Kovambo Nujoma
Kovambo Theopoldine Katjimune Nujoma (o a neng a fana ka Mushimba pele; a tshotse ka Mopitlo a le lesome ngwaga wa 1933) ke mopolotiki le mohumagadi wa pele wa kwa Namibia.[1]
Nujoma, o e leng motlholagadi wa ga tautona wa pele Sam Nujoma, e ne e le mohumagadi wa ntlha wa Namibia dingwaga di le lesome le botlhano go simolola lefatshe le le simololwa ka 1990 go tsena 2005. O filwe leina la mmaarona.
Botshelo jwa gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Nujoma o tsholetswe kwa Windhoek ka Mopitlo a le lesome ngwga wa 1933,[2] e le morwadia Johannes le Kandorera Mushimba. Batsalwa le ene ba akaretsa Aaron Mushimba, mogwebi le molwela boipuso jwa Namibia wa SWAPO.[3]
O ne a nyalwa ke Sam Nujoma ka Motsheganong a le malatsi a marataro ngwaga wa 1956.[4] Ba ne ba na le bana ba le bararo ba basimane le mosetsana a le nosi: Utoni Daniel (o o tshotsweng ka 1952), John Ndeshipanda (o o tshotsweng ka 1955 a tlhokafala ka 1993),[5] Sakaria "Zacky" Nujoma (o o tshotsweng ka 1957) le Nelago Nujoma (o o tshotsweng ka 1959), o o tlhokafetseng a le digwedi di le lesome le borobabobedi fa monna wa gagwe a ne a tshabile.[1]
Ka 1960, ka puso ya Aforika Borwa, Nujoma o ne a tshwerwe mme a le mo ntlong le monnawe Aaron Mushimba. O ne a lebisiwa molato fa monna wa gagwe a ne a tshabetse kwa Angola ka 1960, wa go rulaganya go mo latela kwa Angola ka jalo o ne a tlhaselwa ke masole a Aforika Borwa ba ba neng ba leka go mo gwetlha go bolaya monna wa gagwe.[6]
Kovambo Nujoma o ne a nna mohumagadi wa ntlha wa Namibia fa lefattshe leo le tsaya boipuso ka Mopitlo a le amsome mabedi le motso ngwaga wa 1990. O nnile mohumagadi magato a le mararo, go fitlhelela tautona Sam Nujoma a ithola marapo ka mopitlo a le masome mabedi le motso ngwaga wa 2005.
Dietsele
[fetola | Fetola Motswedi]Kovambo Nujoma o ne a fiwa tlotla ya o o gaisitseng ka maemo a ntlha ka letsatsi la bagaka ka Phatwe a le masome mabedi le borataro ka 2014.[7]
Tlotla
[fetola | Fetola Motswedi]Kwa Walvis Bay, tsela e ne ya reelelwa ka ene kwa borwa bophirima jwa toropo.[8] Ntlo lohalahala kwa Windhoek le yone e reeletswe ka ene, e gompieno e bidiwang Kovambo Nujoma Community Hall.[9]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 "Biography". The Sam Nujoma Foundation. Retrieved 24 October 2025
- ↑ Gaomas, Surihe (14 March 2005). "Namibia: First Lady Celebrates 72nd Birthday". New Era. Retrieved 24 October 2025 – via AllAfrica.
- ↑ "Aaron Mushimba – struggle icon, politician and businessman (7 December 1946 – 31 August 2014)". New Era. 5 September 2014. Archived from the original on 8 September 2014. Retrieved 24 October 2025.
- ↑ Dierks, Klaus. "Biographies of Namibian Personalities, N". Retrieved 24 October 2025
- ↑ Namutewa, Tyappa (11 October 1993). "'Pakkie' laid to rest" (PDF). The Namibian. pp. 1, 3. Archived from the original (PDF) on 22 December 2022. Retrieved 24 October 2025
- ↑ Torreguitar, Elena (2009). National Liberation Movements in Office: Forging Democracy with African Adjectives in Namibia. Peter Lang. ISBN 978-3-631-57995-4 – via Google Books.
- ↑ "Namibians honoured by President". New Era. 28 August 2014. Archived from the original on 29 June 2018. Retrieved 24 October 2025
- ↑ "Kovambo Nujoma Drive, Walvis Bay". My Africa. Archived from the original on 9 January 2023. Retrieved 24 October 2025
- ↑ "Community Halls". Khomas Regional Council. Archived from the original on 24 February 2023. Retrieved 24 October 2025