- ↑ Abdur-Rahman, Nahlah (16 July 2023). "President Of Uganda Officially Apologizes For Role In Slave Trade". Black Enterprise.